ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE
Seterese ke Eng?
Seterese ke tsela e mmele wa motho o tsibogang ka yone fa o lebana le diphetogo. Boboko jwa gago bo romela tshedimosetso e ntsi mo dikarolong tsotlhe tsa mmele. Seno se dira gore pelo ya gago e iteele ka bonako, haebolate ya gago e ye kwa godimo, o se ka wa kgona go hema sentle le gore mesifa ya gago e nne botlhoko. Le fa wena o ise o itse gore go diragalang ka nako eo, mmele wa gago o a bo o setse o ipaakanyeditse go tsiboga. Fa o emisa go tshwenyega, pelo, haebolate, makgwafo le mesifa ya gago, di simolola go bereka sentle.
SETERESE SE KA GO TSWELA MOSOLA GAPE SE KA NNA KOTSI MO GO WENA
Seterese se go thusa go tsiboga fa o lebana le maemo a a kotsi. Fa o simolola go tshwenyega, boboko jwa gago ke jone jwa ntlha go tsiboga. Seterese se ka go thusa gore fa o lebana le maemo mangwe, o tsiboge ka bonako. Gape se ka go thusa go fitlhelela mekgele ya gago kgotsa go dira sentle ka nako ya ditlhatlhobo kwa sekolong le ka nako ya dipotsolotso tsa fa o batla tiro.
Mme gone go tshwenyega thata go ka nna kotsi. Fa o nna o na le seterese o ka simolola go lwala, go nna o galefile, go nna fela o hutsafetse, go lebala dilo tse dintsi le go dira dilo o sa akanye sentle. Tsela e o itshwarang ka yone, le e o tshwarang ba bangwe ka yone e ka fetoga. Seterese se ka dira gore motho a feleletse a nwa bojalwa thata, a dirisa diokobatsi, a goga motsoko le go dira dilo tse di sa siamang. Gape se ka dira gore motho a gatelelwe mo maikutlong, a nne le letsapa le le tseneletseng kgotsa a batle go ipolaya.
Le fa gone seterese se ka se re ame ka tsela e e tshwanang, se ka re bakela malwetse a le mantsi. Tota e bile, se ka tlhakatlhakanya mmele otlhe wa gago.