Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 15

PINA 30 Rre, Modimo Wa me Le Tsala ya Me

“Go Atamela Modimo” go re Tswela Mosola!

“Go Atamela Modimo” go re Tswela Mosola!

“Mme fa e le nna, go atamela Modimo go ntswela mosola.”​—PES. 73:28.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tla bona gore re ka atamalana le Jehofa jang le gore go dira jalo go re tswela mosola jang.

1-2. (a) O tshwanetse go dira eng gore o nne le tsala e o atamalaneng le yone? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

 A O NA le tsala e lo ntshanang seinong? O ile wa dira eng gore lo nne ditsala? Gongwe o ile wa fetsa nako le ene a go tlotlela ka dikgwetlho tse a ileng a lebana le tsone e bile o ka tswa o ile wa lemoga se a se ratang le se a sa se rateng. O ile wa bona dinonofo tsa gagwe tse dintle tse o neng o ka rata go nna le tsone mme seo se ile sa dira gore o mo rate.

2 Go tlhokega nako le matsapa gore o nne le tsala e o atamalaneng le yone. Re tlhoka go dira se se tshwanang gore re atamalane le Jehofa. Mo setlhogong seno, re tla bona gore re ka atamalana jang le Jehofa le gore go dira jalo go re tswela mosola jang. Mme pele ga foo, a re boneng gore ke eng fa go le botlhokwa go atamalana le Tsala e e di gaisang tsotlhe e bong Jehofa.

3. Goreng go le botlhokwa gore re iphe nako ya go akanyetsa kwa teng ka mosola wa go atamalana le Jehofa? Naya sekai.

3 Ga go pelaelo gore o a itse gore go atamalana le Jehofa go re tswela mosola. Mme gone, fa re ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka gore go dira jalo go re tswela mosola go le kana kang, seo se tla re rotloetsa gore re tswelele re atamalane le ene. (Pes. 63:6-8) Ka sekai, re a itse gore go ja dijo tse di nang le dikotla, go ikatisa, go robala sentle le go nwa metsi a a lekaneng letsatsi le letsatsi go botlhokwa. Ka maswabi, batho ba le bantsi ga ba dire dilo tseno, seo se dira gore ba feleletse ba se na botsogo jo bontle. Mme gone, gantsi batho ba ba iphang nako ya go akanya gore dilo tseno di ba tswela mosola go le kana kang ba a di dira. Ka tsela e e tshwanang, re a itse gore go nna ditsala tsa ga Jehofa go re tswela mosola, mme fa re ipha nako ya go akanyetsa kwa teng ka gore seo se botlhokwa go le kana kang, re tla tswelela re atamalane le ene.​—Pes. 119:27-30.

4. Mokwadi wa Pesalema 73:28 o ile a reng?

4 Bala Pesalema 73:28. Mokwadi wa Pesalema 73 e ne e le Molefi yo o neng a neilwe kabelo ya go opela kwa tempeleng ya ga Jehofa. A ka tswa a ile a fetsa dingwaga di le dintsi a obamela Jehofa ka boikanyegi. Le fa go ntse jalo, o ne a itse gore go botlhokwa gore a gopole gore “go atamela Modimo” go mo tswela mosola e bile o ne a batla gore batho ba bangwe le bone ba itse seo. Mme gone, go atamalana le Modimo go ka re tswela mosola jang?

“GO ATAMELA MODIMO” GO DIRA GORE RE ITUMELE

5. (a) Goreng go atamalana le Modimo go dira gore re itumele? (b) Go ya ka Diane 2:6-16, botlhale jo Jehofa a re nayang jone bo ka go tswela mosola jang e bile bo ka go sireletsa jang?

5 Fa re nna re atamalana le Jehofa, re tla itumela le go feta. (Pes. 65:4) Go na le mabaka a mantsi a a dirang gore re itumele. Ka sekai, go bala Baebele go re tswela mosola e bile fa re ikobela kgakololo e e mo go yone re nna botlhale. Botlhale joo bo re sireletsa mo dilong tse di kotsi e bile bo re thusa gore re se ka ra dira diphoso tse di masisi. (Bala Diane 2:6-16.) Ke gone ka moo Baebele e reng: “Go itumela motho yo o bonang botlhale le motho yo o nnang le temogo.”​—Diane 3:13.

6. Ke eng se se ile sa dira gore mokwadi wa Pesalema 73 a hutsafale?

6 Boammaaruri ke gore ka dinako tse dingwe ditsala tsa ga Jehofa le tsone di a hutsafala. Mokwadi wa Pesalema 73 o ile a hutsafala fa a simolola go akanya gore dilo dingwe di ne di sa dirwe sentle. O ne a galefa tota fa a bona batho ba ba bosula ba lebega ba tshela monate le fa gone ba ne ba sa ikobele Jehofa e bile o ne a batla dilo tse ba neng ba na le tsone. O ne a tsaya gore batho ba ba neng ba rata ntwa e bile ba ikgogomosa, ba ne ba na le sengwe le sengwe se ba neng ba se batla, ba tshela sentle e bile ba sa boge. (Pes. 73:3-7, 12) Mopesalema o ne a tshwenyegile thata mo a neng a akanya gore matsapa a gagwe a go direla Jehofa e ne e le a bophiri. O ne a bua jaana a hutsafetse: “Eleruri ke ga lefela go bo ke itshekisitse pelo ya me.”​—Pes. 73:13.

7. Ke eng se se ka re thusang gore re boe re itumele fa re hutsafetse? (Bona le setshwantsho.)

7 Mopesalema yono ga a a ka a tswelela a hutsafetse. O ile a thusiwa ke eng? O ile a “tsena mo lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo.” Fa a le koo, Jehofa o ile a mo thusa go akanya sentle. (Pes. 73:17-19) Fa re hutsafetse, Jehofa o itse se se dirang gore re hutsafale. Ka jalo, fa re mo kopa gore a re kaele e bile re amogela kgakololo e a re nayang yone mo Lefokong la gagwe le kgothatso e bakaulengwe le bokgaitsadi ba re nayang yone, re tla kgona go tswelela re mo direla le fa re hutsafetse. Tota le fa re utlwa e kete ditlhobaelo tsa botshelo di a re fekeetsa, Jehofa o tla re gomotsa e bile o tla re sidila maikutlo.​—Pes. 94:19. a

Molefi yo o kwadileng Pesalema 73, o eme mo “lefelong le legolo le le boitshepo la Modimo” (Bona serapa 7)


“GO ATAMELA MODIMO” GO DIRA GORE BOTSHELO BO NNE LE BOKAO LE GORE RE NNE LE TSHOLOFELO

8. Go atamela Modimo go re tswela mosola ka ditsela dife gape?

8 Go atamela Modimo go re tswela mosola ka ditsela tse dingwe gape tse pedi. Sa ntlha, re a itse gore re tshelela eng. Sa bobedi, re nna le tsholofelo ka bokamoso. (Jer. 29:11) A re tlotleng ka dintlha tseno tse pedi.

9. Go atamela Jehofa go re thusa jang mo botshelong?

9 Go atamela Jehofa go dira gore re itse gore re tshelela eng. Batho ba le bantsi ba a re Modimo ga a yo, ka jalo ga ba itse gore ke eng fa ba tshela e bile ba dumela gore batho ba tla bo ba sa tlhole ba le teng mo nakong e e tlang. Le fa go ntse jalo, se re se ithutileng mo Lefokong la Modimo se re tlhatswa pelo gore Modimo “o gone le gore o duela ba ba batlang go dira thato ya gagwe ka tlhoafalo.” (Baheb. 11:6) Gape Jehofa o re bopile re na le keletso ya go mo direla, ka jalo fa re mo direla re a itumela.​—Dute. 10:12, 13.

10. Ke eng se Jehofa a tla se direlang batho ba ba mo tshepang? (Pesalema 37:29)

10 Batho ba le bantsi ga ba na tsholofelo. Ba tshelela fela go bereka, go nyala kgotsa go nyalwa, go nna le bana le go boloka madi a ba tla a dirisang fa ba sena go tlogela tiro. Ga ba akanye gotlhelele ka Modimo. Mme rona, re tshepa Jehofa. (Pes. 25:3-5; 1 Tim. 6:17) Re dira jalo ka gonne re atamalane le Jehofa e bile re tshepa gore o tla dira dilo tse a re solofeditseng tsone. Go na le dilo tse dintle tse re lebileng pele go di dira, go akaretsa go obamela Jehofa go ya go ile kwa Paradaiseng.​—Bala Pesalema 37:29.

11. Go direga eng fa re atamela Jehofa, mme seo se dira gore a ikutlwe jang?

11 Go atamela Jehofa go re tswela mosola ka ditsela tse dingwe gape. Ka sekai, Jehofa o solofetsa go re itshwarela fa re ikwatlhaya. (Isa. 1:18) Seo se dira gore re se ka ra nna le segakolodi se se molato ka ntlha ya maleo a re a dirileng mo nakong e e fetileng. (Pes. 32:1-5) Gape re a itumela fa re itumedisa Jehofa. (Diane 23:15) Ke boammaaruri gore go na le dilo tse dingwe tse dintle tse re di itumelelang ka gonne re le ditsala tsa ga Jehofa. Mme gone, re ka dira eng gore re tswelele re atamalane le ene?

KE ENG SE SE KA RE THUSANG GO NNA RE ‘ATAMALANA LE MODIMO’?

12. Ke eng se o setseng o se dirile gore o atamalane le Modimo?

12 Ga go pelaelo gore pele o kolobediwa, o ile wa dira dilo tse dintsi gore o nne tsala ya ga Jehofa. O ile wa ithuta ka Jehofa le Jesu, wa ikwatlhaela maleo a o a dirileng mo nako e e fetileng, wa bontsha gore o dumela mo go Jehofa wa bo wa dira sotlhe se o ka se kgonang gore o mo ikobele. Mme gone, gore o nne o atamalana le Modimo o tshwanetse go tswelela o dira dilo tseno.​—Bakol. 2:6.

13. Ke dilo dife tse tharo tse di ka re thusang gore re tswelele re atamalana le Jehofa?

13 Ke eng se se tla re thusang gore re tswelele re atamalana le Jehofa? (1) Re tshwanetse go tswelela re ithuta Baebele. Fa re ithuta, ga re a tshwanela go ithuta fela dithuto tsa motheo ka Modimo. Gape re tshwanetse go tlhaloganya tsela e a akanyang ka yone, se a batlang gore re se dire le go tshela ka tsela e a batlang re tshela ka yone. (Baef. 5:15-17) (2) Re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka dilo tse Jehofa a re diretseng tsone go bontsha gore o a re rata. (3) Re tshwanetse go tlhoa dilo tse Jehofa a di tlhoileng e bile ga re a tshwanela go itsalanya le batho ba ba di dirang.​—Pes. 1:1; 101:3.

14. Go ya ka 1 Bakorintha 10:31, re tshwanetse go dira eng letsatsi le letsatsi gore re itumedise Jehofa? (Bona le ditshwantsho.)

14 Bala 1 Bakorintha 10:31. Go botlhokwa gore re dire dilo tse re itseng gore di tla itumedisa Jehofa. Seno ga se reye fela gore re ye bodireding le kwa dipokanong. Mme se akaretsa go itumedisa Jehofa ka se re se dirang letsatsi le letsatsi. Ka sekai, fa re ikanyega mo dilong tsotlhe e bile re abela batho ba bangwe dilo tse re nang le tsone, Jehofa o a itumela. (2 Bakor. 8:21; 9:7) Gape o batla gore re bontshe gore re lebogela botshelo ka go sa je thata le go nwa ka tsela e e feteletseng. Mo godimo ga moo, o batla gore re dire dilo tse dingwe tse di ka re thusang gore re nne le botsogo jo bo siameng. Fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go itumedisa Jehofa, tota le mo dilong tse dinnye, seo se tla dira gore a re rate le go feta.​—Luke 16:10.

Re ka itumedisa Jehofa ka go kgweetsa sentle, go ikatisa, go ja dijo tse di nang le dikotla le ka go amogela baeng (Bona serapa 14)


15. Jehofa o batla gore re dirisane jang le batho ba bangwe?

15 Jehofa o pelontle mo bathong ba ba siameng le ba ba sa siamang. (Math. 5:45) O batla gore le rona re dire se se tshwanang fa re dirisana le batho ba bangwe. Ka sekai, ga re a tshwanela go ‘bua bosula ka motho ope’ le go ‘rata manganga,’ go na le moo re tshwanetse go nna “bonolo mo bathong botlhe.” (Tito 3:2) Ka jalo, tota le fa batho ba sa dumele se re se dumelang, ga re itseye re le botoka go ba gaisa. (2 Tim. 2:23-25) Fa re le pelontle e bile re dirisana le batho ba bangwe sentle, re atamalana le Jehofa le go feta.

RE KA “ATAMELA MODIMO” LE FA RE DIRA DIPHOSO

16. Mokwadi wa Pesalema 73 o ile a ikutlwa jang morago ga dingwaga tse dintsi a direla Jehofa?

16 Ka dinako dingwe o ka ikutlwa o sa atamalana le Jehofa ka ntlha ya diphoso tse o ileng wa di dira. Seno se ile sa diragalela mokwadi wa Pesalema 73. O ile a re: “Dinao tsa me di batlile di fapoga.” (Pes. 73:2) A re pelo ya gagwe e ne e le “botlhoko,” a “sa akanye,” a ikutlwa a “tshwana le phologolo e e se nang tlhaloganyo” fa pele ga ga Jehofa. (Pes. 73:21, 22) A diphoso tsa gagwe di ile tsa dira gore a akanye gore Jehofa ga a mo rate le gore ga a kitla a mo itshwarela?

17. (a) Mopesalema o ile a dira eng fa a ne a kgobegile marapo? (b) Re ithuta eng mo go se se mo diragaletseng? (Bona le ditshwantsho.)

17 Fa e le gore mopesalema o ne a ikutlwa e kete Jehofa o mo latlhile, o tshwanetse a bo a ile a ikutlwa jalo ka nakwana fela. Fa a ne a kgobegile marapo, o ile a lemoga gore o tlhoka go atamalana le Jehofa. O ile a re: “Mme jaanong ke na le wena [Jehofa] ka metlha; o tshwere seatla sa me sa moja. O nkaela ka kgakololo ya gago, mme morago ga moo o tla nkisa kwa kgalalelong.” (Pes. 73:23, 24) Le rona re tshwanetse go kopa Jehofa gore a re neye maatla fa re lemoga gore tumelo ya rona e a koafala kgotsa fa re kgobegile marapo ka ntlha ya diphoso tsa rona. (Pes. 73:26; 94:18) Tota le fa re dira diphoso tse di masisi, re ka boela kwa go Jehofa re tlhatswegile pelo gore o ‘ikemiseditse go re itshwarela.’ (Pes. 86:5) Re tshwanetse go atamalana le Jehofa segolobogolo fa re kgobegile marapo.​—Pes. 103:13, 14.

Fa re lemoga gore tumelo ya rona e a koafala, re tshwanetse go atamalana le Jehofa ka go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya gagwe (Bona serapa 17)


“ATAMELA MODIMO” GO YA GO ILE

18. Goreng re ka re re tla nna re atamalana le Jehofa go ya go ile?

18 Re ka tswelela re atamalane le Jehofa go ya go ile e bile ga re ka ke ra fetsa go ithuta ka ene. Baebele e a re ga re ka ke ra ‘kgona go tlhaloganya ditiro tsa gagwe tsotlhe,’ botlhale jwa gagwe le kitso ya gagwe.​—Bar. 11:33.

19. Mafoko a a mo go Dipesalema a re tlhomamisetsa eng?

19 Pesalema 79:13 e a re: “Rona, batho ba gago le letsomane la mafulo a gago, re tla go ntshetsa ditebogo ka bosakhutleng; e bile re tla bolela pako ya gago go tswa kokomaneng go ya kokomaneng.” Fa o ntse o atamalana le Jehofa, le wena o ka tlhatswega pelo gore o tla go segofatsa e bile o ka bua jaana o sa kgale mathe ganong: “Modimo ke lefika la pelo ya me le kabelo ya me ka bosakhutleng.”​—Pes. 73:26.

PINA 32 Nna ka fa Letlhakoreng la ga Jehofa!

a Bangwe ba ba nang le bothata jwa go tshwenyega mo maikutlong, kgotsa go hutsafala ka lobaka lo loleele ba ka tlhoka go bona thuso ya ngaka. Fa o batla go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona makasine wa Tora ya Tebelo, No. 1 2023.