O ka Nna le Bokamoso jo bo Molemo fa o Dira Eng?

O ka Nna le Bokamoso jo bo Molemo fa o Dira Eng?

Batho ba le bantsi ba dumela gore go na le maatla mangwe a a sa tlwaelegang a a laolang botshelo jwa bone. Seo se dirile gore ba dire dilo dingwe tse ba akanyang gore di tla ba thusa go nna le bokamoso jo bo itumedisang.

SE BATHO BANGWE BA SE DUMELANG

TEPODINALEDI: Batho bangwe ba dumela gore fa dinaledi di rulagane ka tsela e e rileng fa ngwana mongwe a tsholwa, seo se tlhalosa gore bokamoso jwa ngwana yoo bo tla nna jang. Mme bangwe bone ba bala di-horoscope kgotsa ba botsa balepadinaledi gore bokamoso bo ba tshwaretse eng pele ba dira ditshwetso.

GO BALA DIKARATA: Batho bangwe ba dumela gore fa o batla go itse gore bokamoso bo go tshwaretse eng o ka ya kwa bathong bangwe ba ba kgonang go bolelela isagwe pele ba dirisa dikarata. Batho bao ba tla go bolelela gore fa o dira selo sengwe se se rileng o tlile go diragalelwa ke eng. Mme o ka kgona go tila dilo tse di bosula tse di ka go diragalelang ka go tila go dira dilo tseo.

GO OBAMELA BADIMO: Batho bangwe ba dumela gore ba tshwanetse go direla badimo ba bone meetlo mengwe e e rileng gore ba ba sireletse le gore ba ba segofatse. Van *, yo o nnang kwa Vietnam, a re: “Ke dumela gore fa ke tlhabela badimo, seo se tla dira gore ke tshele monate gone jaanong mme gape se tla dira gore nna le bana ba me re nne le bokamoso jo bo itumedisang.”

GO TSALWA O LE SETSHEDI SE SENGWE: Batho bangwe ba dumela gore fa re swa, re tlile go boa re tsalwa sesha re le ditshedi tse dingwe le gore seno se tla nna se direga go ya go ile. Gape ba dumela gore dilo tse di bosula kgotsa tse di molemo tse di diregang gone jaanong, ke ka gonne ba di dirile fa ba ne ba sa ntse ba le ditshedi tse dingwe.

Batho bangwe ba tsaya dilo tseno e le tumelobotlhodi. Le fa ba akanya gore ga ba dumele mo dilong tseno, ba dumela gore go na le batho ba ba ka kgonang go ba bolelela gore bokamoso bo ba tshwaretse eng ka go bala methala e e mo matsogong a bone, di-horoscope, diboto tsa Ouija®, dikarata tsa tarot le tse dingwe. Ba akanya gore ka tsela nngwe dilo tseo di ka ba thusa go itse gore bokamoso bo ba tshwaretse eng.

A DILO TSEO DI THUSA BATHO BA BA DI DUMELANG?

A batho ba ba dumelang dilo tseo ba tshela monate gone jaanong e bile ba akanya gore bokamoso bo ba tshwaretse dilo tse di molemo?

Akanya ka se se diragaletseng Hào, yo o nnang kwa Vietnam. O ne a ya kwa balepadinaleding, a direla badimo ba gagwe meetlo gore ba mo thuse gape a dumela mo maatleng a a sa tlwaelegang. A o ne a bona thuso? A re: “Kgwebo ya me e ne ya phutlhama, ke ne ka tsena mo dikolotong, kwa lapeng go ne ga se ka ga tlhola go nna monate, gape ke ne ke nna ke tshwenyegile mo maikutlong.”

Qiuming, yo o nnang kwa Taiwan a re o ne a dumela mo tepodinaleding le gore o ne a tsalwa e le setshedi se sengwe. A dumela gore maatla mangwe a a sa tlwaelegang a laola botshelo jwa gagwe gape a dumela le mo badimong. Fa a sena go tlhaloganya dithuto tseno sentle, o ne a re: “Ke ithutile gore dithuto tseno ga di dumalane, di a ganetsana e bile di tlhakanya tlhogo. Gantsi ke ne ke bona gore dilo tse balepadinaledi ba di boleletseng pele ga di direge. Gape fa ke akanya ka thuto ya go tsalwa o le setshedi se sengwe, ke ne ke ipotsa gore motho a ka dira jang diphetogo mo botshelong gone jaanong a sa gakologelwe se se diregileng mo botshelong jwa gagwe jo bo fetileng!”

“Ke ithutile gore dithuto tseno ga di dumalane, di a ganetsana e bile di tlhakanya tlhogo.”—QIUMING, TAIWAN

Hào, Qiuming le batho ba bangwe ba ile ba itemogela gore bokamoso jwa rona ga bo a ikaega ka maatla mangwe a a sa tlwaelegang, dinaledi, badimo kgotsa go tsalwa e le ditshedi tse dingwe. A seo se raya gore ga re kgone go laola se se ka re diragalelang?

Bangwe ba akanya gore ba ka nna le bokamoso jo bo itumedisang fa ba humile e bile ba rutegile. Seno se dirile gore bangwe ba ikutlwe jang?

^ ser. 6 Mo setlhogong seno le tse di latelang, maina mangwe a fetotswe.

^ ser. 16 Mafoko ano a tlhaga mo Baebeleng mo go Bagalatia 6:7. Mafoko ano a tlhaloganngwa ka gore: “O tla roba se o se jalang.”