KAKANTSHO YA GO ITHUTA
Ithute mo Ditshwantshong
Dikgatiso tsa rona di na le ditshwantsho tse dintsi tse di rutang dintlha tsa botlhokwa. O ka di dirisa jang gore di go thuse?
-
Pele o bala setlhogo sengwe, lebelela ditshwantsho. Go dira jalo go tla go rotloetsa gore o batle go bala setlhogo seo. Fa motho a bona dijo tse di rokotsang mathe mo sejaneng, o swegaswega pelo go di ja. Ka jalo ipotse go re: “Go na le ditshwantsho dife mo setlhogong seno?”—Amose 7:7, 8.
-
Fa o bala setlhogo sengwe, ipotse gore ke eng fa go dirisitswe ditshwantsho tseo. Bala mafoko a a tsamaisanang le ditshwantsho kgotsa tlhaloso ya ditshwantsho fa e le gore e teng. Go tswa foo, leka go bona gore ditshwantsho tseo di tsamaisana jang le se go buiwang ka sone le gore o ka di dirisa jang mo botshelong.
-
Fa o sena go bala, dirisa ditshwantsho tse di tlhagang mo setlhogong se o se badileng go ikgopotsa dintlha tsa botlhokwa tse o di ithutileng. Tswala matlho o bo o leka go ikgopotsa ditshwantsho tseo le gore o ithutileng eng mo go tsone.
-
Goreng o sa lebelele ditshwantsho tse di mo makasineng ono gape go bona gore a o gopola dintlha tse o di ithutileng?