BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO
Mphe Ngwaga o le Mongwe Fela wa Kagiso le Boitumelo
-
O TSHOTSWE KA: 1971
-
O TSHOLETSWE KWA: FORA
-
BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: E NE E LE SEKEBEKWA SE SE DIKGOKA, A DIRA BOITSHOLO JO BO MASWE E BILE A DIRISA DIOKOBATSI
TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:
Lelapa la gaetsho le ne le nna kwa Tellancourt, motse mongwe o o kwa bokonebotlhaba jwa Fora. Rre e ne e le Mofora, mme mmè ene ke Montadiana. Fa ke ne ke le dingwaga tse robedi, re ne ra fudugela kwa motsaneng o o gaufi le toropo ya Roma kwa Italy. Fa re le koo, botshelo jwa rona bo ne jwa nna boima. Batsadi ba me ba ne ba omanetse ruri ka ntlha ya mathata a bone a madi.
Fa ke le dingwaga di le 15, mmè o ne a nkgothaletsa go tswa mo gae gore ke ye go dira ditsala. Ka jalo, ke ne ka tlwaela go fetsa lobaka lo loleele ke sa nne mo gae. Go ise go ye kae ke ne ka tsalana le batho ba ba sa siamang. Letsatsi lengwe monna mongwe yo o neng a lebega a le botsalano o ne a tla kwa go nna. O ne a nnaya diokobatsi mme ka di tsaya ka gonne ke ne ke batla gore go lebege e kete ke godile. Ka bonako fela ke ne ka nna leloko la segongwana se se dirisang diokobatsi e bile se dira boitsholo jo bo maswe. Ke ne ka sotliwa ka thobalano ka makgetlo a le mantsi. Ke ne ke sa tlhole ke kgathalela botshelo; ke se na sepe gore a ke a tshela kgotsa ke a swa. Ke ne ke bona botshelo jwa me bo le letobo fela. Fa ke le dingwaga di le 16, ke ne ka leka go ipolaya ka go nwa whiskey ke bo ke itatlhela mo lekadibeng. Ka ntlha ya seo, ke ne ka fetsa malatsi a le mararo kwa bookelong ke idibetse.
Ke ne ka simolola go anaanela botshelo, le fa go ntse jalo, gape ke ne ka nna dikgoka e bile ke sa ikanyege. Ke ne ke kopa batho go robalana le bone mme fa re fitlha kwa malapeng a bone, ke ne ke ba naya diokobatsi gore ba nne mo maibing, go tswa foo ke bo ke utswa dilo tsa bone tse di tlhwatlhwakgolo. Digopa tse dikgolo tsa bosenyi di ne di ntirisa go phasalatsa diokobatsi mo nageng ya Italy. Mapodise a ne a nna fela a ntshwere. Botshelo jwa me bo ne bo tlhakatlhakane. Le fa go ntse jalo, ke ne ke dumela gore go tshwanetse ga bo go na le lebaka la go bo ke tshela. Ke ne ka rapela Modimo ke mo kopa gore a mphe ngwaga o le mongwe fela wa kagiso le boitumelo.
KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:
Fa ke le dingwaga di le 24, ke ne ka swetsa ka gore ke fudugele kwa Engelane. Botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing ka gonne ke ne ke dirisana le bagwebi ba diokobatsi. Pele ga ke tsamaya, ke ne ka etela mmè mme ka gakgamadiwa ke go mo fitlhela a na le monna mongwe yo o bidiwang Annunziato Lugarà, ba bua ka Baebele. * E re ka ke ne ke itse dilo tse di bosula tse monna yono a neng a di dira mo nakong e e fetileng, ke ne ka boifa mme ka mmotsa gore o batla eng. O ne a mpolelela ka diphetogo tse dikgolo tse a di dirileng mo botshelong gore e nne Mosupi wa ga Jehofa, mme a nkopa gore ke mo solofetse gore ke tla ikopanya le Basupi fa ke fitlha kwa Engelane. Ke ne ka mo solofetsa gore ke tla dira jalo. Le fa go ntse jalo, fa ke fitlha koo, ka bonako fela ke ne ka boela kwa mekgweng ya me.
Letsatsi lengwe ke ne ka kopana le Mosupi mongwe a a fa batho dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! mo mmileng o o tlhanaselang wa Lontone. Fa ke gakologelwa se ke neng ka se solofetsa Annunziato, ke ne ka botsa Mosupi yoo gore a a ka nthuta Baebele.
Se ke neng ke se ithuta mo Baebeleng se ne sa nkgakgamatsa tota. Ka sekai, ke ne ka amiwa pelo ke 1 Johane 1:9 e e buang jaana ka Modimo: “Fa re ipolela maleo a rona, o a ikanyega e bile o tshiamo mo a tla re itshwarelang maleo a rona le go re phepafatsa mo tshiamololong yotlhe.” Temana eo e ne ya nkama fela thata ka gonne ke ne ke ikutlwa ke le leswe ka ntlha ya tsela e ke neng ke tshela ka yone. Ka bonako fela ke ne ka simolola go nna gone kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba nkamogela ka diatla tsoopedi. Fa ke bona kafa ba neng ba atamalane thata ka gone, e leng sengwe se ke neng ke sa bolo go se eletsa, ke ne ka batla go nna karolo ya phuthego ya bone e e seoposengwe jaaka lelapa.
Le fa gone go ne go se thata go le kalo go tlogela diokobatsi le boitsholo jo bo maswe, go ne go le thata tota go fetola botho jwa me. Ke ne ka lemoga gore ke tlhoka go tlotla batho ba bangwe le go ba akanyetsa. Tota e bile ke sa ntse ke lwantsha mekgwa mengwe e e sa siamang. Mme gone, Jehofa o nthusitse go fetoga. Ka 1997, dikgwedi di le thataro morago ga go simolola go ithuta Baebele, ke ne ka kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa.
KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:
Fa ke sena go kolobediwa, ke ne ka nyala Barbara yo le ene a neng a sa tswa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Fa tsala nngwe ya me ya pele e ne e bona kafa ke fetogileng thata ka gone, e ne ya simolola go ithuta Baebele. Fa nako e ntse e ya, ene le kgaitsadie ba ne ba nna Basupi. Mogolowe mmèmogolo, yo o neng a na le dingwaga tse di fetang 80, le ene o ne a simolola go ithuta Baebele mme a kolobediwa pele ga a tlhokafala.
Gone jaanong ke mogolwane mo phuthegong ya rona, mme nna le mosadi wa me re badiredi ba nako e e tletseng, re ithuta Baebele le batho ba ba buang Sentadiana ba ba nnang mo Lontone. Ka dinako dingwe ke ngomolwa pelo ke tsela e ke neng ke tshela ka yone pele, le fa go ntse jalo, Barbara o nkema nokeng fela thata. Gone jaanong ke na le botshelo jo bo molemo jwa lelapa jo ke sa bolong go bo eletsa e bile ke na le Rre yo o lorato yo ke sa bolong go mmatla. Ke ne ka kopa Modimo gore a mphe ngwaga o le mongwe fela wa kagiso le boitumelo, mme o ne a mpha go tlala seatla!
Gone jaanong ke na le botshelo jo bo molemo jwa lelapa jo ke sa bolong go bo eletsa e bile ke na le Rre yo o lorato yo ke sa bolong go mmatla
^ ser. 10 Bala setlhogo se se reng, “Baebele e Fetola Matshelo a Batho—Ke ne Ke Tshwara Tlhobolo Gongwe le Gongwe Kwa ke Yang Teng,” jaaka go boletse Annunziato Lugarà, mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa Phukwi 1, 2014, tsebe 8-9.