SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 46

A o Tlhokomela Thebe ya Gago ya Tumelo?

A o Tlhokomela Thebe ya Gago ya Tumelo?

“Tsayang thebe e kgolo ya tumelo.”—BAEF. 6:16.

PINA 119 Re Tshwanetse go Nna le Tumelo

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Go ya ka Baefeso 6:16, ke eng fa re tlhoka “thebe e kgolo ya tumelo”? (b) Re tla tlotla ka dipotso dife?

A O NA le “thebe e kgolo ya tumelo”? (Bala Baefeso 6:16.) Ga go pelaelo gore o na le yone. Fela jaaka thebe e kgolo e sireletsa mmele wa lesole, tumelo ya gago e go sireletsa mo dilong tse di bosula tsa lefatshe leno la ga Satane tse di jaaka boitsholo jo bo sa siamang, thubakanyo le sengwe le sengwe fela se Jehofa a se tlhoileng.

2 Mme gone, re tshela mo “metlheng ya bofelo,” ka jalo, tumelo ya rona e tla nna e lekwa. (2 Tim. 3:1) Ke eng se se ka go thusang go bona gore a tumelo ya gago e nonofile? O ka dirang go nonotsha tumelo ya gago? Mma re tlotle ka dipotso tseno.

TLHATLHOBA THEBE YA GAGO YA TUMELO

Masole a tswa ntweng mme a baakanya dithebe (Bona serapa 3)

3. Masole a ne a dira eng mme ka ntlha yang?

3 Ka nako ya fa Baebele e ne e kwalwa, gantsi dithebe tsa masole di ne di khabariwa ka letlalo. Masole a ne a di tshasa oli gore di se ka tsa onala ka bonako. Fa lesole le ne le lemoga gore thebe ya lone e senyegile, le ne le e baakanya ka bonako gore le kgone go e dirisa gape kwa ntweng. Re ithuta eng mo go seno?

4. Ke eng fa o tshwanetse go tlhokomela thebe ya gago ya tumelo, mme o ka dira seo jang?

4 Fela jaaka masole a bogologolo a ne a tlhokomela dithebe tsa one, le wena o tshwanetse go tlhokomela thebe ya gago ya tumelo. Ka ntlha yang? Ka gonne re lwa le meya e e bosula. (Baef. 6:10-12) Ke wena o tshwanetseng go tlhokomela thebe ya gago ya tumelo. Ke eng se se ka go thusang go bona gore a tumelo ya gago e nonofile le gore a e tla kgona go go thusa fa o lebana le mathata? Sa ntlha, kopa Jehofa gore a go thuse go bona gore a tumelo ya gago e nonofile. Go tswa foo, o tshwanetse go bala Lefoko la Modimo gore o bone gore a o dira dilo jaaka Jehofa a batla. (Baheb. 4:12) Baebele ya re: “Ikanye Jehofa ka pelo ya gago yotlhe mme o se ka wa ikaega ka tlhaloganyo ya gago.” (Dia. 3:5, 6) Akanya ka tshwetso nngwe e o e dirileng bosheng jaana. Ka sekai, a o ile wa nna le mathata a tsa madi? A o ile wa akanya ka tsholofetso ya ga Jehofa e e mo go Bahebera 13:5 fa o ntse o leka go rarabolola bothata joo? Temana eo ya re: “Ga ke na ke go tlogela ka gope le fa e le go go latlha ka gope.” A temana eno e ile ya dira gore o tlhatswege pelo gore Jehofa o tla go thusa? Fa go le jalo, go raya gore tumelo ya gago e nonofile.

5. O ka nna wa lemoga eng fa o ntse o itshekatsheka?

5 Fa o ntse o itshekatsheka, o ka nna wa gakgamala fa o lemoga gore o ntse o na le makoa mangwe a o ntseng o sa a itse. Ka sekai, o ka nna wa lemoga gore go na le dilo dingwe tse di koafaditseng tumelo ya gago tse di jaaka go tshwenyega thata, go kgobega marapo le go tlhobaela ka dilo tse batho ba di buang. Fa o le mo seemong seo, ke eng se se ka go thusang?

ITSHIRELETSE MO MAANONG A GA SATANE

6. Ga go phoso go tshwenyega ka dilo dife?

6 Ga go phoso go tshwenyega ka dilo dingwe. Ka sekai, re batla go itumedisa Jehofa le Jesu. (1 Bakor. 7:32) Fa re dirile boleo jo bo masisi, re batla go baakanya botsala jwa rona le Modimo. (Pes. 38:18) Mo godimo ga moo, re batla go itumedisa batho ba re nyalaneng le bone e bile re batla go tlhokomela ba malapa a rona le badumedimmogo le rona.—1 Bakor. 7:33; 2 Bakor. 11:28.

7. Go ya ka Diane 29:25, ke eng fa re sa tshwanela go boifa batho?

7 Mme gone, go tshwenyega thata go ka koafatsa tumelo ya rona. Ka sekai, gongwe re tshwenyega thata ka gore re tla ja eng le gore re tla apara eng. (Math. 6:31, 32) Seo se ka nna sa dira gore re simolole go rata madi le dithoto. Fa re ka letla seo se direga, tumelo ya rona e tla koafala e bile re tla senya botsala jwa rona le Jehofa. (Mar. 4:19; 1 Tim. 6:10) Gape re ka nna ra simolola go tshwenyega thata ka gore batho ba akanyang ka rona mme seno se ka dira gore re tshabe batho go feta Jehofa. Ka jalo, re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re thuse go nna le tumelo le gore a re thuse go nna pelokgale gore re se ka ra wela mo seraing seno.—Bala Diane 29:25; Luke 17:5.

(Bona serapa 8) *

8. Re tshwanetse go dira eng fa mongwe a bua maaka ka phuthego ya Modimo kgotsa ka bakaulengwe le bokgaitsadi?

8 Satane ke “ramaaka” ka jalo, o dirisa batho bangwe gore ba bue maaka ka Jehofa le ka bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona. (Joh. 8:44) Ka sekai, batlhanogi ba bua maaka ka phuthego ya Modimo mo Internet, mo thelebisheneng le mo metsweding e mengwe ya tshedimosetso. Maaka ao, ke ‘dibetsa tse di fisang’ tse Satane a di dirisang. (Baef. 6:16) Ga re a tshwanela go reetsa batho ba ba buang maaka ka phuthego ya ga Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne re rata Jehofa e bile re tshepa bakaulengwe ba rona. Tota e bile, ga re bue sepe le batlhanogi. Ga re a tshwanela go ngangisana le bone ka sepe.

9. Go ka diragalang fa re kgobegile marapo?

9 Go kgobega marapo go ka koafatsa tumelo ya rona. Ka dinako tse dingwe mathata a re lebanang le one a ka re kgoba marapo. Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go itlhokomolosa mathata a rona. Mme gone, ga re a tshwanela go nna fela re akantse ka one. Fa re ka dira jalo, re ka nna ra lebala dilo tsotlhe tse di itumedisang tse Jehofa a re solofetsang tsone. (Tshen. 21:3, 4) Go kgobega marapo go ka re fetsa maatla mme seo se tla dira gore re tlogele go direla Jehofa. (Dia. 24:10) Re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore seno se se ka sa re diragalela.

10. O ithuta eng mo go se kgaitsadi mongwe a ileng a se bua?

10 Akanya ka kgaitsadi mongwe wa kwa United States. Le fa a oka monna wa gagwe yo o lwalang thata, tumelo ya gagwe e sa ntse e nonofile. O ile a kwalela kwa ntlokgolo mme mo lekwalong leo o ne a re: “Go thata e bile ka dinako tse dingwe re na le go kgobega marapo. Mme gone, ga re ineele. Ke itumelela tshedimosetso e Jehofa a re e nayang ka gonne e a re kgothatsa e bile e nonotsha tumelo ya rona. E re thusa go tswelela re direla Jehofa e bile e re thusa go itshokela diteko tsa ga Satane.” Se kgaitsadi yono a se buileng se re thusa go bona gore re ka kgona go itshokela diteko. Ke eng se se ka re thusang? O se ka wa lebala gore Satane ke ene a re tlisetsang mathata. Gape o se ka wa lebala gore Jehofa o a re gomotsa. Mo godimo ga moo, anaanela dithuto tsa boammaaruri tse Jehofa a re nayang tsone.

A o nonotsha thebe ya gago ya tumelo? (Bona serapa 11) *

11. Re tshwanetse go ipotsa dipotso dife fa re batla go bona gore a tumelo ya rona e nonofile?

11 A go na le mo o tlhokang go tokafatsa teng? Ka sekai, mo dikgweding di le mmalwa tse di fetileng, a o kgonne go tila serai sa go tshwenyega thata? A o ile wa gana go ngangisana le batlhanogi kgotsa go reetsa dilo tse ba di buang? A o ile wa kgona go emelana le boemo bongwe jo bo kgobang marapo? Fa go le jalo, seo se bontsha gore tumelo ya gago e nonofile. Mme gone, o tshwanetse go nna o ntshitse matlho dinameng ka gonne Satane ga a felelwe. Mma re tlotle ka leano lengwe le a ka le dirisang go leka go koafatsa tumelo ya rona.

O SE KA WA RATA DITHOTO

12. Go ka direga eng fa re rata dithoto?

12 Fa re rata dithoto, tumelo ya rona e tla koafala e bile re tla goga dinao mo tirelong ya ga Jehofa. Moaposetoloi Paulo o ne a re: “Ga go na motho ope yo e reng e le lesole a bo a tsenelela ditiro tsa kgwebo tsa botshelo, gore a tle a bone kamogelo ya yo o mo kwadisitseng.” (2 Tim. 2:4) Masole a kwa Roma a ne a sa letlelelwe go dira tiro e nngwe. Go ne go ka nna ga diregang fa lesole le ne le sa reetse taelo eo?

13. Ke eng fa lesole le ne le sa tshwanela go dira tiro e nngwe?

13 Akanya ka seno: Masole a fetsa moso otlhe a ikatisa mme mongwe wa bone ga a yo. O kwa toropong o rekisa dijo. Maitseboa masole ao a tlhola diaparo tsa bone tsa tlhabano gore a di siame e bile ba lootsa ditšhaka tsa bone. Mme lesole le le rekisang dijo lone le ipaakanyetsa go ya go rekisa dijo. Mo letsatsing le le latelang, masole ao a a tlhaselwa. Ke lesole lefe le le tla kgonang go lwa le go itumedisa molaodi wa lone? Fa e le gore o ne o lwa mo ntweng eo, o ne o tla batla go bapa le lesole lefe? Le le neng le ikatisa kgotsa le le neng le rekisa dijo?

14. Ke eng se se botlhokwa thata mo go rona?

14 Re tshwana le masole a a neng a ipaakanyeditse ntwa. Selo sa botlhokwa thata mo go rona ke go itumedisa balaodi ba rona, e leng Jehofa le Jesu Keresete. Ga go na sepe se se botlhokwa thata mo go rona go feta seno. Ka jalo, re dira ka natla mo tirong ya ga Jehofa e bile re dira sotlhe se re ka se kgonang gore tumelo ya rona e nne e nonofile.

15. Paulo o ile a re naya tlhagiso efe mme ka ntlha yang?

15 Re tshwanetse go nna kelotlhoko. Ka ntlha yang? Moaposetoloi Paulo o ne a re “ba ba ikemiseditseng go huma” ba tla ‘faposiwa mo tumelong.’ (1 Tim. 6:9, 10) Mafoko a a reng ‘go faposiwa’ a kaya gore re ka nna ra simolola go tlhoma mogopolo thata mo dilong tse di sa tlhokegeng. Seno se ka dira gore re nne le “[dikeletso] tse dintsi tsa go tlhoka tlhaloganyo le tse di utlwisang botlhoko.” Ga re a tshwanela go lebala gore Satane o dirisa dikeletso tseo go leka go koafatsa tumelo ya rona.

16. Pego e e mo go Mareko 10:17-22 e tshwanetse go dira gore re ipotse dipotso dife?

16 A re re o na le madi a go reka sengwe le sengwe fela se o se batlang. A o tla bo o le phoso fa o reka dilo tse o di ratang mme gone o sa di tlhoke? Nnyaa. Mme gone, akanya ka seno: Le fa o ka tswa o na le madi a go reka sengwe, a o tla nna le nako ya go se dirisa le go se tlhokomela? Mo godimo ga moo, fa o nna o reka dilo tse o sa di tlhokeng, a ga o kitla o feleletsa o rata dithoto? A seo ga se kitla se dira gore o dire se monna mongwe a ileng a se dira fa Jesu a ne a mo laletsa gore e nne molatedi wa gagwe? (Bala Mareko 10:17-22.) Go tla bo go le botoka gore re reke fela dilo tse re di tlhokang gore re nne le nako ya go direla Jehofa.

NGANGATLELA THEBE YA GAGO YA TUMELO

17. Ga re a tshwanela go lebala eng?

17 Ga re a tshwanela go lebala gore re mo ntweng le gore re tshwanetse go nna re lwa letsatsi le letsatsi. (Tshen. 12:17) Ga go na ope yo o ka nonotshang tumelo ya rona. Ke rona re tshwanetseng go tsaya matsapa go dira jalo.

18. Ke eng fa lesole le ne le ngangatlela thebe ya lone kwa ntweng?

18 Bogologolo, lesole le le pelokgale le ne le tlotliwa tota. Mme fa lesole le ne le ka boa kwa ntweng le sa tshwara thebe, seo e ne e le matlhabisa ditlhong. Rahisitori mongwe wa kwa Roma yo o bidiwang Tacitus a re: “Fa lesole le ne le ka tlogela thebe ya lone kwa ntweng, le ne le tla tsenwa ke matlho.” Ka jalo, fa lesole le le kwa ntweng, le ne le ngangatlela thebe ya lone thata.

Kgaitsadi o ngangatlela thebe ya gagwe ya tumelo ka go bala Baebele ka metlha, ka go ya dipokanong ka metlha le ka go dira ka natla mo bodireding (Bona serapa 19)

19. Re ka ngangatlela jang thebe ya rona ya tumelo?

19 Re ngangatlela thebe ya rona ya tumelo fa re ya dipokanong ka metlha le fa re bolelela batho ka Jehofa le ka Bogosi jwa gagwe. (Baheb. 10:23-25) Mo godimo ga moo, re bala Baebele letsatsi le letsatsi e bile re kopa Jehofa gore a re thuse go dirisa se re se ithutileng. (2 Tim. 3:16, 17) Fa re dira jalo, Satane ga a kitla a kgona go re kgaoganya le Jehofa. (Isa. 54:17) Thebe ya rona ya tumelo e tla re sireletsa. Re tla dira ka natla le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo tirong ya ga Jehofa. Gape re tla kgona go itshokela diteko tse re lebanang le tsone letsatsi le letsatsi. Mme sa botlhokwa le go feta, re tla bo re le mo letlhakoreng la ga Jesu fa a nyeletsa Satane le balatedi ba gagwe.—Tshen. 17:14; 20:10.

PINA 118 “Re Neye Tumelo e e Oketsegileng”

^ ser. 5 Fa masole a le kwa ntweng, a ne a dirisa thebe go itshireletsa. Tumelo ya rona e tshwana le thebe. Fela jaaka masole a ne a tshwanetse go tlhokomela dithebe tsa one, le rona re tshwanetse go tsaya matsapa go nonotsha tumelo ya rona. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka dira seo jang.

^ ser. 58 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Batlhanogi ba bua maaka ka Basupi ba ga Jehofa mo thelebisheneng. Lelapa la Basupi ga le batle go reetsa maaka ao, ka jalo, ba tima thelebishene

^ ser. 60 TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Ka nako ya kobamelo ya lelapa, rre o dirisa Baebele go ba kgothatsa.