Setswana
Ke eng se se Dirang Gore Batho ba Nne le Seterese?
/assets/ct/79e1b14fff/images/syn_placeholder_sqr.png
g20 no. 1 ts. 4

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

Ke eng se se Dirang Gore Batho ba Nne le Seterese?

Ke eng se se Dirang Gore Batho ba Nne le Seterese?

Pego nngwe ya Mayo Clinic ya re: “Go bonala batho ba le bantsi ba ba godileng ba nna le seterese go ya pele. Gompieno botshelo ga bo a tlhomama mme go nna go ntse go nna le diphetogo.” Ela tlhoko diphetogo dingwe tse di dirang gore batho ba nne le seterese:

  • tlhalo

  • go swelwa ke mongwe

  • go lwala thata

  • go tlhagelwa ke kotsi

  • bokebekwa

  • go diragalelwa ke dilo tse dintsi ka nako e le nngwe

  • masetlapelo a tlholego le a a bakiwang ke batho

  • go gatelelwa kwa sekolong le kwa tirong

  • go tshwenyega ka go tlhoka tiro le madi