Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tumelo e ka Fetola Botshelo Jwa Gago

Tumelo e ka Fetola Botshelo Jwa Gago

 Tumelo e ka Fetola Botshelo Jwa Gago

“GO KA kgonega tota gore motho a nne le boitsholo jo bo siameng kwantle ga Modimo.” Se ke se se ileng sa bolelwa ke motho mongwe yo o dumelang gore Modimo ke masaitsiweng. O ne a bolela gore o godisitse bana ba gagwe ka melao e e kwa godimo ya boitsholo, mme le bone ka go tshwana ba ile ba godisa bana ba bone ka melao e e kwa godimo jalo—botlhe ba dira seno ba sa dumele mo Modimong.

A seno se raya gore ga go tlhokege gore motho a dumele mo Modimong? Go bonala fa motho yono a ne a akanya jalo. Mme gone ke boammaaruri gore ga se gore mongwe le mongwe yo o sa dumeleng mo Modimong ke motho yo o bosula. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka “batho ba merafe” ba ba sa itseng Modimo mme le fa go ntse jalo “ba dira ka tlholego dilo tsa molao.” (Baroma 2:14) Batho botlhe—go akaretsa le ba ba dumelang gore Modimo ke masaitsiweng—ba tshotswe ba na le segakolodi. Ba le bantsi ba leka go latela se ba se bolelelwang ke digakolodi tsa bone tota le fa ba sa dumele mo Modimong yo o ba fileng boikutlo jo ba tshotsweng ka jone jwa go itse se se siameng le se se sa siamang.

Le fa go ntse jalo, tumelo e e nonofileng mo Modimong—e e theilweng mo Baebeleng—ke maatla a a nonofileng thata go tlhotlheletsa motho go dira se se siameng go feta kaelo ya segakolodi se se sa tlhotlhelediweng ke sepe. Tumelo e e theilweng mo Lefokong la Modimo, Baebele, e kaela segakolodi, e dira gore se kgone thata go lemoga se se siameng le se se sa siamang. (Bahebera 5:14) Mo  godimo ga moo, tumelo e nonotsha batho gore ba boloke ditekanyetso tse di kwa godimo fa ba lebane le kgatelelo e kgolo. Ka sekai, mo lekgolong la bo20 la dingwaga, dinaga tse dintsi di ile tsa laolwa ke mebuso ya bopolotiki e e bosula, e e neng e patelela batho ba go lebegang e ne e le batho ba ba tlotlegang gore ba dire bosetlhogo jo bo boitshegang. Le fa go ntse jalo, batho ba ba dumelang tota mo Modimong ba ile ba gana go latlha melaometheo ya bone, tota le fa se se ne se tsenya matshelo a bone mo kotsing. Mo godimo ga moo, tumelo e e theilweng mo Baebeleng e ka fetola batho. E ka golola matshelo a go bonalang a latlhegile mme ya thusa batho go tila diphoso tse di masisi. Sekaseka dikai di sekae.

Tumelo e ka Fetola Botshelo Jwa Lelapa

“Ka tumelo ya lona lo kgonne go dira se se sa kgonegeng.” Ke se se ileng sa bolelwa ke moatlhodi wa Moesemane fa a ne a ntsha katlholo malebana le go tlhokomelwa ga bana ba ga John le Tania. Fa balaodi ba simolola go utlwa ka John le Tania, ba ne ba sa nyalana mme botshelo jwa bone jwa lelapa e ne e le jo bo tlhabisang ditlhong. John yo o neng a na le bothata jwa diokobatsi le jwa go betšha, o ne a simolotse bokebekwa go duelela mekgwa ya gagwe e e leswe. O ne a sa tlhokomele bana ba gagwe le mmaabone. Ka gone, ke “kgakgamatso” efe e e neng ya direga?

Ka letsatsi lengwe, John o ne a utlwa setlogolo sa gagwe se bua ka Paradaise. E re ka a ne a kgatlhegile, o ne a botsa batsadi ba mosimane ka yone. Batsadi ke Basupi ba ga Jehofa, mme ba ne ba thusa John go ithuta ka yone mo Baebeleng. Ka bonya ka bonya, John le Tania ba ne ba simolola go nna le tumelo e e theilweng mo Baebeleng e e ileng ya fetola matshelo a bone. Ba ne ba kwadisa lenyalo la bone kafa molaong mme ba kgona go tlogela mekgwa ya bone e e leswe. Balaodi ba ba neng ba sekaseka lelapa la bone ba ne ba fitlhela sengwe se mo nakong e khutshwane e e fetileng se neng se ka lebega se ka se kgonege—lelapa le le itumetseng mo legaeng le le phepa, lefelo le le tshwanelang go godisetsa bana mo go lone. Moatlhodi o ne a nepile fa a ne a re “kgakgamatso” eno e diragetse ka ntlha ya tumelo e ntšha ya ga John le Tania.

Mosadi mongwe yo mosha yo o tswang dikilometara tse dintsintsi go tswa kwa Engelane, kwa Botlhaba jo bo Gaufi, o ne a tla tloga a nna mongwe wa dipalopalo tse di utlwisang botlhoko. O ne a ikaeletse go tshwana le dimilione tsa batho ba manyalo a bone a felelang ka tlhalo ngwaga le ngwaga. O ne a na le ngwana mme monna wa gagwe o ne a mo feta thata ka dingwaga. Ka ntlha ya seno, ba losika ba ne ba mo kgothaletsa gore a mo tlhale mme o ne a setse a simolotse go dira dithulaganyo tsa go dira jalo. Le fa go ntse jalo, o ne a ithuta Baebele le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Fa Mosupi yono a utlwa ka boemo jono, o ne a mo tlhalosetsa gore Baebele ya reng ka lenyalo—ka sekai, gore lenyalo ke mpho e e tswang kwa Modimong le gore ga se selo se se ka latlhwang motlhofo fela. (Mathaio 19:4-6, 9) Mosadi yono o ne a akanya ka gore, ‘Go a gakgamatsa gore mosadi yono, yo e leng motho o sele fela a bo a leka go boloka lelapa la rona fa batho ba ba gaufi le nna ba batla go le thuba.’ Tumelo ya gagwe e ntšha e ile ya mo thusa go boloka lenyalo la gagwe.

Dipalopalo tse di utlwisang botlhoko tse di amang botshelo jwa lelapa di amana le go senya mpa. Pego nngwe ya lekgotla la Ditšhaba Tse di Kopaneng e fopholetsa gore ngwaga le ngwaga masea a a iseng a tsholwe a a ka nnang bobotlana dimilione di le 45 a bolawa ka go senya mpa. Tiragalo nngwe le nngwe ya tsone ke masetlapelo. Kitso ya Baebele e ile ya thusa mosadi mongwe kwa Philippines gore a se ka a oketsa dipalopalo tseo.

Mosadi yono o ne a etelwa ke Basupi ba ga Jehofa, a amogela boroutšhara jwa go ithuta Baebele jwa setlhogo se se reng Modimo o Batla Gore re Direng?, * mme a simolola go ithuta Baebele. Dikgwedi di le mmalwa morago ga foo, o ne a tlhalosa lebaka. Mosadi yono o ne a imile fa Basupi ba mo etela la ntlha, mme ene le monna wa gagwe ba ne ba sweditse go bolaya ngwana ka go senya mpa. Le fa go ntse jalo, setshwantsho sa ngwana yo o iseng a tsholwe mo tsebeng ya 24 ya boroutšhara joo se ile sa ama pelo ya mosadi yono. Tlhaloso e e theilweng mo Baebeleng ya setshwantsho seo e e reng botshelo bo boitshepo ka gonne ‘Modimo ke motswedi wa botshelo’ e ile ya mo tlhotlheletsa gore a se ka a bolaya ngwana wa gagwe. (Pesalema 36:9) Gone jaanong ke mmè wa ngwana yo montle yo o itekanetseng.

Tumelo e Thusa Batho ba ba Nyadiwang

Kwa Ethiopia, banna ba babedi ba ba apereng diaparo tse di makgasa ba ile ba tla kwa pokanong ya kobamelo e e tshwarwang ke Basupi ba ga Jehofa. Fa pokano eo e fela, mongwe wa Basupi o ile a ba ikitsise ka tsela e e botsalano. Banna bano ba ne ba mo kopa gore a ba fe sengwe. Mosupi yono ga a ka a ba fa madi, go na le moo o ne a ba naya sengwe se se botoka. O ne a ba kgothaletsa gore ba nne le tumelo mo Modimong, e e leng “tlhotlhwa e kgolo thata go feta gouta.” (1 Petere 1:7) Mongwe wa bone o ne a arabela mme a simolola go ithuta Baebele. Seno se ile sa fetola botshelo jwa gagwe. Fa tumelo ya gagwe e ntse e gola, o ne a tlogela go goga, go nwa bobe le boitsholo jo bo sa siamang le go dirisa khat (setshwakgodi sengwe). O ne a ithuta kafa a ka itshedisang ka teng go na le gore a tshele ka go kopa mme gone jaanong o tshela botshelo jo bo phepa jo bo nang le bokao.

Monna mongwe wa dingwaga tse 47 kwa Italy o ne a atlholetswe dingwaga di le lesome mo kgolegelong  mme o ne a tswaletswe kwa kokelong ya puso ya tlhaloganyo. Mosupi mongwe wa ga Jehofa yo o dumeletsweng go tsena kwa ditheong tsa kgolegelo go thusa batho ka tsela ya semoya o ne a ithuta Baebele le ene. Monna yono o ne a gatela pele ka bonako. Tumelo e ne ya fetola botshelo jwa gagwe thata jaana mo e leng gore bagolegwa ba bangwe ba setse ba ya kwa go ene gore a ba fe kgakololo ya gore ba ka rarabolola jang mathata a bone. Tumelo ya gagwe e e theilweng mo Baebeleng e dirile gore a tlotliwe, a tseelwe kwa godimo le go ikanngwa ke balaodi ba kgolegelo.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana makwalodikgang a ile a bega ka dintwa tsa selegae tsa mo Afrika. Dipego tse di tshosang thata ke tsa basimanyana ba ba thapisediwang go nna masole. Bana bano ba tagisiwa ka diokobatsi, ba a sotliwa ba bo ba patelelwa go dira dilo tse di setlhogo mo go ba masika a bone gore go tlhomamisiwe gore ba ikanyega fela mo lekokong le ba le lwelang. A tumelo e e theilweng mo Baebeleng e nonofile ka mo go lekaneng gore e ka kgona go fetola matshelo a basha ba ba ntseng jalo? E ile ya kgona bobotlana mo makgetlong a le mabedi.

Kwa Liberia, Alex e ne e le mosimane wa aletara kwa Kerekeng ya Katoliki. Mme fa a le dingwaga di le 13, o ne a inaakanya le lekoko lengwe le le lwang mme a nna lesole la ngwana le le itsegeng ka ditiro tse di bosula. Gore a tle a nne pelokgale mo ntweng, o ne a tsenela boloi. Alex o ne a bona ditsala tsa gagwe tse dintsi di bolawa, mme ene o ne a falola. Ka 1997 o ne a kopana le Basupi ba ga Jehofa mme a lemoga gore ga ba mo nyatse. Go na le moo, ba ne ba mo thusa gore a ithute gore Baebele ya reng ka thubakanyo. Alex o ne a tlogela bosole. Fa tumelo ya gagwe e simolola go gola, o ne a latela taelo eno ya Baebele: “A a hularele se se bosula a ba a dire se se molemo; a a senke kagiso mme a e latelele.”—1 Petere 3:11.

Ka nako e e tshwanang, mongwe yo e kileng ya bo e le lesole la ngwana e bong Samson o ne a feta mo toropong e Alex a neng a setse a nna mo go yone. E ne e ntse e le mosimane yo o neng a opela mo khwaereng mme ka 1993 a nna lesole a bo a simolola go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang, a tsenelela mo tirisabadimong le mo boitsholong jo bo sa siamang. Ka 1997 o ne a kobiwa mo bosoleng. Samson o ne a ya Monrovia go ya go tsenelela lefapha le le kgethegileng la bopodisi fa tsala nngwe e mo tlhotlheletsa gore a ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa, mme ka ntlha ya seo, a nna le tumelo e e theilweng mo Baebeleng. Se se ile sa mo kgothatsa gore a tlogele mekgwa ya gagwe ya dikgoka. Alex le Samson ka bobedi jaanong ba tshela ka kagiso e bile ba na le boitsholo jo bo siameng. A go na le sepe fela kwantle ga tumelo e e theilweng mo Baebeleng se se ka fetolang matshelo a a ileng a senngwa go le kana kana?

Mofuta wa Tumelo e e Siameng

Tseno ke dingwe fela tsa dikai tse dintsintsi tse di ka umakiwang go bontsha maatla a tumelo ya mmatota e e theilweng mo Baebeleng. Gone mme, ga se mongwe le mongwe fela yo o bolelang gore o dumela mo Modimong yo o kgonang go tshela ka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa Baebele. Ebu, batho bangwe ba e leng balatolamodimo ba ka tswa ba tshela matshelo a a botoka go gaisa bangwe ba ba ipitsang Bakeresete. Go ntse jalo ka gonne tumelo e e theilweng mo Baebeleng e akaretsa mo gontsi go na le go bolela fela gore o dumela mo Modimong.

Moaposetoloi Paulo o ne a re tumelo ke “go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota lefa di sa bonwe.” (Bahebera 11:1) Ka jalo, tumelo e akaretsa go nna le tumelo e e nonofileng mo dilong tse di sa bonaleng—e e theilweng mo bosuping jo bo ka se kang jwa ganediwa. Segolobogolo go raya go dumela o sa belaele ka gope gore Modimo o teng, gore o a re kgatlhegela le gore o tla segofatsa batho ba ba dirang go rata ga gagwe. Moaposetoloi o ile a bolela gape jaana: “Yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba o senkang ka tlhoafalo.”—Bahebera 11:6.

Tumelo ya mofuta ono ke yone e ileng ya fetola matshelo a ga John, Tania le ba bangwe ba ba umakilweng mo setlhogong seno. E ile ya dira gore ba ikanye Lefoko la Modimo Baebele ka pelo yotlhe, gore le ba kaele go dira ditshwetso. E ile ya ba thusa gore ba ithontshe dilo dingwe ka nakwana gore ba se ka ba tsaya tsela e e monate mme e le e e sa siamang. Le mororo boitemogelo bongwe le bongwe bo ne bo farologane, otlhe a ile a simologa ka tsela e e tshwanang. Mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ile a ithuta le batho bano, mme ba ne ba bona boammaaruri jwa se Baebele e se bolelang: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le tsenya maatla.” (Bahebera 4:12) Maatla a Lefoko la Modimo a thusitse mongwe le mongwe wa batho bano go aga tumelo e e nonofileng e e ileng ya fetola botshelo jwa gagwe gore bo nne botoka.

Basupi ba ga Jehofa ba dira ka tlhagafalo mo dinageng le mo ditlhaketlhakeng tsa lewatle tse di fetang 230. Ba go laletsa gore o ithute Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne ba tlhatswegile pelo gore tumelo e e theilweng mo Baebeleng e ka kgona go dira diphetogo tse dikgolo tota le mo botshelong jwa gago.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 E gatisitswe ke Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania.

[Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Tumelo e e theilweng mo Baebeleng e fetola matshelo gore a nne botoka

 [Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Title card of Biblia nieświeska by Szymon Budny, 1572