Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A BO TLHAMILWE?

Bokgoni Jwa Cuttlefish Jwa go Fetola Mmala

Bokgoni Jwa Cuttlefish Jwa go Fetola Mmala

CUTTLEFISH e kgona go fetola mmala le go dira gore e se ka ya bonwa motlhofo. Pego nngwe ya re ‘mmele wa cuttlefish o na le dikarolo tse di farologaneng tse di kgonang go iphetola ka bonako.’ E dira seo jang?

Akanya ka seno: Cuttlefish e fetola mmala wa yone e dirisa disele tse di kgethegileng tse di dirang gore go nne le mmala tse di nnang mo letlalong la yone. Disele tseo di na le dikgetsana tse di tletseng seedi se se dirang gore go nne le mebala e e farologaneng e bile di dikologilwe ke mesifa e mennye. Fa cuttlefish e batla go iphitlha, boboko jwa yone bo romela molaetsa mo mesifeng e e dikologilweng ke dikgetsana gore di e gatelele. Go tswa foo, dikgetsana le dilo tse di dirang mmala tse di mo teng ga tsone di a kokomoga di bo di dira gore cuttlefish e iphetole mmala le popego ka bonako. Cuttlefish ga e dirise bokgoni jono fela fa e batla go iphitlha mme gape e bo dirisa fa e batla go ngoka cuttlefish e nngwe e e namagadi gongwe le go ikgolaganya le yone.

Baenjenere ba kwa Yunibesithing ya Bristol, kwa Engelane ba ne ba etsa letlalo la cuttlefish. Ba ne ba tsaya diraba tse dintsho tse di kgolokwe mme ba di tsenya fa gare ga didirisiwa tse dinnye tse di dirang jaaka mesifa ya cuttlefish. Fa babatlisisi ba tsenya motlakase mo letlalong leno, didirisiwa di a tlapisega di bo di dira gore diraba tseno tse dintsho tse di kgolokwe di kokomoge go tswa foo letlalo la maitirelo le nna lentsho le bo le fetofetola mmala.

Moenjenere Jonathan Rossiter a re dipatlisiso tse di dirilweng mo mesifeng ya cuttlefish—“dikarolwana tse dinnye tse di borethe tse di nnang gone ka tlholego”—di ka dira gore go nne le diaparo tse di iphetolang mmala ka motsotswana. Rossiter a re batho ba ka apara diaparo tse di dirilweng jaaka cuttlefish gore ba se ka ba lemogiwa motlhofo kgotsa ya nna diaparo tsa feshene.

O akanyang? A bokgoni jwa cuttlefish jwa go iphetola mmala bo itlhagetse fela? Kgotsa a bo tlhamilwe?