SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 6

A o Ikanya Tsela e Jehofa a Dirang Dilo ka Yone?

A o Ikanya Tsela e Jehofa a Dirang Dilo ka Yone?

“Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne sengwe le sengwe se a se dirang se siame. Modimo yo o ikanyegang yo le ka motlha a sa direng tshiamololo; o siame e bile o tlhamaletse.”—DUTE. 32:4.

PINA 3 Tshepo, Tsholofelo le Maatla a Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE *

1-2. (a) Goreng go se motlhofo gore batho ba le bantsi gompieno ba tshepe batho ba ba nang le taolo? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

 GOMPIENO ga go motlhofo gore batho ba le bantsi ba tshepe batho ba ba nang le taolo. Ba lemogile gore gantsi dipuso le melao ya naga e sireletsa batho ba ba humileng le ba ba itsegeng kgotsa ba ba tumileng mme ga di thuse batho ba ba humanegileng. Baebele e a re: “Motho o ntse a laola motho yo mongwe gore a mo utlwise botlhoko.” (Mor. 8:9) Baeteledipele ba bodumedi le bone ba dira dilo tse di sa siamang, mme seno se dirile gore batho ba le bantsi ba se ka ba tlhola ba tshepa Modimo. Ka jalo, fa motho a dumela go ithuta Baebele re tshwanelwa ke go mo thusa gore a ithute go tshepa Jehofa le batho ba a ba tlhophileng gore ba etelele phuthego ya gagwe pele mo lefatsheng.   

2 Boammaaruri ke gore batho ba re ba rutang Baebele ga se bone fela ba ba tshwanetseng go ithuta go tshepa Jehofa le go tshepa phuthego ya gagwe. Tota le rona ba re nang le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa, ga re a tshwanela go belaela gore tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone ka metlha e molemo. Ka dinako dingwe, go direga dilo tse di ka dirang gore re belaele tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone. Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka maemo a mararo a tumelo ya rona e ka lekwang mo go one: (1) fa re bala dipego dingwe mo Baebeleng, (2) fa re newa kaelo e e tswang mo phuthegong ya ga Jehofa, le (3) fa re nna le mathata mo nakong e e tlang.

TSHEPA JEHOFA FA O BALA BAEBELE

3. Tsela e re tshepang Jehofa ka yone e ka lekwa jang fa re ntse re bala dipego dingwe mo Baebeleng?

 3 Fa re ntse re bala Lefoko la Modimo, re ka nna ra ipotsa gore ke eng fa Jehofa a ile a dirisana le batho bangwe ka tsela e e rileng le gore ke eng fa a ile a dira ditshwetso dingwe. Ka sekai mo go Dipalo, Jehofa o ne a laela gore fa Moiseraele a ne a ka fitlhelwa a rwalela dikgong ka letsatsi la Sabata o ne a tshwanetse go bolawa. Mo go Samuele wa bobedi re bolelelwa gore dingwaga di le dintsi morago ga foo, Jehofa o ne a itshwarela Kgosi Dafide fa a ne a dirile boaka e bile a bolaile motho. (Dipa. 15:32, 35; 2 Sam. 12:9, 13) Re ka nna ra ipotsa gore, ‘Goreng Jehofa a ile a itshwarela Dafide fa a ne a dirile boaka mme monna yo o neng a dirile boleo jo bo neng bo lebega bo se masisi ene a ne a tshwanetse go bolawa?’ Gore re arabe potso eno, a re sekaseke dilo tse tharo tse re tshwanetseng go nna re di gopotse fa re bala Baebele.

4. Genesise 18:20, 21 le Duteronome 10:17 di re thusa jang gore re tshepe ditshwetso tse Jehofa a di dirang?

4 Ga se ka metlha Baebele e re tlhalosetsang dintlha tsotlhe ka pego nngwe e re e balang. Ka sekai, re a itse gore Dafide o ne a ikwatlhaya go tswa pelong ka ntlha ya se a neng a se dirile. (Pes. 51:2-4) Mme gone, monna yo o neng a sa ikobela molao wa Sabata e ne e le motho yo o ntseng jang? A o ne a ikwatlhaela se a neng a se dirile? A o ne a sa ikobele melao e mengwe ya ga Jehofa? A o ile a gana fa a ne a tlhagisiwa mo nakong e e fetileng kgotsa a itlhokomolosa tlhagiso eo? Baebele ga e re bolelele dintlha tseo. Le fa go ntse jalo, re itse seno: Jehofa ga a ke a ‘dira tshiamololo.’ (Dute. 32:4) Gantsi fa batho ba dira ditshwetso ba ikaega ka se batho ba se buang, se ba se akanyang ka batho ba bangwe kgotsa ka dilo tse dingwe mme seo se dira gore ba dire ditshwetso tse di sa siamang. Jehofa ene ga a tshwane le batho, fa a dira ditshwetso o a bo a sekasekile dintlha tsotlhe. (Bala Genesise 18:20, 21; Duteronome 10:17.) Fa re ntse re ithuta ka Jehofa le ka melao ya gagwe, re tla mo tshepa e bile re tla tshepa ditshwetso tse a di dirileng. Tota le fa pego nngwe ya Baebele e dira gore re ipotse dipotso tse re se nang dikarabo tsa tsone, re na le mabaka a a utlwalang a go tshepa gore Modimo o dira “se se siameng ka metlha.”—Pes. 145:17.   

5. E re ka re na le boleo, gantsi re leba dilo jang? (Bona lebokoso le le reng “ Boleo bo Dira Gore Re se Ka ra Leba Dilo Sentle.”)

5 Ga se ka metlha re lebang dilo sentle ka gonne re na le boleo. Modimo o re bopile mo setshwanong sa gagwe, ka jalo fela jaaka ene re batla gore batho ba direlwe tshiamiso. (Gen. 1:26) Le fa go ntse jalo, re ka nna ra se ka ra leba dilo sentle tota le fa re akanya gore re itse dintlha tsotlhe, ka gonne re na le boleo. Ka sekai, gakologelwa kafa Jona a neng a sa itumela ka gone fa Jehofa a ne a dira tshwetso ya go utlwela Baninife botlhoko. (Jona 3:10–4:1) Mme gone, akanya kafa seo se neng sa felela ka gone. Baninife ba ba fetang 120 000 ba ba neng ba ikwatlhaile, ba ne ba bolokiwa! Kwa bokhutlong Jona e ne e le ene yo o neng a sa leba dilo sentle, e seng Jehofa.

6. Goreng go sa tlhokege gore Jehofa a re tlhalosetse lebaka la go bo a dira ditshwetso dingwe?

6 Jehofa ga a tlhoke go tlhalosetsa batho lebaka la go bo a dira ditshwetso dingwe. Gone ke boammaaruri gore mo nakong e e fetileng Jehofa o ne a letla batlhanka ba gagwe gore ba tlhalose tsela e ba neng ba ikutlwa ka yone ka ditshwetso tse a neng a di dirile kgotsa tse a neng a batla go di dira. (Gen. 18:25; Jona 4:2, 3) Mme ka dinako dingwe o ile a tlhalosa lebaka la go bo a dirile ditshwetso dingwe. (Jona 4:10, 11) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a patelesege go re tlhalosetsa lebaka la go bo a dira ditshwetso tse a di dirang. E re ka e le Mmopi wa rona, ga a tlhoke gore re mo neye kgakololo pele a dira sengwe kgotsa fa a sena go se dira.—Isa. 40:13, 14; 55:9.

TSHEPA JEHOFA FA O NEWA KAELO

7. Go ka nna thata gore re dire eng mme ka ntlha yang?

7 Re a itse gore ka metlha Jehofa o dira se se siameng. Le fa go ntse jalo, ka dinako dingwe go ka nna thata gore re tshepe batho ba Jehofa a ba tlhophileng gore ba etelele phuthego ya gagwe pele. Re ka nna ra ipotsa gore a tota batho ba ba etelelang pele mo phuthegong ya ga Jehofa ba dira dilo go latela kaelo ya gagwe kgotsa ba dira se bone ba se batlang. Batho bangwe ba ba neng ba tshela ka nako ya fa go ne go kwalwa Baebele, ba ka tswa ba ne ba ipotsa jalo. Akanya ka dikai tse re buileng ka tsone mo  serapeng sa boraro. Mongwe wa losika lwa monna yo o neng a tlodile molao wa Sabata a ka tswa a ne a ipotsa gore a tota Moshe o ne a boditse Jehofa pele a laela gore monna yoo a bolawe. Mme tsala ya ga Uria wa Mohite yo Dafide a neng a dirile boaka le mosadi wa gagwe, a ka tswa a ne a akanya gore Dafide ga a bolawa ka gonne e ne e le kgosi. Boammaaruri ke gore ga re ka ke ra re re tshepa Jehofa fa re sa tshepe batho ba a ba tlhophileng gore ba etelele phuthego ya gagwe pele, ka gonne Jehofa o a ba tshepa.

8. Tsela e phuthego ya Bokeresete e dirang dilo ka yone gompieno e tshwana jang le se se builweng mo go Ditiro 16:4, 5?

8 Gompieno Jehofa o dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” go etelela karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe pele. (Math. 24:45) Motlhanka yono, o okamela phuthego ya Modimo mo lefatsheng lotlhe e bile o naya bagolwane kaelo fela jaaka setlhopha se se laolang sa bogologolo se ne se dira. (Bala Ditiro 16:4, 5.) Bagolwane bone ba naya diphuthego kaelo eo. Fa re ikobela kaelo e re e newang ke phuthego ya Modimo le bagolwane, re bontsha gore re tshepa tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone.

9. Ke mo maemong afe a go ka nnang thata gore re eme tshwetso e e dirilweng ke bagolwane nôkeng, mme ka ntlha ya eng?

9 Ka dinako dingwe go ka nna thata gore re eme ditshwetso tse di dirilweng ke bagolwane nôkeng. Ka sekai, bosheng jaana go dirilwe diphetogo di le dintsi mo diphuthegong le mo dipotologong. Mo maemong mangwe, bagolwane ba ile ba kopa baboledi bangwe gore ba ye kwa diphuthegong tse dingwe tse di nang le baboledi ba le mmalwa gore ba kgone go tlatsa palo ya bone mme Holo ya Bogosi e dirisiwe ka botlalo. Fa re kopiwa gore re ye go kopanela kwa phuthegong e nngwe go ka nna thata gore re tlogele ditsala le ba masika. A Modimo ke ene a kaelang bagolwane gore ba ise mmoledi ofe kwa phuthegong efe? Nnyaa. Seo ke sone se se ka dirang gore go nne thata gore re eme nôkeng kaelo e re e newang. Mme gone Jehofa o tshepa bagolwane gore ba ka kgona go dira ditshwetso tse di ntseng jalo, mme le rona re tshwanetse go ba tshepa. *

10. Go ya ka Bahebera 13:17, goreng re tshwanetse go dirisana le bagolwane?

10 Goreng re tshwanetse go dirisana le bagolwane le go ema ditshwetso tsa bone nôkeng tota le fa ditshwetso tseo e ka tswa e se sengwe se re se ratang? Ka gonne fa re dira jalo re tla thusa gore go nne le kutlwano mo phuthegong. (Baef. 4:2, 3) Fa batho botlhe ba ikobela ditshwetso tse di dirilweng ke bagolwane, botlhe mo phuthegong ba tla itumela. (Bala Bahebera 13:17.) Sa botlhokwa le go feta, re bontsha Jehofa gore re a mo tshepa fa re dirisana le batho ba a ba tlhophileng gore ba re tlhokomele ka gonne a ba tshepa.—Dit. 20:28.

11. Ke eng se se ka re thusang go tshepa kaelo e re e newang ke bagolwane?

11 Selo se sengwe se se ka re thusang gore re tshepe kaelo e re e newang ke bagolwane ke go gopola gore ba rapelela kaelo ya moya o o boitshepo fa ba sekaseka dikgang tse di amang phuthego. Gape ba ela tlhoko melaometheo ya Baebele e e tsamaisanang le kgang eo le go leba kaelo e phuthego ya ga Jehofa e re nayang yone. Ba batla go itumedisa Jehofa le go dira sotlhe se ba ka se kgonang go tlhokomela batho ba gagwe. Banna bano ba ba ikanyegang ba a itse gore tsela e ba dirang maikarabelo a bone ka yone e dira gore ba ikarabelele mo Modimong. (1 Pet. 5:2, 3) Akanya ka kgang eno: Mo lefatsheng le le kgaogantsweng ke lotso, bodumedi le dipolotiki, batho ba ga Jehofa bone ba obamela Modimo yo o esi wa boammaaruri ba le seoposengwe. Seno se direga fela ka gonne Jehofa a ema phuthego ya gagwe nôkeng!

12. Ke mabaka afe a bagolwane ba tshwanetseng go a ela tlhoko fa ba sekaseka gore a tota motho o ikwatlhaile?

12 Jehofa o neile bagolwane maikarabelo a botlhokwa a go dira gore phuthego e nne e le phepa. Fa Mokeresete a dira boleo jo bo masisi, Jehofa o lebeletse gore bagolwane ba dire tshwetso ya gore a motho yoo o tla tswelela a le mo phuthegong kgotsa nnyaa. Selo se sengwe se ba se sekasekang ke gore a tota motho yoo o ikwatlhaile. A ka nna a bua gore o ikwatlhaile, mme gone a tota o tlhoile boleo jo a bo dirileng? A o ikemiseditse go se boeletse boleo joo? Fa e le gore ditsala tse di sa siamang ke tsone tse di dirileng gore a dire boleo, a o ikemiseditse go kgaogana le tsone? Bagolwane ba rapela Jehofa, ba sekaseka dintlha tseo le go leba se Baebele e se buang, e bile ba leka go bona gore motho yoo o ikutlwa jang ka se a se dirileng. Go tswa foo, ba dira tshwetso ya gore a motho yoo o tla tswelela a le mo phuthegong. Ka dinako dingwe motho yoo a ka tshwanelwa ke go kgaolwa.—1 Bakor. 5:11-13.

13. Re ka tshwenyega ka eng fa tsala ya rona kgotsa wa losika a kgaotswe?

13 Tsela e re tshepang bagolwane ka yone e ka lekwa jang? Fa e le gore motho yo o kgaotsweng ga se tsala ya rona kgotsa wa losika, go ka nna motlhofo gore re dumalane le tshwetso e bagolwane ba e dirileng. Mme gone, fa motho yo o kgaotsweng e le tsala ya rona re ka nna le maikutlo a a farologaneng. Re ka nna ra ipotsa gore a tota bagolwane ba sekasekile dintlha tsotlhe kgotsa gore a ba atlhotse dilo ka tsela e Jehofa a neng a ka di atlhola ka yone. Re ka thusiwa ke eng gore fa bagolwane ba dirile tshwetso ya go kgaola motho yo re mo ratang, re lebe tshwetso eo ka tsela e e siameng?

14. Ke eng se se ka re thusang go ema bagolwane nôkeng fa ba dirile tshwetso ya gore tsala ya rona kgotsa wa losika a kgaolwe?

14 Re tshwanetse go gopola gore thulaganyo ya go kgaola motho e tswa kwa go Jehofa le gore e solegela phuthego molemo e bile e ka thusa motho yo o dirileng boleo. Fa motho yo o sa ikwatlhaeng a tlogelwa mo phuthegong a ka dira gore ba bangwe mo phuthegong le bone ba dire boleo. (Bagal. 5:9) Mo godimo ga moo, a ka nna a se ka a lemoga kafa boleo jwa gagwe bo leng masisi ka gone le gore o tshwanetse go fetola tsela e a akanyang ka yone le e a dirang dilo ka yone gore e nne tsala ya ga Jehofa gape. (Mor. 8:11) Ga re belaele gore fa bagolwane ba dira tshwetso ya gore a motho o tshwanetse go kgaolwa, ba tsaya seo e le tshwetso e e masisi tota. Ba nna ba gopotse gore fela jaaka baatlhodi ba kwa Iseraele wa bogologolo, ‘ga ba atlholele motho mme ba atlholela Jehofa.’—2 Ditir. 19:6, 7.

GO TSHEPA JEHOFA GONE JAANONG GO TLA RE THUSA GO MO TSHEPA MO NAKONG E E TLANG

Ke eng se se tla re thusang go tshepa kaelo e re tla e newang ka nako ya pitlagano e kgolo le go e ikobela? (Bona serapa 15)

15. Goreng re tshwanetse go tshepa tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone go feta kafa re neng re e tshepa ka gone pele?

15 Fa bokhutlo jwa lefatshe leno bo ntse bo atamela, re tshwanetse go tshepa tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone go feta le fa e le leng pele. Goreng? Ka nako ya pitlagano e kgolo, re ka nna ra newa ditaelo tse go ka lebegang go le thata go di tlhaloganya kgotsa go di ikobela. Boammaaruri ke gore Jehofa a ka se bue le rona ka boene. A ka nna a re naya kaelo a dirisa batho ba a ba tlhophileng gore ba etelele phuthego ya gagwe pele mo lefatsheng. Eo e tla bo e se nako ya gore re belaele kgotsa re ipotse gore, ‘A tota kaelo eo e tswa kwa go Jehofa kgotsa a bakaulengwe ba ba etelelang pele ba dira se bone ba se ratang?’ A o tla tshepa Jehofa le phuthego ya gagwe mo nakong eo? Tsela e o lebang kaelo e re e newang ke baemedi ba ga Jehofa gone jaanong e ka go thusa gore o arabe potso eo. Fa o e tshepa, e bile o ikemiseditse go e ikobela, go tla nna motlhofo gore o kgone go e tshepa le mo nakong ya pitlagano e kgolo.—Luke 16:10.

16. Tsela e re tshepang ditswetso tse Jehofa a di dirang e tla lekwa jang le mo nakong e e tlang?

16 Selo se sengwe se re tshwanetseng go akanya ka sone ke gore re tla ikutlwa jang ka ditshwetso tse Jehofa a tla di dirang fa a fedisa lefatshe leno le le bosula. Gone jaanong re na le tsholofelo ya gore batho ba ba sa direleng Jehofa, go akaretsa le ba masika a rona ba e seng Basupi ba tla mo direla pele bokhutlo bo tla. Le fa go ntse jalo, ka nako ya Aramagedona Jehofa o tla dirisa Jesu gore a dire tshwetso ya gore go tla direga eng ka bone. (Math. 25:31-33; 2 Bathes. 1:7-9) Ga re kitla re dira tshwetso ya gore ke mang yo Jehofa a tla mo utlwelang botlhoko le yo a ka se mo utlweleng botlhoko. (Math. 25:34, 41, 46) A re tla tshepa Jehofa kgotsa re tla tlogela go mo direla fa re sa dumalane le ditswetso tsa gagwe? Ga go pelaelo gore re tshwanetse go nonotsha tsela e re tshepang Jehofa ka yone gore re kgone go mo tshepa ka botlalo le mo nakong e e tlang.   

17. Re tlile go solegelwa molemo jang ke ditshwetso tse Jehofa a tla bong a di dirile fa a fedisa lefatshe leno le le bosula?

17 Akanya kafa re tla ikutlwang ka gone mo lefatsheng le lesha la Modimo fa re bona ditshwetso tse Jehofa a tla bong a di dirile. Bodumedi jwa maaka bo tla bo bo sa tlhole bo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le dikgwebo tse di dirwang ka bopelotshetlha le dipuso tse di gatelelang batho e bile di dirile gore ba boge ka dingwaga di le dintsi. Bolwetse, botsofe le loso di tla bo di sa tlhole di le teng. Satane le madimona ba tla bo ba sa kgone go bogisa batho ka dingwaga di le sekete. Dilo tsotlhe tse di sa siamang tse di bakilweng ke go bo Satane a ile a tlhanogela Jehofa, di tla bo di sa tlhole di le gone. (Tshen. 20:2, 3) Ka nako eo, re tla itumelela go bo re ile ra tshepa tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone!

18. Re ithuta eng mo sekaong sa Baiseraele se go builweng ka sone mo go Dipalo 11:4-6 le 21:5?

18 A go ka direga gore mo lefatsheng le lesha la Modimo go nne le dikgwetlho tse di tla dirang gore re belaele tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone? Ka sekai, akanya ka se se ileng sa direga nakwana fela morago ga gore Baiseraele ba gololwe kwa bokgobeng kwa Egepeto. Bangwe ba bone ba ne ba simolola go ngongorega ka gonne ba ne ba sa tlhole ba ja dijo tse ba neng ba di ja kwa Egepeto e bile ba ne ba nyatsa mana a Jehofa a neng a ba naya one. (Bala Dipalo 11:4-6; 21:5.) A le rona re ka akanya ka tsela e e tshwanang morago ga pitlagano e kgolo? Ga re itse gore tiro ya go phepafatsa e tla bo e le kana kang le gore go tla tsaya lobaka lo lo kae gore lefatshe le nne paradaise. Go ka direga gore go nne le tiro e ntsi e re tla tshwanelwang ke go e dira e bile kwa tshimologong botshelo bo ka nna thata. A re tla ngongorega ka se Jehofa a tla bong a re naya sone mo nakong eo? Boammaaruri ke gore fa re itumelela dilo tse Jehofa a re direlang tsone gone jaanong, re tla itumela le mo nakong eo.

19. O ka sobokanya jang dintlha tsa botlhokwa tse di mo setlhogong seno?

19 Re tshwanetse go tlhatswega pelo gore tsela e Jehofa a dirang dilo ka yone e siame ka metlha. Gape re tshwanetse go tshepa batho ba Jehofa a ba tlhophileng gore ba re neye ditaelo tsa gagwe. A re nneng re gopotse mafoko a Jehofa a neng a a bua a dirisa moporofeti wa gagwe e bong Isaia a a reng: “Fa lo nna lo ritibetse e bile lo ntshepa, lo tla nna le maatla.”—Isa. 30:15.

PINA 98 Dikwalo di Tlhotlheleditswe ke Modimo

^ ser. 5 Setlhogo seno se tla re thusa go bona gore goreng go le botlhokwa gore re nonotshe tsela e re ikanyang Jehofa ka yone, le e re ikanyang batho ba a ba tlhophileng gore ba etelele phuthego ya gagwe pele mo lefatsheng. Gape re tla bona gore go dira jalo go re solegela molemo jang gone jaanong le gore re ka fenya jang dikgwetlho mo nakong e e tlang.

^ ser. 9 Ka dinako dingwe go ka nna le mabaka a a dirang gore motho mongwe kgotsa lelapa lengwe le sale mo phuthegong. Bala Tirelo ya Rona ya Bogosi ya November 2002, “Lebokoso la Dipotso.”