SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 6
Se Baebele e re Rutang Sone ka Jehofa
“Kwala mafoko otlhe a ke a buang le wena mo bukeng.”—JER. 30:2.
PINA 96 Buka ya Modimo —Letlotlo
SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a
1. Ke eng fa o lebogela go bo Jehofa a re kwaletse Baebele?
RE LEBOGA Jehofa go bo a re kwaletse Baebele. O dirisa Baebele go re naya kgakololo e e ka re thusang gore re itse gore re dire eng fa re na le mathata. Gape o e dirisa go re bolelela dilo tse dintle tse a tla re direlang tsone mo nakong e e tlang. Sa botlhokwa le go feta, Jehofa o dirisa Baebele go re bontsha botho jwa gagwe. Fa re akanyetsa kwa teng ka botho jwa gagwe jo bontle, re a itumela e bile re batla go atamalana le ene.—Pes. 25:14.
2. Jehofa o ile a bua le batho ka ditsela dife?
2 Jehofa o batla gore batho ba mo itse. Mo nakong e e fetileng, o ne a bua le batho a dirisa ditoro le diponatshegelo, mme ka dinako tse dingwe o ne a roma baengele gore ba ise molaetsa wa gagwe kwa bathong. (Dipa. 12:6; Dit. 10:3, 4) Mme gone, re ne re ka se itse gore Jehofa o ne a ba raya a reng fa molaetsa oo o ne o sa kwalwa. Ke gone ka moo a ileng a ba laela gore ba ‘kwale mo bukeng’ dilo tse a batlang gore re di itse. (Jer. 30:2) E re ka “sengwe le sengwe se Modimo wa boammaaruri a se dirang [se] se na molato,” re tlhatswegile pelo gore tsela eno e a e dirisang go bua le rona e siame e bile e tla re thusa.—Pes. 18:30.
3. Jehofa o ile a netefatsa jang gore molaetsa o o mo Baebeleng o tswelela o le teng? (Isaia 40:8)
3 Bala Isaia 40:8. Go fetile dingwaga di le dintsi Baebele e naya batho ba ba ikanyegang kgakololo e e molemo. Baebele e kwadilwe bogologolo, e kwalelwa mo dilong tse di ileng tsa senyega morago ga nako. Mo godimo ga moo, gone jaanong mekwalo ya ntlhantlha ya Baebele ga e tlhole e le teng. Ka jalo go ile ga kgonega jang gore molaetsa o o mo Baebeleng o tswelele o le teng? Jehofa o ile a netefatsa gore go dirwa dikhopi tsa Baebele. Le fa gone batho ba ba neng ba kwalolola Baebele ba ne ba na le boleo, ba ne ba le kelotlhoko tota. Ka sekai, moithuti mongwe wa Baebele o ile a bua jaana ka Dikwalo Tsa Sehebera: “Re ka bua re sa kgale mathe ganong gore ga go na buka epe ya bogologolo e e ileng ya kwalololwa ka kelotlhoko jaaka Baebele.” Ka jalo, le fa gone Baebele e ile ya kwalelwa mo dilong tse di senyegang dingwaga di le dintsi tse di fetileng, e bile batho ba ba neng ba e kwalolola ba ne ba na le boleo, re ka tlhatswega pelo gore se re se balang mo Baebeleng, ke dikgopolo tsa ga Jehofa.
4. Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?
4 “Mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng” e tswa kwa go Jehofa. (Jak. 1:17) Baebele ke nngwe ya dimpho tse dintle thata tse Jehofa a re fileng tsone. Fa motho a re fa mpho, re kgona go lemoga gore o re itse go le kana kang e bile re kgona go bona gore o itse dilo tse re di tlhokang. Go ntse fela jalo le ka Baebele. Fa re e bala, re kgona go bona gore Jehofa o a re itse e bile o itse se re se tlhokang. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka gore Baebele e bontsha jang gore Jehofa o botlhale, o na le tshiamiso e bile o a re rata. A re simololeng ka go bona gore Baebele e bontsha jang gore Modimo o botlhale.
BAEBELE E BONTSHA GORE MODIMO O BOTLHALE
5. Baebele e bontsha jang gore Modimo o botlhale?
5 Jehofa o a itse gore re tlhoka kgakololo ya gagwe e e botlhale. Baebele e na le kgakololo e e seng kana ka sepe e e botlhale. Kgakololo e e mo Baebeleng e kgona go fetola batho le go tokafatsa matshelo a bone. Fa Moshe a ne a kwala dibuka tsa ntlha tsa Baebele, o ne a raya Baiseraele a re: “Seno ga se lefoko le le se nang mosola mo go lona, mme le raya botshelo.” (Dute. 32:47) Ba ba neng ba ikobela kgakololo e e mo Dikwalong ba ne ba tla atlega e bile ba ne ba tla itumelela botshelo. (Pes. 1:2, 3) Le fa gone Baebele e na le dingwaga di le dintsi e kwadilwe, e sa ntse e na le maatla a go fetola batho. Ka sekai, mo motseletseleng wa “Baebele e Fetola Matshelo a Batho,” o o mo jw.org, go na le maitemogelo a batho ba feta 50 ba ba ileng ba kgona go fetoga ka gonne ba ikobela kgakololo e e mo Baebeleng.—1 Bathes. 2:13.
6. Ke eng fa re ka re ga go na buka epe e e tshwanang le Baebele?
6 Ga go na buka epe e e tshwanang le Baebele. Goreng re rialo? Ka gonne e kwadilwe ke Jehofa, mme Jehofa ke Mothatayotlhe, ga a swe e bile o botlhale go gaisa batho botlhe. Dibuka di le dintsi di tswelela di balwa le fa bakwadi ba tsone ba sena go tlhokafala, mme fa nako e ntse e tsamaya, kgakololo e e mo go tsone ga e tlhole e bereka. Le fa go ntse jalo, melaometheo e e mo Baebeleng yone ka metlha e a bereka, e bile ga e bolo go thusa batho go tla go fitlha le gompieno. Fa re bala Baebele e bile re akanyetsa kwa teng ka se re se ithutang, Jehofa o dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go re thusa go bona gore re ka dirisa jang kgakololo e e mo go yone. (Pes. 119:27; Mal. 3:16; Baheb. 4:12) Jehofa Modimo o batla go go thusa, ka jalo seo se tshwanetse go go rotloetsa gore o bale Baebele ka metlha.
Baebele e ile ya thusa batho ba ga Jehofa jang gore ba nne seoposengwe mo nakong e e fetileng le mo motlheng ono? (Bona serapa 7-8)
7. Baebele e ile ya thusa jang batho ba Modimo mo nakong e e fetileng gore ba nne seoposengwe?
7 Go na le sengwe gape se se bontshang gore Baebele e na le kgakololo e e botlhale e e tswang kwa Modimong. Ke eng seo? E thusa batho ba Modimo gore ba nne seoposengwe. Ka sekai, fa Baiseraele ba ne ba fitlha kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ile ba nna mo mafelong a a farologaneng. Bangwe e ile ya nna batshwaraditlhapi, bangwe ba rua dikgomo mme ba bangwe bone ya nna balemi. Go ne go ka nna motlhofo gore Baiseraele ba ba nnang mo lefelong le le rileng, ba se ka ba tlhola ba amega ka Baiseraele ba bangwe ba ba neng ba nna mo dikarolong tse dingwe tsa naga. Ka jalo, Jehofa o ne a ba laela gore ba nne ba kopana gore ba balelwe le go tlhalosediwa Lefoko la gagwe. (Dute. 31:10-13; Neh. 8:2, 8, 18) Akanya fela gore Baiseraele ba ne ba itumela jang fa ba goroga kwa Jerusalema, ba bo ba bona Baiseraele ba bangwe ba bantsi ba ba tswang kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga. Jehofa o ne a batla gore ba nne ba kopana jalo gore ba tswelele ba le seoposengwe. Moragonyana fa phuthego ya Bakeresete e sena go tlhomiwa, go ne go na le batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng mo go yone. Bangwe ba bone e ne e le ba maemo a a kwa godimo mme ba bangwe e le ba maemo a a kwa tlase. Bangwe ba ne ba humile mme ba bangwe ba humanegile. Le fa go ntse jalo, e re ka ba ne ba rata Lefoko la Modimo, ba ne ba mo obamela ba le seoposengwe. Ba basha mo phuthegong ba ne ba ka kgona go tlhaloganya Lefoko la Modimo fa fela ba thusiwa ke Bakeresete ba bangwe e bile ba kopanela mmogo le bone ka metlha.—Dit. 2:42; 8:30, 31.
8. Baebele e thusa batho ba ga Jehofa jang gore ba nne seoposengwe gompieno?
8 Modimo wa rona yo o botlhale o tswelela a dirisa Baebele go ruta batho ba gagwe le go ba thusa gore ba nne seoposengwe. Baebele e re ruta dilo tsotlhe tse di boammaaruri ka Jehofa tse re tlhokang go di itse. Re kopana mmogo ka metlha kwa dipokanong le kwa dikopanong gore re bale Baebele le go e tlhalosediwa. Ka jalo, Baebele ke buka ya botlhokwa thata e Jehofa a e dirisang go thusa batho ba gagwe gore “ba mo direle ba le seoposengwe.”—Sefa. 3:9.
9. Re tshwanetse go nna le nonofo efe gore re kgone go tlhaloganya Baebele? (Luke 10:21)
9 Go na le sengwe gape se se bontshang gore Jehofa o botlhale. O ne a dira gore dikarolo di le dintsi mo Baebeleng di kwalwe ka tsela e e neng e tla tlhaloganngwa fela ke batho ba ba boikokobetso. (Bala Luke 10:21.) Batho ba le bantsi ba bala Baebele. Moithuti mongwe wa Baebele a re: “Batho ba le bantsi ba bala Baebele go feta dibuka tse dingwe e bile ba e bala ka kelotlhoko thata go feta dibuka tse dingwe.” Le fa go ntse jalo, batho ba ba ikokobeditseng ke bone fela ba ba kgonang go e tlhaloganya le go dirisa se e se buang.—2 Bakor. 3:15, 16.
10. Baebele e bontsha ka tsela efe e nngwe gore Jehofa o botlhale?
10 Go na le tsela e nngwe gape e Baebele e re bontshang ka yone gore Jehofa o botlhale. Jehofa o dirisa Baebele go ruta batho ba gagwe botlhe, mme gape o e dirisa go ruta mongwe le mongwe wa rona le go mo gomotsa. Fa re bala Baebele, re kgona go lemoga gore Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa rona. (Isa. 30:21) Fa o na le mathata, ke ga kae o ileng wa bala temana nngwe mo Baebeleng e o neng o ikutlwa e kete e kwaletswe wena? Mme gone Baebele e kwaletswe batho botlhe. Jaanong go tla jang gore e nne le kgakololo e o e tlhokang, jaaka e kete e ne e kwaletswe wena? Ke ka gonne e kwadilwe ke Mongwe yo o botlhale go gaisa batho botlhe.—2 Tim. 3:16, 17.
BAEBELE E BONTSHA GORE MODIMO O NA LE TSHIAMISO
11. Jehofa o bontshitse jang gore ga a na tlhaolele fa go ne go kwalwa Baebele?
11 Jehofa ke Modimo yo o nang le tshiamiso. (Dute. 32:4) Go le gantsi motho yo o nang le tshiamiso ga a na tlhaolele, mme Jehofa o ntse jalo. (Dit. 10:34, 35; Bar. 2:11) Re kgona go bona gore ga a na tlhaolele ka gonne Baebele e ile ya kwalwa ka puo e batho ba le bantsi ba neng ba e tlhaloganya ka nako eo. E re ka batho ba Modimo ba ne ba tlhaloganya Sehebera, bontsi jwa dibuka tsa ntlha tsa Baebele di ile tsa kwalwa ka Sehebera. Le fa go ntse jalo, ka motlha wa baaposetoloi, batho ba le bantsi ba ne ba bua Segerika, ka jalo dibuka tsa bofelo tsa Baebele di ile tsa kwalwa ka puo eo. Jehofa ga a ka a dira gore Lefoko la gagwe le kwalwe ka puo e le nngwe fela. Gone jaanong go na le batho ba ka nna dibilione di le robedi mo lefatsheng, mme ba bua dipuo di le dintsi. Batho ba le bantsi jaana ba ka kgona jang go ithuta ka Jehofa?
12. Daniele 12:4 e diragadiwa jang mo motlheng ono wa bofelo?
12 Jehofa o ile a dirisa moporofeti Daniele go bolelela pele gore mo “motlheng wa bokhutlo,” kitso ya boammaaruri e ne e “tla nna ntsi” mme batho ba le bantsi ba ne ba tla e tlhaloganya. (Bala Daniele 12:4.) Sengwe se se thusitseng batho ba le bantsi gore ba tlhaloganye Baebele ke gore Baebele le dikgatiso tse di theilweng mo go yone di ile tsa ranolwa, tsa gatisiwa le go neelwa batho ba le bantsi. Ga go na buka epe e e ranoletsweng mo dipuong di le dintsi jaaka Baebele, e bile batho ba le bantsi ba na le yone. Ka dinako tse dingwe fa batho ba sena go ranola Baebele, ba e rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa godimo. Batho ba ga Jehofa bone ba ranoletse Baebele e feletse kana dikarolo dingwe tsa yone mo dipuong di feta 240, le fa go ntse jalo ga ba e rekise, ba e naya batho mahala. Ka ntlha ya seo, batho ba le bantsi ba ithuta ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi’ pele bokhutlo bo tla. (Math. 24:14) Jehofa ga a na tlhaolele, ka jalo o batla gore batho ba ithute Lefoko la gagwe gore ba mo itse. O dira seno ka gonne o a re rata.
BAEBELE E BONTSHA GORE MODIMO O A RE RATA
13. Baebele e bontsha jang gore Jehofa o a re rata? (Johane 21:25)
13 Baebele e re thusa go tlhaloganya gore nonofo e e di gaisang tsotlhe ya ga Jehofa ke lorato. (1 Joh. 4:8) Ka sekai, akanya ka dilo tse Jehofa a ileng a dira gore di kwalwe le tse a ileng a dira gore di se ka tsa kwalwa mo Baebeleng. Dilo tse a di kwadileng mo Baebeleng di re thusa gore re atamalane le ene, re itumelele botshelo gone jaanong le gore re tshelele ruri mo nakong e e tlang. Mo godimo ga moo, e re ka a re rata, ga a ka a re kwalela tshedimosetso e ntsintsi e re sa e tlhokeng.—Bala Johane 21:25.
14. Baebele e bontsha ka tsela efe e nngwe gore Modimo o a re rata?
14 Sengwe gape se se re thusang go lemoga gore Jehofa o a re rata ke gore o bua le rona ka tsela e e bontshang gore o a re tlotla. Ka sekai, mo Baebeleng Jehofa ga a re neye melao e mentsintsi, a re bolelela gore re dire eng le gore re se ka ra dira eng mo go sengwe le sengwe fela. Go na le moo, o dirisa dilo tse di ileng tsa diragalela batho mo nakong e e fetileng, boporofeti le kgakololo e e utlwalang go re thusa gore re dire ditshwetso tse di siameng. Seno se dira gore re rate Modimo le gore re mo ikobele ka go rata.
Goreng re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka tsela e Jehofa a ileng a dirisana ka yone le batho ba mo nakong e e fetileng? (Bona serapa 15)
15. (a) Baebele e bontsha jang gore Jehofa o amega ka rona? (b) Mo setshwantshong, mosetsana, mokaulengwe yo mosha le kgaitsadi yo o godileng ba akanya ka bomang ba go buiwang ka bone mo Baebeleng? (Gen. 39:1, 10-12; 2 Dikg. 5:1-3; Luke 2:25-38)
15 Baebele e re thusa go bona gore Jehofa o amega ka rona. Jang? Batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng ba ne ba tshwana fela le rona. Re kgona go tlhaloganya gore ba ne ba ikutlwa jang ka gonne ba ne ba na le “maikutlo a a tshwanang le a rona.” (Jak. 5:17) Sa botlhokwa le go feta, go bona tsela e Jehofa a neng a dirisana le bone ka yone go dira gore re lemoge gore “Jehofa o pelotlhomogi thata e bile o kutlwelobotlhoko.”—Jak. 5:11.
16. Dipego tsa batho bangwe ba ba ileng ba dira diphoso di re ruta eng ka Jehofa? (Isaia 55:7)
16 Baebele e a re Modimo ga a kitla a re latlha fa re dira diphoso. Seno le sone se re netefaletsa gore o a re rata. Baiseraele ba ne ba leofela Jehofa gangwe le gape, le fa go ntse jalo, fa ba ne ba ikwatlhaya, o ne a ba itshwarela. (Bala Isaia 55:7.) Bakeresete ba bogologolo le bone ba ne ba itse gore Modimo o ba rata fela thata. Re itse jang? Moaposetoloi Paulo o ile a kopa Bakeresete ba phuthego nngwe gore ba ‘itshwarele ba bo ba gomotse’ monna mongwe yo a neng a dirile boleo jo bo masisi mme a ikwatlhaya. (2 Bakor. 2:6, 7; 1 Bakor. 5:1-5) Go a itumedisa go itse gore Jehofa ga a ka a latlha batlhanka ba gagwe fela ka gonne ba dirile diphoso. Go na le moo, o ne a ba kgalema a bo a ba thusa mme ba ne ba nna ditsala tsa gagwe gape. Jehofa o dira se se tshwanang le ka rona gompieno.—Jak. 4:8-10.
LEBOGELA ‘MPHO E E MOLEMO’ E E TSWANG KWA MODIMONG
17. Goreng Baebele e le mpho e e botlhokwa?
17 Jehofa o re neile mpho e e botlhokwa. Ke eng fa mpho eno e le botlhokwa jaana? Re ithutile gore Baebele e bontsha gore Modimo o botlhale, o na le tshiamiso le gore o re rata fela thata. Jehofa o re neile Baebele ka gonne o batla gore re mo itse. O batla gore re nne ditsala tsa gagwe.
18. Re ka bontsha jang gore re lebogela ‘mpho e e molemo’ e Jehofa a re neileng yone?
18 Ga re a tshwanela go lebala gore Baebele ke ‘mpho e e molemo.’ (Jak. 1:17) Ka jalo, re tshwanetse go bontsha gore re a e lebogela. Re tshwanetse go e bala le go akanyetsa kwa teng ka se re se balang mo go yone. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re segofatsa e bile re “tla bona kitso ya Modimo.”—Diane 2:5.
PINA 98 Dikwalo di Tlhotlheleditswe ke Modimo
a Baebele e re thusa gore re atamalane le Jehofa. E re thusa jang go bona gore Modimo o botlhale, o na le tshiamiso e bile o a re rata? Setlhogo seno se tla re thusa go lebogela Lefoko la Modimo, e bile se tla re thusa go bona gore Baebele ke mpho e e tswang kwa go Rrarona yo o kwa legodimong.