Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 TSELA YA GO ITUMELA

Go Kgotsofala le go Abela ba Bangwe

Go Kgotsofala le go Abela ba Bangwe

KE MAKGETLO A LE KAE O UTLWANG BATHO BA RE MOTHO O ITUMETSE FELA KA GONNE A NA LE DITHOTO TSE DINTSI KGOTSA A HUMILE? E re ka batho ba le bantsi ba akanya jalo, ba bereka diura tse dintsi gore ba nne le madi a mantsi. Mme gone, a madi le dithoto di dira gore motho a nne a itumetse? A mme seo se boammaaruri?

Buka ya Journal of Happiness Studies e tlhalosa gore fa re setse re na le dilo tse re di tlhokang, go nna le madi a mantsi ga go dire gore re itumele kgotsa re ikutlwe botoka. Madi ga se bothata. Setlhogo sengwe mo makasineng wa Monitor on Psychology sa re: “Go kgaratlhela go nna le madi ke gone go dirang gore motho a se ka a itumela.” Seno se dumalana le kgakololo e e mo Baebeleng e e kwadilweng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng e e reng: “Lorato lwa madi ke modi wa mefuta yotlhe ya dilo tse di utlwisang botlhoko, mme ka go gagamalela lorato lono bangwe ba . . .  itlhabakakile ka ditlhabi tse dintsi.” (1 Timotheo 6:9, 10) Ditlhabi tseo di ka akaretsa eng?

GO SA ROBALE SENTLE LE GO TSHWENYEGA THATA KA GO SIRELETSA DIKHUMO. “Boroko jwa yo o direlang bo monate, go sa kgathalesege gore a o ja mo gonnye kgotsa mo gontsi; mme letlotlo la yo o humileng ga le mo letle go robala.”—Moreri 5:12.

GO KGOBEGA MARAPO FA O SA BONE SE O SOLOFETSENG GORE SE TLA DIRA GORE O ITUMELE. Ka dinako dingwe go kgobega marapo goo go bakiwa ke gore le fa o na le madi ga o a kgotsofalele. “Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera, le fa e le morati ope wa khumo ga a kitla a kgotsofadiwa ke madi a lotseno.” (Moreri 5:10) Gape motho yo o batlang go huma a ka nna a itlhokomolosa dilo tsa botlhokwa tse di dirang gore a itumele tse di jaaka go fetsa nako le lelapa le ditsala kgotsa go direla Modimo.

GO HUTSAFALA LE GO TLHAKANA TLHOGO FA MADI KGOTSA DIPEELO TSA MADI DI YA KWA TLASE. “O se ka wa dira ka natla go nna le dikhumo. Tlogela go tlhaloganya ga gago. Gonne kwantle ga pelaelo di itirela diphuka jaaka tsa ntsu di bo di fofela ntlheng ya magodimo.”—Diane 23:4, 5.

 DINONOFO TSE DI DIRANG GORE O ITUMELE

GO KGOTSOFALA. “Gonne ga re a tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe. Jalo, e re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.” (1 Timotheo 6:7, 8) Gantsi batho ba ba kgotsofalelang se ba nang le sone ga ba ngongorege mme seo se ba thusa gore ba se ka ba tswela ba bangwe pelo. Mme e re ka ba sa eletse go nna le dilo tse ba sa kgoneng go di duelela, seo se ba thusa gore ba se ka ba tlhobaela le go tshwenyega.

GO ABA. “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Batho ba ba ratang go abela ba bangwe ba itumetse ka gonne ba rata go itumedisa batho ba bangwe, le fa ba dirisa nako kgotsa maatla a mannye go ba thusa. Gantsi ba nna le dilo tse madi a sa kgoneng go di reka e leng go ratiwa, go tlotliwa le go nna le ditsala tsa mmatota tse le tsone di ratang go abela ba bangwe!—Luke 6:38.

GO TSAYA BATHO BA LE BOTLHOKWA. “Go botoka dijo tsa merogo kwa go nang le lorato teng go na le poo e e fepetsweng mo bojelong jwa diruiwa mme go na le letlhoo.” (Diane 15:17) Temana eno e re ruta eng? Go dirisana ka lorato le ba bangwe go botlhokwa go gaisa dikhumo. Gape jaaka re tla ithuta mo setlhogong sengwe, go nna le lorato go dira gore re itumele.

Mosadi mongwe wa kwa South America e bong Sabina, o ne a ithuta gore melaometheo ya Baebele e botlhokwa. E re ka monna wa gagwe a mo tlogetse, go ne ga nna thata gore a itlamele le go tlamela bana ba gagwe ba babedi ba basetsana. O ne a bereka ditiro tse pedi mme a tsoga ka ura ya bonê mo mosong letsatsi le letsatsi. Le fa seo se ne se dira gore a nne a lapile thata, o ne a simolola go ithuta Baebele. Go ne ga diragala eng?

Maemo a gagwe a itsholelo ga a ka a fetoga. Mme tsela e a neng a leba botshelo ka yone e ne ya fetoga. Ka sekai, o ne a itumela fa a sena go nna le kamano e e molemo le Modimo. (Mathaio 5:3) O ne a nna tsala le badumedi ka ene. Gape o ne itumelela go abela ba bangwe se a se ithutileng.

Baebele ya re: “Botlhale bo supiwa bo siame ke ditiro tsa jone.” (Mathaio 11:19) Ka jalo, go kgotsofalela se o nang le sone, go abela ba bangwe le go tsaya ba bangwe ba le botlhokwa ke dilo tse di botlhokwa thata!