Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Go direga eng ka rona fa re swa?

BATHO BANGWE BA DUMELA gore fa re sena go swa, re tshela re le mo sebopegong se sengwe, mme ba bangwe bone ba dumela gore loso ke bokhutlo jwa sengwe le sengwe. Wena o dumela eng?

SE BAEBELE E SE BUANG

‘Baswi ga ba itse sepe gotlhelele.’ (Moreri 9:5) Fa re swa, re kgaotsa go nna teng.

SE GAPE RE SE ITHUTANG MO BAEBELENG

  • Motho wa ntlha e bong Adame, o ne a boela mo loroleng fa a swa. (Genesise 2:7; 3:19) Ka tsela e e tshwanang, batho botlhe le bone ba boela mo loroleng fa ba swa.—Moreri 3:19, 20.

  • Fa batho ba swa, maleo a bone a a lebalwa kgotsa ba a itshwarelwa. (Baroma 6:7) Motho ga a atlholelwe maleo a gagwe fa a sena go swa.

A baswi ba ka tshela gape?

O KA RENG?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Gongwe

SE BAEBELE E SE BUANG

“Go tlile go nna le tsogo.”—Ditiro 24:15.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Gantsi Baebele e tshwantsha loso le boroko. (Johane 11:11-14) Modimo a ka kgona go tsosa baswi fela jaaka le rona re ka kgona go tsosa motho yo o robetseng.—Jobe 14:13-15.

  • Baebele e na le dipego di le mmalwa tsa batho ba ba ileng ba tsosiwa, ka jalo, seno se dira gore re nne le bosupi jo bo nonofileng jo bo dirang gore re dumele gore baswi ba tla tsosiwa.—1 Dikgosi 17:17-24; Luke 7:11-17; Johane 11:39-44.