KGANG YA BOTSHELO
Ke Bone ba ba Ikanyegang ba Atlega
Gongwe go na le metlotlo mengwe ya botlhokwa e o ka se tsamayeng o e lebetse. Nna motlotlo o nka se o lebaleng ke wa dingwaga di le 50 tse di fetileng, fa ke ne ke na le tsala ya me kwa Kenya. Re ne re feditse dikgwedi di le mmalwa re etela mafelo a a farologaneng, ka jalo re ne re fisitswe ke letsatsi. Fa re ntse re ora molelo e bile re tlotla ka movie mongwe wa bodumedi, tsala ya me e ne ya re: “Dilo tse di buiwang mo go one ga di dumalane le se Baebele e se buang.”
Ke ne ka tshega ka gonne ke ne ke akanya gore ga a na sepe le bodumedi. Ke ne ka mmotsa gore: “A go na le sengwe se o se itseng ka Baebele?” O ne a didimala lobakanyana. Go tswa foo, o ne a mpolelela gore o ne a ithutile dilo dingwe mo go mmaagwe ka gonne ke Mosupi wa ga Jehofa. Ke ne ka mo kopa gore a mpolelele dilo tse dingwe tse a di ithutileng mo go mmaagwe.
Re ne ra fetsa bosigo jotlhe re tlotla. O ne a mpolelela gore Baebele e a re Satane ke ene a busang lefatshe. (Joh. 14:30) Gongwe wena ke selo se e leng kgale o se itse. Mme nna ke ne ke simolola go se utlwa e bile ke ne ke gakgametse. Ke ne ke tlhola ke utlwa gotwe lefatshe le busiwa ke Modimo yo o lorato le yo o bonolo. Mme gone, go ne go sa utlwale ka ntlha ya dilo tse ke neng ke bona di direga mo lefatsheng. Le fa gone ke ne ke na le dingwaga di le 26 fela, ke ne ke bone dilo di le dintsi tse di utlwisang botlhoko.
Rre o ne a bereka mo sesoleng sa United States, ka jalo fa ke sa ntse ke le monnye, ke ne ke itse gore ntwa ya dibomo tsa nuklea e ne e ka runya nako nngwe le nngwe fela. Fa ke ne ke le kwa kholetšheng kwa California, go ne ga runya ntwa kwa Vietnam. Ke ne ke tlhola ke tsamaya le baithuti ba bangwe fa ba ya megwantong. Go le gantsi, megwanto eo e ne e felela ka tlhakatlhakano, mapodisi a re lelekisa e bile a re tshela ka gase. Batho ba le bantsi ba ne ba tlhanogela puso, e bile baeteledipele ba dipolotiki ba ne ba bolawa. Mongwe le mongwe o ne a batla gore go dirwe se ene a se batlang. E ne e le tlhakatlhakano fela.
Ke tswa kwa London ke ya kwa Afrika
Ka 1970 ke ne ka bona tiro kwa Alaska e e neng e duela madi a le mantsi. Ke ne ka ya London, ka reka sekuta ke bo ke tsaya loeto ke sa itse kwa ke yang teng. Morago ga dikgwedi di le mmalwa ke ne ka fitlha kwa Afrika. Fa ke ntse ke le mo loetong, ke ne ka kopana le batho ba le bantsi ba le bone ba neng ba leka go tshabela mathata a bone.
Ke ne ke dumalana le thuto ya Baebele ya gore lefatshe le busiwa ke Satane, ka gonne ke bona dilo tse di maswe tse di neng di diragala mo lefatsheng. Mme gone ke ne ke ipotsa gore, fa e le gore Modimo ga se ene a laolang lefatshe, ene o dira eng?
Moragonyana, ke ne ka bona karabo ya potso eo mo Baebeleng. Fa nako e ntse e ya, ke ne ka kopana le banna le basadi ba ba neng ba tswelela ba ikanyega mo Modimong mo maemong a a farologaneng.
“LEFATSHE LA DIBOMO LE DITHUNYA”
Fa ke boela kwa London, ke ne ka etela mmaagwe tsala ya me, mme o ne a mpha Baebele. Moragonyana fa ke le kwa Amsterdam, kwa Netherlands, Mosupi mongwe o ne a mpona ke e bala, a bo a ntlhalosetsa mo go oketsegileng. Go tswa foo ke ne ka ya kwa Dublin kwa Ireland. Fa ke le koo ke ne ka bona ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka tsena kwa go yone ke bo ke kopana le mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Arthur Matthews. Ke ne ka mo kopa gore a nthute Baebele, a bo a dumela.
Ke ne ka simolola go ithuta ka tlhoafalo. Ke ne ke bala dibuka le dimakasine tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, mmogo le Baebele. Ke ne ke rata dilo tse ke di ithutang. Fa ke le kwa dipokanong, ke ne ka bona gore bana ba ne ba itse dikarabo tsa dipotso tse go fetileng dingwagangwaga banna ba ba rutegileng ba ipotsa tsone. Dipotso tse di jaaka: ‘Ke eng fa go direga dilo tse di maswe? Modimo ke mang? Motho o ya kae fa a swa?’ Ditsala tsa me tsotlhe e ne e le Basupi, ka gonne ke ne ke sa itse ope gape mo nageng eo. Ba ne ba nthusa gore ke rate Jehofa le gore ke dire se se mo itumedisang.
Ke na le Nigel le Denis
Ke ne ka kolobediwa ka 1972. Morago ga ngwaga, ke ne ka nna mmulatsela ke bo ke fudugela kwa phuthegong e nnye ya kwa Newry, kwa Northern Ireland. Ke ne ke nna mo ntlong e nnye, e e neng e le gaufi le dithaba. Go ne go na le dikgomo mo masimong mangwe a a neng a le gaufi le kwa ke nnang gone. Ka jalo, fa ke ne ke fetsa go baakanyetsa puo, ke ne ke tlhola ke e neela fa pele ga tsone. Go ne go lebega e kete di reeditse ka kelotlhoko. Le fa gone di ne di sa kgone go mpolelela gore ke tokafatse kae, di ne di nthusa gore ke kgone go leba bareetsi fa ke beile puo. Ka 1974, ke ne ka nna mmulatsela yo o kgethegileng mme ka simolola go bereka le Nigel Pitt, yo e sa ntseng e le tsala ya me le gompieno.
Ka nako eo, go ne go tletse dintwa kwa Northern Ireland. Ka jalo, bangwe ba ne ba simolola go bitsa Northern Ireland ba re ke “lefatshe la dibomo le dithunya.” Go ne go tlwaelegile fela go bona batho ba lwa, ba thuntshiwa le dikoloi di bomiwa. Gantsi mathata a ne a bakiwa ke dipolotiki le bodumedi. Le fa go ntse jalo, batho ba ba neng ba tsena kereke ya Porotesetanta le ya Katoliki, ba ne ba itse gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye letlhakore mo dipolotiking. Ka jalo, re ne re kgona go rera re sireletsegile. Go le gantsi batho ba re neng re ba rerela ba ne ba itse gore go ne go tlile go nna le dikhuduego kae, mme ba ne ba re bolelela gore re se ka ra ya koo.
Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe re ne re iphitlhela re le mo maemong a a thata. Ka sekai, letsatsi lengwe, nna le mmulatsela mongwe yo o bidiwang Denis Carrigan, re ne re rera mo lefelong lengwe le go neng go se na Basupi kwa go lone. E ne e le la bobedi re ya kwa lefelong leo. Mosadi mongwe o ne a re latofatsa ka gore re masole a kwa Boritane. Gongwe e ne e le ka gonne re sa bue jaaka batho ba kwa Ireland. Re ne re tshogile tota ka gonne re ne re itse gore go nna tsala ya masole fela, go ne go ka dira gore o bolawe kgotsa o thuntshiwe mo lengoleng. Fa re ntse re le kwa ntle re emetse bese, go ne ga tla koloi, e bo e ema fa pele ga khefi e mosadi yo o neng a re latofatsa a neng a le mo go yone. O ne a tswela kwa ntle a bo a bua le banna ba ba neng ba le mo koloing. O ne a bua a ntse a re supa. Banna bao ba ne ba tla mo go rona mme ba re botsa gore bese e tla nako mang. Fa bese e goroga, ba ne ba bua le motho yo o neng a e kgweetsa. Re ne re sa utlwe gore ba ne ba reng. E re ka go ne go se na ope mo beseng, re ne ra ipolelela fela gore ba loga leano la go re bolaya. Mme ga go a ka ga direga sepe. Fa ke fologa mo beseng, ke ne ka botsa motho yo o neng a e kgweetsa ka re: “A borre bale ba ne ba botsa ka rona?” O ne a re: “Lo se ka lwa tshwenyega, ke a itse gore lo bomang e bile ke ba boleletse. Ga go na ope yo o tla lo dirang sepe.”
Fa re ne re nyalana ka March 1977
Fa ke le kwa kopanong ya kgaolo a kwa Dublin ka 1976, ke ne ka kopana le mmulatsela yo o kgethegileng wa kwa England yo o bidiwang Pauline Lomax. E ne e le kgaitsadi yo o ikanyegang e bile a le boikokobetso. Ene le kgaitsadie yoo bidiwang Ray ba ne ba goletse mo boammaaruring. Morago ga ngwaga, nna le Pauline re ne ra nyalana mme ra tswelela re le babulatsela ba ba kgethegileng kwa Ballymena, kwa Northern Ireland.
Re ne ra nna bapotologi ka nakonyana kwa Belfast, Londonderry le kwa mafelong a mangwe a a neng a le kotsi. Batho bangwe mo mafelong ao, ba ne ba nweleletse thata mo dithutong tsa maaka, ba tlhoile batho ba merafe e mengwe e bile ba sa batle go direla Jehofa. Mme re ne re kgothala tota fa re ba bona ba tlogela dilo tseo ba bo ba simolola go direla Jehofa. Jehofa o ile a ba sireletsa a bo a ba segofatsa.
Ke ne ka nna kwa Ireland dingwaga di le lesome. Ka 1981, re ne ra lalediwa go ya tlelaseng ya bo 72 ya Sekolo sa Gileade. Fa re sena go aloga, re ne ra abelwa go ya go direla kwa Sierra Leone, kwa Afrika.
BAKAULENGWE BA KWA SIERRA LEONE BA NE BA IKANYEGA LE FA BA HUMANEGILE
Re ne re nna le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le 11 kwa legaeng la barongwa. Re ne re na le kitšhini e le nngwe, matlwana a boithomelo a le mararo, dishawara di le pedi, founo e le nngwe, motšhine wa go tlhatswa diaparo o le mongwe le motšhine o le mongwe o o omisang diaparo. Motlakase o ne o nna o tsamaya re sa lebelela. Dipeba di ne di tsena kwa marulelong mme dinoga tsone di ne di tsena kwa phaposing e e kwa tlase.
Ke kgabaganya noka gore ke ye kopanong kwa Guinea
Le fa gone botshelo bo ne bo se motlhofo, re ne re itumelela bodiredi fela thata. Batho ba ne ba tlotla Baebele e bile ba reetsa ka tlhoafalo. Ba le bantsi ba ne ba dumela go ithuta Baebele mme ba nna Basupi ba ga Jehofa. Batho ba mo lefelong le re neng re nna mo go lone ba ne ba mpitsa “Rre Robert.” Pauline ene ba ne ba mmitsa “Mme Robert.” Fa nako e ntse e tsamaya, tiro e ne ya nna ntsi kwa ofising ya lekala, ka jalo ke ne ke sa tlhole ke kgona go ya tshimong gantsi, mme seo se ne sa dira gore batho ba simolole go bitsa Pauline, “Mme Pauline,” mme ba ne ba mpitsa “Rre Pauline.” Pauline o ne a itumelela seo fela thata.
Fa re ne re ya go rera kwa Sierra Leone
Math. 6:33) Ke gopola fa kgaitsadi mongwe a ne a setse fela ka madi a go rekela ene le bana ba gagwe dijo. Le fa go ntse jalo, o ne a naya mokaulengwe yo o lwalang madi ao gore a kgone go reka melemo ya malaria. Moragonyana mo go lone letsatsi leo, mosadi mongwe o ne a tla kwa go kgaitsadi yoo a bo a mo naya madi gore a mo dire moriri. Maemo a a tshwanang le ano a ne a direga gantsi.
Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba humanegile, le fa go ntse jalo Jehofa o ne a nna a ba naya dilo tse ba di tlhokang. Ka dinako dingwe o ne a dira jalo ka ditsela tse ba neng ba sa di lebelela. (RE ITHUTA SETSO SE SENGWE KWA NIGERIA
Re ntse kwa Sierra Leone dingwaga di le robongwe. Go tswa foo re ne ra kopiwa gore re ye kwa Bethele ya kwa Nigeria. Ofisi eo ya lekala e ne e le kgolo tota. Ke ne ke dira tiro e ke neng ke e dira kwa Sierra Leone, mme Pauline ene o ne a newa kabelo e ntšha e e neng e mo thatafalela. Pele ga moo, o ne a fetsa diura di le 130 kgwedi le kgwedi a le mo tshimong e bile a na le dithuto tsa Baebele tse di gatelang pele. Jaanong o ne a fetsa nako a baakanya diaparo tse di neng di senyegile. Go ne ga mo tsaya nako gore a tlwaele. Le fa go ntse jalo, o ne a lemoga gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Bethele ba ne ba lebogela tiro e a neng a e dira. Ka jalo, o ne a dira sotlhe se a se kgonang gore a ba kgothatse.
Re ne re sa itse sepe ka setso sa kwa Nigeria, e bile go ne go na le dilo tse dintsi tse re neng re tshwanetse go di ithuta. Nako nngwe mokaulengwe mongwe o ne a tla kwa ofising a tla go nkitsise kgaitsadi mongwe yo a neng a sa tswa go goroga mo Bethele. Fa ke sa ntse ke re ke mo tshwara ka seatla, o ne a khubama fa pele ga me. Ke ne ke gakgametse. Ka bonako fela ke ne ka akanya ka Ditiro 10:25, 26 le Tshenolo 19:10. Ke ne ke ipotsa gore, ‘A ke mmolelele gore a se ka a dira jalo?’ Mme ke ne ka ipolelela gore, fa e le gore o amogetswe mo Bethele, o tshwanetse a bo a itse se Baebele e se buang ka kgang eno.
Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong tota fa re ntse re bua, mme moragonyana ke ne ka dira dipatlisiso. Ke ne ka lemoga gore se kgaitsadi yoo a neng a se dira e ne e le setso sa gaabo se se neng se sa ntse se dirwa kwa dikarolong dingwe tsa naga eo. Banna le bone ba ne ba a tle ba khubame. Ba ne ba dira jalo go bontsha tlotlo, e seng go obamela motho. Tota e bile, go na le bangwe ba ba ileng ba dira jalo mo Baebeleng. (1 Sam. 24:8) Ke itumelela gore ga ke a ka ka bua sepe se se neng se ka dira gore kgaitsadi yoo a tlhabiwe ke ditlhong, ka gonne ke ne ke sa itse setso sa bone.
Fa re le kwa Nigeria, re ne ra kopana le bakaulengwe b yo a neng a ithuta boammaaruri a sa le mosha. Le fa go ntse jalo, moragonyana o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa lepero. O ne a isiwa kwa lefelong le go neng go nna balepero kwa go lone, e bile e ne e le ene fela Mosupi koo. Le fa a ne a ganediwa, o ne a thusa batho ba ba fetang 30 ba ba tshwerweng ke lepero gore e nne Basupi, a bo a tlhoma phuthego mo lefelong leo.
le bokgaitsadi ba le bantsi ba ba neng ba ikanyega mo go Jehofa ka lobaka lo loleele. Mongwe wa bone ke Isaiah AdagbonaBAKAULENGWE BA KWA KENYA BA NE BA SA MPHELELE PELO
Ke na le tshukudu e e swetsweng ke mmaayone kwa Kenya
Ka 1996 re ne ra kopiwa gore re ye go direla kwa ofising ya lekala ya kwa Kenya. E ne e le gone ke boelang kwa nageng eno, fa e sa le go direga se ke se tlhalositseng kwa tshimologong. Re ne re nna kwa Bethele. Go ne go nna go tla dikgabo mo dikagong tsa Bethele. Di ne di phamolela bokgaitsadi maungo a ba neng ba a tshwere. Letsatsi lengwe, kgaitsadi mongwe o ne a tlogetse fensetere ya kamore ya gagwe e butswe. Fa a goroga, o ne a fitlhela dikgabo di ja dijo tse a neng a di tlogetse mo kamoreng. O ne a tswa mo kamoreng eo ka lobelo a goa. Dikgabo le tsone di ne tsa goa di bo di tswa ka fensetere.
Nna le Pauline re ne ra simolola go kopanela le phuthego ya Seswahili. Go ise go ye kae, ke ne ka kopiwa go tshwara Thuto ya Buka ya Phuthego (e gone jaanong e bidiwang Thuto ya Baebele ya Phuthego). Mme gone, ke ne ke ise ke itse puo eo sentle. Ke ne ke baakanyetsa sentle gore ke kgone go botsa dipotso. Le fa go ntse jalo, fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba araba mme dikarabo tsa bone di sa tlhage mo kgatisong, ke ne ke latlhega. Seo se ne se ntlhabisa ditlhong tota. Ke ne ke ba tlhomogela pelo. Ke ne ke itumelela gore ba ne ba le boikokobetso, ba sa mphelele pelo, e bile ba ne ba ntetla gore ke tswelele ke tshwara pokano eo.
BAKAULENGWE BA KWA UNITED STATES BA NA LE TUMELO LE FA BA HUMILE
Pele re fetsa ngwaga kwa Kenya, ke fa re kopiwa gore re ye kwa Bethele ya kwa Brooklyn, New York ka 1997. Re ne re le mo nageng e e humileng, mme seo se ka baka mathata mangwe. (Diane 30:8, 9) Mme gone, tota le mo nageng eno, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba na le tumelo e e nonofileng. Ba ne ba dirisa nako, le dilo tse ba nang le tsone, go ema nokeng tiro e e dirwang mo phuthegong ya ga Jehofa, e seng go ikhumisa.
Mo dingwageng tsotlhe tse re di feditseng re direla Jehofa, re bone kafa bakaulengwe ba ba mo maemong a a farologaneng ba nang le tumelo ka gone. Fa re le kwa Ireland re ne ra bona kafa bakaulengwe ba nang le tumelo ka gone le fa go na le dikhuduego. Kwa Afrika re bone kafa ba nang le tumelo ka gone le fa ba humanegile kgotsa e le bone fela Basupi mo lefelong le ba nnang mo go lone. Mme mo United States, re bona kafa bakaulengwe ba nang le tumelo ka gone le fa ba nna mo nageng e e humileng. Ruri Jehofa o a itumela fa a bona batho ba bontsha gore ba a mo rata le fa ba le mo maemong a a sa tshwaneng!
Nna le Pauline re le mo Bethele e e mo Warwick
Nako e fetile “ka bonako go gaisa nnale ya selogi.” (Jobe 7:6) Gone jaanong re bereka mo ntlokgolo ya lefatshe lotlhe mo Warwick, New York, e bile re sa ntse re itumelela go bereka le batho ba ba ratang ba bangwe. Re itumetse e bile re kgotsofetse ka gonne re ema Kgosi ya rona e bong, Keresete Jesu nôkeng. Re a itse gore go ise go ye kae o tla segofatsa batho ba le bantsi ba ba ikanyegang.—Math. 25:34.