SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 14
PINA 8 Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona
“Itlhopheleng . . . yo lo Tla mo Direlang”
“Nna le ba lelapa la me, re tla direla Jehofa.”—JOSH. 24:15.
SE GO BUIWANG KA SONE
Setlhogo seno se tla re gopotsa mabaka a go bo re direla Jehofa.
1. Re tshwanetse go dira eng gore re itumele, mme ka ntlha ya eng? (Isaia 48:17, 18)
JEHOFA o re rata fela thata e bile o batla gore re itumelele botshelo gone jaanong le mo nakong e e tlang. (Mor. 3:12, 13) O re bopile re na le bokgoni jwa go dira dilo di le dintsi tse di kgatlhang. Le fa go ntse jalo, ga a re naya bokgoni jwa go ipusa le jwa go itirela ditshwetso tsa se se siameng le se se sa siamang. (Mor. 8:9; Jer. 10:23) O a itse gore re tla itumela fa re mo direla le fa re mo ikobela.—Bala Isaia 48:17, 18.
2. Satane o batla gore re dumele eng, mme ke eng se Jehofa a ileng a se dira?
2 Satane o batla gore re dumele gore re ka itumela fa Jehofa a sa re buse le gore re ka atlega fa re ipusa. (Gen. 3:4, 5) Jehofa o ile a bontsha gore seo ke maaka a matala ka go letla batho gore ba ipuse ka nako e e rileng. Mme re iponetse ka matlho gore dipuso di paletswe. Le fa go ntse jalo, Baebele e bua ka banna le basadi ba ba neng ba itumetse ka gonne ba direla Jehofa. Mme Jesu o ne a itumetse le go feta. Mo setlhogong seno, re tlile go bona mabaka a go bo Jesu a ile a tlhopha go direla Jehofa. Gape re tla bona gore ke eng fa re tshwanetse go direla Jehofa. Go tswa foo, re tla sekaseka mabaka a go bo re direla Jehofa.
GORENG JESU A ILE A TLHOPHA GO DIRELA JEHOFA?
3. Satane o ile a solofetsa Jesu eng, mme Jesu ene o ile a tlhopha go dira eng?
3 Fa Jesu a sa ntse a le mo lefatsheng, o ile a tshwanelwa ke go dira tshwetso ya gore o tla direla mang. Nakwana fa a sena go kolobediwa, Satane o ile a mo raya a re fa a ka mo obamela o ne a tla mo naya magosi otlhe a lefatshe. Jesu o ile a re: “Tsamaya, Satane! Gonne go kwadilwe jaana: ‘O tshwanetse go obamela Jehofa, Modimo wa gago fela, e bile ke ene fela yo o tshwanetseng go mo direla.’” (Math. 4:8-10) Goreng Jesu a ile a tlhopha go direla Jehofa? A re tlotleng ka mabaka a go bo a ile a dira jalo.
4-5. Goreng Jesu a ile a tlhopha go direla Jehofa?
4 Lebaka la botlhokwa thata la go bo Jesu a ile a tlhopha go direla Jehofa ke gore o mo rata ka pelo yotlhe. (Joh. 14:31) Mo godimo ga moo, o direla Jehofa ka gonne a tshwanelwa ke go obamelwa. (Joh. 8:28, 29; Tshen. 4:11) Jesu o a itse gore Jehofa o re neile botshelo, o a ikanyega le gore o pelotshweu. (Pes. 33:4; 36:9; Jak. 1:17) Ka metlha Jehofa o ne a bolelela Jesu boammaaruri e bile o mo neile sengwe le sengwe se a nang le sone. (Joh. 1:14) Satane ene ga a tshwane le Jehofa, o dirile gore batho ba leofe ba bo ba swe. Ke rramaaka yo o pelotshetlha e bile o ikakanyetsa a le nosi. (Joh. 8:44) E re ka Jesu a ne a itse dilo tseno, ga a ise a ko a tlhanogele Jehofa.—Bafil. 2:5-8.
5 Lebaka le lengwe la go bo Jesu a ile a tlhopha go direla Jehofa ke gore o ne a lebile pele go bona dilo tse dintsi tse dintle tse di neng di tla direga fa a ne a ka tswelela a ikanyega. (Baheb. 12:2) Gape o ne a itse gore fa a ka tswelela a ikanyega, o ne a tlile go itshepisa leina la ga Rraagwe le gore boleo le loso di ne di ka se ka tsa tlhola di nna teng.
GORENG JEHOFA A TSHWANELWA KE GO OBAMELWA?
6-7. Goreng batho ba le bantsi ba sa direle Jehofa, mme ke eng fa re tshwanetse go mo obamela?
6 Batho ba le bantsi gompieno ga ba direle Jehofa ka gonne ga ba itse dinonofo tsa gagwe tse di kgatlhang e bile ga ba itse gore ke dilo dife tse a ba diretseng tsone. Ba tshwana le batho ba Paulo a ileng a ba rerela kwa Athena. Batho bao ba ne ba sa itse Modimo.—Dit. 17:19, 20, 30, 34.
7 Paulo o ile a tlhalosetsa batho ba kwa Athena gore Modimo wa boammaaruri “o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” Gape o ne a ba raya a re: “Ka ene re na le botshelo, re a tshikhinyega e bile re gone.” E re ka Jehofa a “dirile batho ba ditšhaba tsotlhe go tswa mo mothong a le mongwe,” ke ene fela yo re tshwanetseng go mo obamela.—Dit. 17:25, 26, 28.
8. Jehofa ga a kitla a dira eng? Tlhalosa.
8 E re ka Jehofa e le Mmopi le Molaodi wa lobopo lotlhe, o ne a ka pateletsa batho gore ba mo direle. Mme gone, ga a kitla a dira jalo. Go na le moo, o re naya bosupi jo bo bontshang gore o gone le gore o rata mongwe le mongwe wa rona fela thata. O batla gore batho ba le bantsi ba nne ditsala tsa gagwe go ya go ile. (1 Tim. 2:3, 4) Gape Jehofa o re katisitse gore re kgone go ruta batho ka dilo tse dintle tse a tla re direlang tsone le gore o tla di dira jang. (Math. 10:11-13; 28:19, 20) Mo godimo ga moo, o dirile gore go nne le diphuthego le balebedi ba ba lorato ba ba re tlhokomelang.—Dit. 20:28.
9. Jehofa o bontshitse jang gore o rata batho?
9 Jehofa o bontsha gore o rata batho botlhe tota le ba ba sa mo direleng ka go ba direla dilo tse dintle. Akanya ka seno: Go fetile dingwaga di le dintsi batho ba le bantsi ba itirela tshwetso ya se se siameng le se se sa siamang go na le go ikobela Jehofa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ile a tswelela a ba naya se ba se tlhokang gore ba tshele le gore ba itumelele botshelo. (Math. 5:44, 45; Dit. 14:16, 17) O ile a ba naya ditsala le ba malapa ba ba ba ratang, ba kgona go nna le bana, go bereka le go itumelela botshelo. (Pes. 127:3; Mor. 2:24) Seno se bontsha gore Jehofa o rata batho botlhe. (Ekes. 34:6) A re ikgopotseng mabaka a go bo re ile ra tlhopha go direla Jehofa le gore o segofatsa jang batho ba ba mo direlang.
MABAKA A GO BO RE TLHOPHILE GO DIRELA JEHOFA
10. (a) Lebaka la botlhokwa la go bo re direla Jehofa ke lefe? (Mathaio 22:37) (b) Jehofa o ile a go bontsha bopelotelele jang? (Pesalema 103:13, 14)
10 Fela jaaka Jesu, re direla Jehofa ka gonne re mo rata ka pelo yotlhe. (Bala Mathaio 22:37.) Re atamalana le Jehofa fa re ithuta ka dinonofo tsa gagwe. Ka sekai, Jehofa o ikemiseditse go re itshwarela. Fa Baiseraele ba ne ba sa mo ikobele, o ile a ba raya a re: “Tsweetswee, tlogelang ditsela tsa lona tse di bosula.” (Jer. 18:11) Jehofa o a itse gore re na le boleo le gore re lorole. (Bala Pesalema 103:13, 14.) Fa o akanyetsa kwa teng ka bopelotelele jwa ga Jehofa le dinonofo tsa gagwe tse dingwe, a seo ga se dire gore o batle go mo direla go ya go ile?
11. Ke mabaka afe a mangwe a a dirang gore re tlhophe go direla Jehofa?
11 Gape re direla Jehofa ka gonne go dira jalo ke selo se se siameng. (Math. 4:10) Mo godimo ga moo, re a itse gore fa re ikanyega mo go Jehofa, o tla re segofatsa. Go direla Jehofa ka boikanyegi go dira gore re itshepise leina la gagwe le gore re bontshe gore Satane ke moaki, e bile go itumedisa Jehofa. Fa re tlhopha go direla Jehofa gone jaanong, re tla nna le tsholofelo ya go mo direla go ya go ile.—Joh. 17:3.
12-13. Re ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela Jane le Pam?
12 Re ka simolola go rata Jehofa re sa le bannye e bile lorato loo lo ka nonofa fa re ntse re gola. Ela tlhoko se se ileng sa diragalela Jane le monnawe e bong Pam. a Fa Jane a na le dingwaga di le 11 mme Pam ene a na le di le 10, ba ile ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Le fa batsadi ba bone ba ne ba sa kgatlhegele go ithuta Baebele, ba ile ba ba bolelela gore ba tla ba letla go ithuta le Basupi fa fela ba ka tswelela ba ya kerekeng beke le beke. Jane a re: “Se Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba se nthuta mo Baebeleng, se ile sa nthusa gore ke se ka ka dirisa diokobatsi kgotsa ka dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jaaka bana ba le bantsi ba ke neng ke tsena sekolo le bone.”
13 Dingwaga di le mmalwa moragonyana, basetsana bano ba ile ba nna baboledi. Fa nako e ntse e tsamaya, ba ile ba nna babulatsela ba ntse ba tlhokometse batsadi ba bone ba ba godileng. Fa Jane a tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone ka dilo tse Jehofa a ba diretseng tsone, a re: “Ke ile ka lemoga gore Jehofa o tlhokomela ditsala tsa gagwe le gore fela jaaka 2 Timotheo 2:19 e tlhalosa, ‘Jehofa o itse ba e leng ba gagwe.’” Ga go pelaelo gore Jehofa o tlhokomela batho ba ba tlhophang go mo rata le go mo direla.
14. Re ka buelela Jehofa jang? (Bona le ditshwantsho.)
14 Re batla gore batho ba itse gore dilo tse ba di bolelelwang ka Modimo ga di boammaaruri. A re re o na le tsala e e pelonomi, e e ratang go aba e bile e itshwarela. Letsatsi lengwe o utlwa mongwe a re tsala eno ya gago ke motho yo o setlhogo e bile ga a ikanyege. O ne o tla dira eng? Ga go pelaelo gore o ne o tla mmuelela. Ka tsela e e tshwanang, fa Satane le batho botlhe ba a ba dirisang ba leka go gogagoga leina la ga Jehofa mo seretseng ka go bua maaka ka ene, re ka mmuelela ka go ba bolelela boammaaruri ka ene. (Pes. 34:1; Isa. 43:10) Re bontsha gore re rata Jehofa e bile re tlhopha go mo direla ka se re se buang le se re se dirang.
A o tla buelela Jehofa? (Bona serapa 14) b
15. Moaposetoloi Paulo o ile a diragalelwa ke dilo dife tse di itumedisang fa a sena go dira diphetogo? (Bafilipi 3:7, 8)
15 Re ikemiseditse go dira diphetogo gore re itumedise Jehofa le go dira mo go oketsegileng mo tirong ya gagwe. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a tseelwa kwa godimo mo bodumeding jwa Bajuda, mme o ile a tlogela bodumedi joo gore e nne molatedi wa ga Keresete le gore a direle Jehofa. (Bagal. 1:14) Seo se ile sa dira gore a diragalelwe ke dilo dingwe tse di itumedisang mo tirong ya ga Jehofa e bile o ne a tlile go busa le Jesu kwa legodimong. Ga a ise a ko a ikwatlhaele tshwetso e a ileng a e dira ya go direla Jehofa, le rona ga re kitla re e ikwatlhaela.—Bala Bafilipi 3:7, 8.
16. Re ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela Julia? (Bona le ditshwantsho.)
16 Fa re dira gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a rona, o tla re segofatsa gone jaanong le mo nakong e e tlang. Akanya ka se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe yo o bidiwang Julia. Go tloga fela a sa le monnye o ne a opela mo khwaereng ya kereke pele a ithuta boammaaruri. E re ka a ne a opela monate, moopedi mongwe wa mmino wa opera o ile a ithaopela go mo katisa. Go ise go ye kae, Julia o ile a simolola go tuma le go opela kwa mafelong a a itsegeng thata. Fa a le kwa sekolong sa mmino, moithutimmogo le ene o ile a simolola go bua le ene ka Modimo a bo a mo tlhalosetsa gore leina la Modimo ke Jehofa. Mo nakong e e sa fediseng pelo, Julia o ile a simolola go ithuta Baebele gabedi mo bekeng. Fa nako e ntse e tsamaya, Julia o ile a tlhopha go direla Jehofa go na le go nna moopedi yo o tumileng. Go dira tshwetso eo go ne go se motlhofo. A re: “Batho ba le bantsi ba ne ba re ke bomatla gore ke tlogele go opela gore ke direle Jehofa. Mme nna ke ne ke batla go mo direla botshelo jwa me jotlhe.” Julia o ikutlwa jang ka tshwetso e a ileng a e dira dingwaga di feta 30 tse di fetileng? A re: “Ke na le kagiso ya mogopolo e bile ke tshepa gore Jehofa o tla nnaya sengwe le sengwe se ke se eletsang mo nakong e e tlang.”—Pes. 145:16.
Fa re dira gore go direla Jehofa e nne selo sa botlhokwa mo matshelong a rona, re tla itumelela botshelo (Bona serapa 16) c
TSWELELA O DIRELA JEHOFA
17. Go itse gore bokhutlo bo gaufi go ama jang batho ba ba setseng ba tlhophile go direla Jehofa le ba ba iseng ba dire jalo?
17 Bokhutlo bo gaufi. Moaposetoloi Paulo o ile a re: “Gonne go setse ‘nako e khutshwane thata,’ e bile ‘yo o tlang o tla goroga mme ga a kitla a diega.’” (Baheb. 10:37) Seno se re ama jang? Boammaaruri ke gore nako e e setseng ya gore batho ba dire tshwetso ya go direla Jehofa e khutshwane. (1 Bakor. 7:29) Fa e le gore re setse re tlhophile go direla Jehofa, re a itse gore le fa re lebana le diteko re tla tshwanelwa ke go di itshokela ka “nako e khutshwane thata.”
18. Jesu le Jehofa ba batla gore re dire eng?
18 Jesu ga a a ka a kgothaletsa batho gore e nne balatedi ba gagwe fela, gape o ile a ba kgothaletsa gore ba tswelele e le balatedi ba gagwe. (Math. 16:24) Ka jalo, fa re na le dingwaga di le dintsi re direla Jehofa, ga re a tshwanela go latlhela seditse. Go na le moo, re tshwanetse go dira sotlhe se re ka se kgonang gore re tswelele re direla Jehofa. Go ka tswa go se motlhofo go dira jalo, mme gone re tla itumela e bile Jehofa o tla re segofatsa ka gonne re mo direla.—Pes. 35:27.
19. Re ithuta eng mo go se se ileng sa diragalela Gene?
19 Bangwe ba akanya gore ba ka se itumelele botshelo fa ba direla Jehofa. Fa e le gore o mosha, a o akanya gore go direla Jehofa go thata? Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Gene a re: “Ke ne ke tsaya gore go nna Mosupi wa ga Jehofa ke go ikgolega. Go ne go lebega e kete bana ba le bantsi ba ke godileng le bone ba ne ba itumelela botshelo ka gonne ba ne ba ya diphathing, ba ratana e bile ba tshameka di-video game mme nna ke fetsa nako ke le kwa dipokanong le kwa tshimong.” Go akanya jalo go ne ga ama Gene jang? A re: “Ke ne ka simolola go dira dilo dingwe tse di sa siamang tse bana ba bangwe ba neng ba di dira. Gone ke ne ke ja monate, mme monate oo ga o a ka wa felela gope. Ke ile ka simolola go akanya kafa melao ya ga Jehofa e re tswelang mosola ka gone, ke bo ke simolola go direla Jehofa ka pelo yotlhe. Fa e sa le ka nako eo, Jehofa o ntse a araba dithapelo tsa me.”
20. Re tshwanetse go ikemisetsa go dira eng?
20 Mopesalema o ile a opelela Jehofa jaana: “Go itumela motho yo o mo tlhophang o bo o mo atametsa kwa go wena gore a nne mo malwapeng a gago.” (Pes. 65:4) Ka jalo e kete rotlhe re ka ikemisetsa go tswelela re direla Jehofa, mme fela jaaka Joshua, re re: “Nna le ba lelapa la me, re tla direla Jehofa.”—Josh. 24:15.
PINA 28 Go Nna Tsala ya ga Jehofa
a Maina mangwe a fetotswe.
b TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Fa mosadi mongwe a sena go utlwa maaka a batho ba a buang ka rona a le kwa ntle ga lefelo la kopano, o ya kwa kolotsaneng ya dikgatiso. Fa a le koo o bolelelwa boammaaruri.
c TLHALOSO YA DITSHWANTSHO: Ditshwantsho tseno di bontsha diphetogo tse Julia a ileng a tshwanelwa ke go di dira gore a kgone go direla Jehofa.