Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE

A o Bereka Thata?

A o Bereka Thata?

A o akanya gore o bereka thata? Fa go le jalo, ga se wena fela. Makasine wa The Economist wa re “go lebega batho botlhe gongwe le gongwe ba nna ba tshwaregile.”

KA 2015 fa go botsolodiwa batho ba ba berekang letsatsi le letsatsi mo dinageng di le robedi, bontsi jwa bone bo ne jwa re go thata go dira tiro ya boitshediso le go dira ditiro tsa kwa lapeng sentle. Seo se bakwa ke go nna le maikarabelo a mantsi kwa tirong le kwa gae, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa le go fetsa diura tse dintsi kwa tirong. Ka sekai, pego nngwe ya re kwa United States badiri ba le bantsi ba fetsa diura di le 47 kwa tirong ka beke. Mo bathong bangwe le bangwe ba le batlhano, ke a le mongwe yo o neng a re o fetsa diura di le 60 kgotsa go feta kwa tirong!

Patlisiso e nngwe e e dirilweng mo dinageng di le 36 yone ya re, bontsi jwa batho ba ba botsoloditsweng ba re ba nna fela ba le mo mabelong tota le ka nako ya bone ya boikhutso! Bana le bone ba ka amega thata fa go nna go na le ditiro tse dintsi mo lapeng.

Fa re leka go dira ditiro di le dintsi mme go se na nako e e lekaneng, re ka nna ra tshwenyega mo maikutlong. Mme gone, a go a kgonega go nna tekatekano? Se re se dumelang, dilo tse re di dirang le dilo tse re batlang go di fitlhelela di botlhokwa go le kae? Sa ntlha, a re sekaseke mabaka a le manê a go bo batho ba bangwe ba bereka thata.

 1 GO BATLA GO TLAMELA BA LELAPA SENTLE

Rre mongwe yo o bidiwang Gary a re: “Ke ne ke bereka malatsi a le supa mo bekeng. Ke ne dira jalo ka gonne ka metlha ke ne ke batla go direla bongwanake sengwe se se botoka. Ke ne ke batla gore ba nne le dilo tse ke iseng ke ko ke nne le tsone.” Le fa batsadi ba na le maikaelelo a a siameng, ba tlhoka go itse gore ke dilo dife tse di tshwanetseng go tla pele. Dipego dingwe di bontsha gore bagolo le bana ba ba ratang go nna le madi a mantsi thata le go huma, ga ba a itumela, ga ba kgotsofale e bile ga ba na botsogo jo bo siameng. Ga go a nna jalo ka batho ba ba sa rateng go nna le dithoto tse dintsi.

Bana ba ba rutilweng gore go nna le dithoto go botlhokwa ga ba a itumela

Fa Batsadi ba ntse ba leka go direla bana ba bone bokamoso jo bo molemo, ba ikimetsa ka ditiro ba bo ba imetsa le bana ba bone. Buka ya Putting Family First, ya re: “Seo se dira gore bana le batsadi ba boge.”

2 GO DUMELA GO RE ‘GO BOTOKA GO NNA LE DILO TSE DINTSI’

Babapatsi ba batla gore re dumele gore re itima monate fa re sa reke dilo tsa bone tsa bosheng. Makasine wa The Economist wa re batho ba dirisa nako e nnye e ba nang le yone “ba sa itse gore ba reke eng kgotsa ba lebelele eng le gore ba je eng mme seo se dira gore ba akanye gore ga ba na nako e e lekaneng.”

Kwa ngwaga wa 1930 moitse mongwe wa ikonomi o ne a re fa thekenoloji e ntse e tlhabologa, e tla thusa badiri go nna le nako e ntsi ya go ikhutsa. Ruri o ne a fositse! Mokwaledi wa makasine wa New Yorker e bong Elizabeth Kolbert a re batho “ga ba batle go tlogela tiro ka bonako gonne ba batla go nna le dilo tse dintsi”—mme dilo tseo di tlhoka madi le nako.

3 GO LEKA GO KGOTSOFATSA BATHO BA BANGWE

Badiri ba bangwe ba bereka diura tse dintsi ka gonne ba batla go kgatlha bathapi ba bone. Badirimmogo le bone ba ka dira gore motho a ikutlwe molato fa a sa bereke diura tse di oketsegileng. Gape maemo a a thata a ikonomi a ka dira gore motho a batle go bereka diura tse dintsi kgotsa a ikemisetse go bereka nako nngwe le nngwe.

Batsadi le bone ba ka batla go ipapisa le malapa a mangwe. Fa ba sa dire jalo, ba ka ikutlwa molato ka go “tima” bana ba bone dilo tse ba di batlang.

 4 GO BATLA GO NNA LE MAEMO LE GO IKGOTSOFATSA

Tim yo o nnang kwa United States, a re: “Ke ne ke rata tiro ya me e bile ke ne ke bereka ka natla ka dinako tsotlhe. Ke ne ke ikutlwa e kete ke tshwanetse go bontsha bokgoni jwa me.”

Fela jaaka Tim, batho bangwe ba akanya gore tsela e ba lebiwang ka yone e tsamaisana le tsela e ba tshwaregileng ka yone mo botshelong. Go bo go felela ka eng? Elizabeth Kolbert, yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno a re: “Batho ba tlotla motho yo o berekang ka thata. Fa o nna o tshwaregile batho ba go tsaya o le motho wa botlhokwa.”

ITHUTE GO NNA TEKATEKANO

Baebele e kgothaletsa go dira ka natla. (Diane 13:4) Mme gape ya re re nne tekatekano. Moreri 4:6 ya re: “Boikhutso jo bo tletseng seatla bo botoka go na le tiro ya bonatla e e tletseng seatla gabedi le go kgaratlhela phefo.”

Go nna tekatekano go thusa gore re nne le botsogo jo bo molemo mo tlhaloganyong le mo mmeleng. A mme go a kgonega go nna tekatekano? Ee. Akanya ka dikakantsho tse nnê tse di latelang:

 1 ITSE GORE KE ENG SE SE BOTLHOKWA LE SE O BATLANG GO SE FITLHELELA

Ga go phoso go batla go nna le madi a a lekaneng. Mme fa o re o na le madi a a lekaneng, ke fa o na le bokae? Fa motho a atlegile ke fa a na le eng? A ke fa a na le madi a mantsi kgotsa dithoto? Boammaaruri ke gore, go fetsa nako e ntsi o ikhuditse le go itlosa bodutu thata go ka dira gore o se ka wa nna le nako e e lekaneng.

Tim yo re tlotlileng ka ene a re: “Nna le mosadi wa me re ne ra sekaseka botshelo jwa rona mme ra swetsa ka go bo tlhofofatsa. Re ne ra dira tšhate e e bontshang tsela e re tshelang ka yone ka nako eo le maikaelelo a rona. Re ne ra tlotla ka fa di tshwetso tsa rona tsa mo nakong e e fetileng di re amileng ka gone le se re tlhokang go se dira go fitlhelela maikaelelo a rona.”

2 O SE KA WA ITLWAETSA GO REKA DILO TSE O SA DI TLHOKENG

Baebele e re kgothaletsa go laola “keletso ya matlho.” (1 Johane 2:15-17) Dipapatso di ka tlhotlheletsa tsela e re ikutlwang ka yone, re bo re bereka diura tse dintsi kgotsa go nna le boitlosobodutu jo bo feteletseng kgotsa jo bo jang madi a mantsi. Boammaaruri ke gore o ka se kgone go tila dipapatso tsotlhe. Mme gone o ka kgona go fokotsa go di lebelela. Gape o ka sekaseka dilo tse o di tlhokang ka kelotlhoko.

Gopola gore le ditsala tsa gago di ka go tlhotlheletsa. Fa ele gore ba rata go nna le dithoto tse dintsi kgotsa ba tsaya gore motho o atlegile fela fa a na le dithoto tse dintsi, go tla bo go le botlhale go batla ditsala tse di lebang dilo ka tsela e e farologaneng. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—Diane 13:20.

 3 IPEELE MELELWANE

Bua le mothapi wa gago ka tiro ya gago le ka dilo tse di botlhokwa mo go wena. Mme o se ka wa ipona molato fa o sa fetse nako e ntsi kwa tirong. Buka ya Work to Live ya re: “Batho ba ba ipeelang melelwane magareng ga nako ya tiro le ya lelapa kgotsa ba tsaya malatsi a boikhutso, ba lemogile gore ga se gore tiro e tla ema fa ba seyo.”

Gary yo re tlotlileng ka ene, o ne a na le madi a a lekaneng go itlamela, ka jalo o ne a swetsa ka go fokotsa diura tse a di berekang kwa tirong. A re: “Ke ne ka bua le lelapa la me gore re tlhofofatse tsela e re tshelang ka yone. Re ne ra dira jalo ka iketlo. Gape ke ne ka kopa mothapi wa me gore ke bereke malatsi a le mmalwa mo bekeng mme o ne a dumela.”

4 DIRA GORE LELAPA LA GAGO LE TLE PELE

Banyalani ba tlhoka go fetsa nako ba le mmogo, bana le bone ba tlhoka go fetsa nako le batsadi ba bone. Ka jalo, tila go ipapisa le malapa a mangwe a a nnang a tshwaregile. Gary a re: “Iphe nako ya go ikhutsa le go iketla mme o tlogele go dira dilo tse e seng tsa botlhokwa.”

Fa lelapa lona le le mmogo, lo se ka lwa letla thelebishene, difouno kgotsa dilo tse dingwe di lo kgoreletsa. Nnang mmogo ka nako ya dijo bobotlana gangwe ka letsatsi mme lo dirise nako eo go tlotla. Fa batsadi ba dira jalo, bana ba bone ba tla itumela mme ba dira sentle kwa sekolong.

Dirisang nako ya dijo go tlotla lo le lelapa

Kwa bofelong ipotse jaana: ‘Ke batla eng mo botshelong? Ke eng se ke se batlelang lelapa la me?’ Fa o batla go nna o itumetse le go nna le botshelo jo bo nang le bokao, dira dilo tsa botlhokwa tse di bontshang gore o dirisa botlhale jo bo tswang mo Baebeleng.