Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSA MALOBA

Ignaz Semmelweis

Ignaz Semmelweis

IGNAZ SEMMELWEIS a ka tswa a ne a sa tuma mme se a se dirileng se thusitse malapa a le mantsi gompieno. O tsholetswe kwa Buda (e jaanong e leng Budapest), kwa Hungary mme o ne a amogela dikirii ya bongaka kwa Yunibesithing ya Vienna ka 1844. Fa Semmelweis a ne a nna motlatsa porofesa kwa First Maternity Clinic of Vienna’s General Hospital ka 1846, o ne a bona sengwe se se utlwisang botlhoko—basadi ba ba fetang diperesente di le 13 ba ba neng ba belega ba ne ba bolawa ke bolwetse jo bo bidiwang childbed fever.

Go ne go na le dilo tse dintsi tse go neng go akanngwa gore di baka bolwetse jono mme ga se ka ga bonwa tharabololo. Maiteko otlhe a a neng a dirwa go fokotsa dintsho tseo ga a ka a atlega. E re ka Semmelweis a ne a tshwenyegile ka basadi ba ba neng ba swa loso lo lo botlhoko, o ne a ikemisetsa go batla se se bakang bolwetse jono le kalafi ya jone.

Bookelo jo Semmelweis a neng a bereka kwa go jone bo ne bo na le ditleliniki tse pedi tsa baimana mme se se gakgamatsang ke gore batho ba ne ba swa ka bontsi mo go ya ntlha go feta ya bobedi. Ditleliniki tseno di ne di farologanngwa ke gore ya ntlha e ne e le ya baithuti ba melemo mme ya bobedi e le ya ba ba belegisang. Goreng batho ba ne ba swa thata mo go e nngwe? Go araba potso eo, Semmelweis o ne a dira dipatlisiso ka se se ka tswang se baka bolwetse jono mme bo ne bo sa bakwe ke sepe sa dilo tse a di fitlheletseng.

Mo masimologong a 1847, Semmelweis o ne a lemoga gore bo bakwa ke eng. Jakob Kolletschka yo e neng e le tsala le modirimmogo le ene o ne a tlhokafala ka ntlha ya mogare o o tseneng mo mading a gagwe ka ntho fa a ntse a tlhatlhoba setopo. Fa Semmelweis a ntse a sekaseka pego ya gore Kolletschka o bolailwe ke eng, o ne a lemoga matshwao mangwe a a tshwanang le a basadi ba ba tlhokafetseng fa ba belega. Ka jalo, Semmelweis o ne a akanya gore gongwe “megare” e e tswang mo ditopong e ne e tshwaetsa baimana e  bo e baka bolwetse jwa childbed fever. Dingaka le baithuti ba melemo ba gantsi ba neng ba sekaseka ditopo pele ba ya kwa karolong ya baimana, ba ne ba fetisetsa bolwetse jono mo basading ba baimana fa ba ba tlhatlhoba kgotsa ba ba belegisa! Batho ba ne ba sa swe ka bontsi mo tleliniking ya bobedi ka gonne baithuti ba babelegisi ba ne ba sa tlhatlhobe ditopo.

Ka yone nako eo, Semmelweis o ne a tlhoma molao o o gagametseng wa go tlhapa diatla o o neng o akaretsa go dirisa metsi a a nang le chlorine pele ba tlhatlhoba baimana. Go ne ga nna le diphelelo tse di molemo: palo ya dintsho e ne ya fokotsega go tswa go diperesente di le 18,27 ka April go ya go di le 0,19 fa ngwaga o fela.

“Dithuto tsa me di diretswe go fokotsa dintsho mo maokelong a baimana, go thusa banna gore ba se ka ba latlhegelwa ke basadi ba bone le bana gore ba se ka ba latlhegelwa ke bommaabone.”—Ignaz Semmelweis

Ga se batho botlhe ba ba neng ba itumelelela se Semmelweis a se fitlheletseng. Tota le mookamedi wa gagwe o ne a sa dumalane le se a neng a re se baka bolwetse jwa childbed fever e bile o ne a tenwa ke molao o o gagametseng wa ga Semmelweis. Kgabagare Semmelweis o ne a latlhegelwa ke tiro kwa Vienna mme a boela kwa Hungary. Fa a le koo, o ne a okamela lephata la kalafi ya boimana le go tsholwa ga bana la bookelo jwa St. Rochus kwa Pest, kwa molao oo o neng wa thusa gore palo ya dintsho tsa bolwetse jwa childbed fever e ye kwa tlase ga peresente e le nngwe.

Ka 1861, Semmelweis o ne a gatisa buka ya gagwe ya The Cause, Concept, and Prophylaxis of Childbed Fever. Ka maswabi, se a se fitlheletseng ga se a ka sa tsewa tsia go fitlha mo dingwageng tsa moragonyana. Mme ka nako eo, batho ba le bantsi ba matshelo a bone a ka bong a bolokilwe ba ne ba swa.

Semmelweis a kgothaletsa badiri mo ditheong tsa kalafi tse a neng a di okametse gore ba tlhape diatla.—Setshwantsho sa ga Robert Thom

Kgabagare Semmelweis o ne a tsewa e le mongwe wa basimolodi ba mekgwa ya bosheng ya go thibela megare. Patlisiso ya gagwe e ne ya thusa batho go lemoga gore mogare o o ka bonwang ka dimaekerosekoupo o ka baka malwetse. E ne e le mongwe wa batho ba ba dumelang gore malwetse a ka bakwa ke megare, e leng “thibololo ya botlhokwa go di gaisa tsotlhe e e thusang mo melemong le mo kalafing.” Se se kgatlhang ke gore dingwaga di le 3 000 pele ga moo, Molao wa ga Moshe o moragonyana o neng wa tsenngwa mo Baebeleng, o ne o setse o na le kgakololo e e utlwalang e e ka ga ditopo.