BAEBELE YA RENG?

Legodimo

Legodimo

Legodimo ke kgang ya moruthutha e bile mongwe le mongwe o na le se a se akanyang ka lone. Le fa go ntse jalo, se Baebele e se rutang se farologana thata le se batho ba le bantsi ba se rutilweng.

Legodimo ke eng?

SE BANGWE BA SE BUANG

Go na le ditumelo tse di farologaneng ka legodimo le gore le bopetswe eng. Ka sekai:

  • Batho ba le bantsi ba ba reng ke Bakeresete ba dumela se buka ya New Catholic Encyclopedia e se buang fa e re legodimo ke “legae la bofelo la batho ba ba segofaditsweng ba ba swelang mo Moreneng.”

  • Moruti Bentzion Kravitz a re bodumedi jwa Sejuda bo ruta gore ga go na botshelo morago ga loso. Mme a re “kwa legodimong moya o itumela thata ka gonne o simolola go tlhaloganya dilo botoka e bile o ikutlwa o atamalane thata le Modimo.” Le fa go ntse jalo, Kravitz o dumela gore “le fa Bajuda ba dumela gore go na le legodimo, Torah [Molao wa Sejuda] ga e bue thata ka lone.”

  • Bahindu le Babuda ba dumela gore legodimo ke mafelo a mantsi a moya. Ke kwa botshelo bo emang gone ka nakwana, mme morago ga moo motho o tsalwa sesha mo lefatsheng kgotsa o fetela kwa Nirvana kgotsa Buddhahood—maemo a a kwa godimo ga legodimo.

  • Bangwe ga ba dumele se madumedi a se buang ka legodimo e bile ba re dikgopolo tseo tsotlhe ke diphirimisi fela.

Legodimo ke kgang ya moruthutha

SE BAEBELE E SE RUTANG

Mo Baebeleng, lefoko “legodimo” le raya dilo tse di farologaneng. Ka sekai:

  • Genesise 1:20 e bua ka go bopiwa ga dinonyane tse di “fofang . . . fa godimo ga lefatshe mo phuthologong ya magodimo.” Mo temaneng eno, “magodimo” ke loapi lo re lo bonang.

  • Isaia 13:10 e bua ka “dinaledi tsa magodimo le masomo a tsone,” e leng se re se bitsang lefaufau.

  • Baebele e bua ka ‘lefelo la Modimo la bonno’ e bile ya re go na le “baengele . . . kwa legodimong.” (1 Dikgosi 8:30; Mathaio 18:10) Ela tlhoko gore mafoko “legodimo” le “magodimo” ga se tshwantshiso fela, mme a tlhalosa lefelo la mmatota la bonno. *

“Leba go tswa kwa legodimong mme o bone go tswa kwa bonnong jwa gago jo bo kwa godimo jo bo boitshepo le jo bontle.”Isaia 63:15.

A batho botlhe ba ba siameng ba ya legodimong fa ba swa?

Baebele ga e rute gore lefatshe ke lefelo la nakwana le mo go lone re emelang go swa re bo re ya go tshela kwa legodimong. Baebele e tlhalosa sentle gore e ne e se maikaelelo a Modimo gore batho ba swe. Akanya ka seno:

  • Modimo o ne a raya banyalani ba ntlha jaana: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe.” (Genesise 1:28) Lefatshe e ne e tshwanetse go nna legae le batho ba nnelang ruri mo go lone. Monna le mosadi wa ntlha ba ne ba ka swa fela fa ba ne ba sa reetse Modimo. Ka maswabi, ga ba a ka ba reetsa.—Genesise 2:17; 3:6.

  • Go tlhoka kutlo ga monna yoo wa ntlha go ne ga felela ka gore a swe, e seng ene le mosadi wa gagwe fela, mme gape le ditlogolwana tsa gagwe. (Baroma 5:12) A seo se dirile gore batho ba felelwe ke tsholofelo?

  • Baebele ya re “go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe.” * (2 Petere 3:13) Modimo o tla dirisa Bogosi jwa gagwe go dira gore maemo a lefatshe a nne jaaka a ne a batla, “mme loso lo tla bo lo seyo.” (Tshenolo 21:3, 4) A seno se tla direga mo lefatsheng kgotsa kwa legodimong? Gore sengwe se bo se “seyo,” se tshwanetse sa bo se kile sa nna gone. Mme ga go ise go nne le loso kwa legodimong. Ka jalo, re ka re temana eno e bua ka se se tla diregang mo lefatsheng, mo re neng re tshwanetse go nnela ruri gone le mo re tlhologelelwang go nna le batho ba re ba ratang gone. Gape Baebele e senola gore baswi ba tla tsosiwa ba bo ba kopanngwa le batho ba ba ba ratang.—Johane 5:28, 29.

Batho ba le bantsi ba ile ba gakgamadiwa ke se Baebele e se buang ka legodimo. Ka sekai, George yo o neng a tsena kereke ya Katoliki a re: “Se Baebele e se rutang ka go tshelela ruri mo lefatsheng se a gomotsa. Seno se a utlwala, go na le go re re ya legodimong.” *

“Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.”Pesalema 115:16.

^ ser. 13 Ke boammaaruri gore Modimo ke moya. (Johane 4:24) Ka jalo, lefelo la gagwe la bonno e tshwanetse go nna la moya le le kgaoganeng le lobopo lwa rona.

^ ser. 19 “Lefatshe le lesha” le go buiwang ka lone ga se polanete e ntšha; ke setšhaba sa batho ba ba tla nnang mo lefatsheng ba ba amogelwang ke Modimo.—Pesalema 66:4.

^ ser. 20 Baebele e ruta gore mo Bogosing Jwa Modimo, ke palo e e lekanyeditsweng fela ya batho ba le 144 000 ba ba tlhophilweng go ya go busa le Jesu kwa legodimong.—1 Petere 1:3, 4; Tshenolo 14:1.