Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 17

PINA 99 Boidiidi Jwa Bakaulengwe

Ga re Nosi

Ga re Nosi

“Ke tla go thusa.”​—ISA. 41:10.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go tlotla ka dintlha di le nnê tse di bontshang gore Jehofa o a re kgathalela.

1-2. (a) Goreng re ka re ga re nosi fa re lebana le mathata? (b) Re tlile go tlotla ka eng mo setlhogong seno?

 FA RE na le mathata, re ka ikutlwa e kete re timetse mo sekgweng se se kitlaneng e bile ga re bone tsela ya go tswa mo go sone. Mme gone, re a bo re se nosi. Rraarona yo o lorato o bona mathata a re lebanang le one e bile o solofetsa gore o tla re thusa. Mo go Isaia 41:10 o re raya a re: “Ke tla go thusa.

2 Mo setlhogong seno, re tla tlotla ka dintlha tseno tse nnê tse di bontshang kafa Jehofa a re thusang ka gone: (1) O a re kaela, (2) o a re tlamela, (3) o a re sireletsa e bile (4) o a re gomotsa. Jehofa o re tlhomamisetsa gore ga a kitla a re lebala le fa re ka lebana le mathata ape fela mo botshelong. Ga a kitla a re latlha. Ka jalo, ga re nosi.

JEHOFA O A RE KAELA

3-4. Jehofa o re kaela jang? (Pesalema 48:14)

3 Bala Pesalema 48:14. Jehofa o a itse gore re tlhoka gore a re kaele. Mme gone, o re kaela jang? O dirisa Baebele. (Pes. 119:105) Baebele e re thusa go dira ditshwetso tse di siameng, go nna le dinonofo tse di tla dirang gore re itumelele botshelo gone jaanong le gore re nne le tsholofelo ya go tshelela ruri mo nakong e e tlang. a Ka sekai, e re ruta gore re se ka ra tshwara sekgopi, re ikanyege mo dilong tsotlhe le gore re rate batho ka pelo yotlhe. (Pes. 37:8; Baheb. 13:18; 1 Pet. 1:22) Fa re na le dinonofo tseno, re nna batsadi ba ba botoka, re a itumela mo manyalong e bile re nna ditsala tse di siameng.

4 Mo godimo ga moo, Jehofa o dirile gore dipego tsa batho ba ba ileng ba lebana le diteko tse re lebanang le tsone e bile ba ikutlwa fela jaaka rona, di kwalwe mo Baebeleng. (1 Bakor. 10:13; Jak. 5:17) Go bala dipego tseo le go ithuta mo go tsone go re tswela mosola. Sa ntlha, re lemoga gore ga re batho ba ntlha go nna le mathata, batho ba bangwe ba ile ba lebana le one e bile ba ile ba kgona go itshoka. (1 Pet. 5:9) Sa bobedi, re ithuta gore ke eng se se tla re thusang go itshokela mathata le go tswelela re itumetse.​—Bar. 15:4.

5. Jehofa o dirisa bomang go re kaela?

5 Gape Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re kaela. b Ka sekai, balebedi ba potologo ba etela diphuthego gangwe le gape gore ba re kgothatse. Dipuo tsa bone di nonotsha tumelo ya rona e bile di re thusa go nna seoposengwe. (Dit. 15:40–16:5) Bagolwane le bone ba dira ka natla go thusa mmoledi mongwe le mongwe mo phuthegong gore a nne a atamalane le Jehofa. (1 Pet. 5:2, 3) Batsadi ba ruta bana ba bone go rata Jehofa, go dira ditshwetso tse di siameng le go nna le mekgwa e mentle. (Diane 22:6) Bokgaitsadi ba ba godileng ba thusa bokgaitsadi ba basha ka go ba tlhomela sekao se sentle, go ba gakolola le go ba kgothatsa.​—Tito 2:3-5.

6. Re tshwanetse go dira eng gore kgakololo e Jehofa a re nayang yone e re tswele mosola?

6 Jehofa o re neile kgakololo e re e tlhokang. Re ka bontsha jang gore re lebogela se a re diretseng sone? Diane 3:5 le 6 e a re: “Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe, mme o se ka wa ikanya tlhaloganyo ya gago.” Fa re dira jalo, “o tla tlhamalatsa ditselana tsa [rona].” Seo se raya gore o tla re thusa gore re se ka ra wela mo mathateng a mantsi a batho ba welang mo go one e bile re tla itumelela botshelo. Ruri re leboga go bo Jehofa a re naya kgakololo e e bontshang gore o a re rata le gore o re itse sentle!​—Pes. 32:8.

JEHOFA O A RE TLAMELA

7. Jehofa o re tlamela jang? (Bafilipi 4:19)

7 Bala Bafilipi 4:19. Tsela e nngwe e Jehofa a re bontshang ka yone gore o a re kgathalela, ke ka go segofatsa matsapa a re a tsayang gore re nne le dijo, diaparo le lefelo le re ka nnang mo go lone. (Math. 6:33; 2 Bathes. 3:12) Ke boammaaruri gore re a tle re tshwenyege thata ka dilo tse re di tlhokang. Mme gone, Jehofa ga a batle gore re tshwenyege thata ka dilo tseno. (Math. 6:25) Goreng? Ka gonne ga a kitla a re latlha. (Math. 6:8; Baheb. 13:5) Re a itse gore o tla re tlamela fela jaaka a re solofeditse.

8. Jehofa o ile a thusa Dafide jang?

8 Akanya kafa Jehofa a thusitseng Dafide ka gone. Dafide o ile a fetsa dingwaga di le dintsi a sia ka gonne Kgosi Saulo a batla go mmolaya. Mo dinakong tseo tse di thata, Jehofa o ile a tlamela ene le banna ba gagwe ka dilo tse ba neng ba di tlhoka. Fa Dafide a ne a akanya ka nako eo, o ne a re: “Nkile ka bo ke le monnye mme jaanong ke tsofetse, le fa go ntse jalo, ga ke ise ke bone ope yo o siameng a latlhilwe, kgotsa bana ba gagwe ba tlhoka dijo.” (Pes. 37:25) Ga go pelaelo gore fela jaaka Dafide, le wena o ile wa bona kafa Jehofa a ileng a thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka gone ka dinako tsa mathata.

9. Gompieno Jehofa o tlamela batho ba gagwe jang ka nako ya masetlapelo a tlholego? (Bona le ditshwantsho.)

9 Gape Jehofa o tlamela batlhanka ba gagwe fa go na le masetlapelo a tlholego. Ka sekai, fa go ne go na le leuba kwa Jerusalema, Bakeresete ba bogologolo ba ba mo mafelong a a farologaneng ba ile ba romelela bakaulengwe ba bone dilo tse ba neng ba di tlhoka. (Dit. 11:27-30; Bar. 15:25, 26) Go direga se se tshwanang le gompieno. Fa go nna le masetlapelo a tlholego, Jehofa o tlhotlheletsa batlhanka ba gagwe gore ba thuse ba ba amilweng ke masetlapelo ka go ba naya dilo tse ba di tlhokang tse di jaaka dijo, metsi, diaparo le melemo. Ba ba mo diporojekeng tsa kago, ba thusa ka go baakanya matlo a a senyegileng le go aga Diholo Tsa Bogosi tse di senyegileng. Gape batlhanka ba ga Jehofa ba bonako go dirisa Baebele go gomotsa le go kgothatsa ba ba tlhokafaletsweng le ba ba senyegetsweng ke matlo. c

Jehofa o re gomotsa jang ka nako ya masetlapelo a tlholego? (Bona serapa 9) e


10-11. O ithuta eng mo se se diragaletseng Borys?

10 Gape Jehofa o tlamela batho ba ba sa mo direleng. Le rona re dira sotlhe se re ka se kgonang go thusa batho ba ba sa direleng Jehofa. (Bagal. 6:10) Gantsi seo se nna le diphelelo tse dintle. Ela tlhoko se se ileng sa diragalela mogokgo mongwe yo o bidiwang Borys yo o nnang kwa Ukraine. Le fa Borys e se Mosupi wa ga Jehofa, ka metlha o ne a tshwara baithuti ba Basupi sentle e bile a tlotla se ba se dumelang. Ka nako ya ntwa, Borys o ne a sia mo motseng o a neng a nna mo go one a bo a ya kwa lefelong le lengwe. Fa a le koo, bakaulengwe ba ile ba mo thusa. Moragonyana, Borys o ile a ya kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete. Fa a akanya ka se se diragetseng, a re: “Basupi ba ne ba le pelontle thata mo go nna e bile ba ntlhokomela. Ke a ba leboga.”

11 Le rona re ka etsa Rraarona yo o kutlwelobotlhoko ka go thusa batho ba ba tlhokang thuso, ba ka tswa ba direla Jehofa kgotsa ba sa mo direle. (Luke 6:31, 36) Re solofela gore matsapa ao a rona a tla dira gore bangwe ba simolole go direla Jehofa. (1 Pet. 2:12) Mme le fa ba sa dire jalo, re a itumela ka gonne “go aba go a itumedisa.”​—Dit. 20:35.

JEHOFA O A RE SIRELETSA

12. Jehofa o sireletsa batho ba gagwe jang? (Pesalema 91:1, 2, 14)

12 Bala Pesalema 91:1, 2, 14. Jehofa o solofetsa gore o tla sireletsa batho ba gagwe mo dilong tse di ka senyang botsala jwa bone le ene. Ga a kitla a letla Satane gore a kgotlele kobamelo ya boammaaruri. (Joh. 17:15) Re tlhatswegile pelo gore ka nako ya ‘pitlagano e kgolo,’ Jehofa o tla re thusa gore re tswelele re nonofile mo tumelong e bile o tla re sireletsa.​—Tshen. 7:9, 14.

13. Jehofa o sireletsa mongwe le mongwe wa rona jang?

13 Jehofa o thusa jang mongwe le mongwe wa rona? O dirisa Baebele go re thusa go lemoga se se siameng le se se sa siamang. (Baheb. 5:14) Go dirisa melaometheo e e mo Baebeleng go sireletsa botsala jwa rona le ene. Gape go re thusa go dira ditshwetso tse di siameng tse di tla dirang gore re itumele. (Pes. 91:4) Mo godimo ga moo, Jehofa o dirisa phuthego ya gagwe go re thusa gore re tswelele re ikanyega mo go ene. (Isa. 32:1, 2) Bakaulengwe le bokgaitsadi ba rata Jehofa e bile ba a mo ikobela. Fa re fetsa nako le bone ba a re kgothatsa e bile ba re thusa gore re se ka ra dira dilo tse di sa siamang.​—Diane 13:20.

14. (a) Goreng Jehofa a sa re sireletse mo ditekong tse dingwe? (b) Pesalema 9:10 e re tlhomamisetsa eng? (Bona le ntlha e e kwa tlase.)

14 Mo nakong e e fetileng, Jehofa o ile a sireletsa batlhanka ba gagwe gore ba se ka ba utlwisiwa botlhoko. Mme gone, o ne a sa dire jalo ka metlha. Ka dinako dingwe re ‘diragalelwa ke dilo tse re sa di lebelelang.’ (Mor. 9:11) Jehofa o ile a letla gore bangwe ba batlhanka ba gagwe ba bogisiwe le gore ba bolawe go bontsha gore Satane ke moaki. (Jobe 2:4-6; Math. 23:34) Seno se a direga le gompieno. Le fa Jehofa a sa tlose diteko tsa rona tsotlhe, re tlhatswegile pelo gore ga a kitla a latlha batho ba a ba ratang. d​—Pes. 9:10.

JEHOFA O A RE GOMOTSA

15. Thapelo, Baebele le dipokano di re gomotsa jang? (2 Bakorintha 1:3, 4)

15 Bala 2 Bakorintha 1:3, 4. Ka dinako dingwe re a hutsafala, re a tlhobaela kgotsa re a tshwenyega. Gongwe le gone jaanong go ka tswa go na le boemo bongwe jo bo go tlhobaetsang e bile bo dira gore o ikutlwe o le nosi. Itse gore Jehofa o tlhaloganya kafa o ikutlwang ka gone. Ga a bone fela kutlobotlhoko e re leng mo go yone, gape ‘o re gomotsa mo ditekong tsotlhe tse di re welang.’ O dira seo jang? Fa re rapela, o re “naya kagiso e batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya.” (Bafil. 4:6, 7) Gape Jehofa o a re gomotsa fa re bala Baebele. O re bolelela gore o a re rata, o re ruta gore re ka dira eng gore re nne botlhale e bile o re naya tsholofelo. Dipokano le tsone di a re gomotsa ka gonne fa re le kwa go tsone, re kgothadiwa ka Baebele e bile bakaulengwe le bokgaitsadi ba re bontsha gore ba a re rata.

16. O ithuta eng mo go se se diragaletseng Nathan le Priscilla?

16 Se se diragaletseng Nathan le Priscilla ba kwa United States se bontsha gore Jehofa o a re gomotsa e bile o re kgothatsa a dirisa Baebele. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng, Nathan le Priscilla ba ile ba fudugela kwa go nang le tlhokego ya baboledi gone. Nathan a re: “Re ne re tshepa gore Jehofa o tla re segofatsa.” Fa ba goroga kwa kabelong ya bone, ba ile ba nna le mathata a ba neng ba sa a lebelela. Ba ile ba lwala e bile ga ba a ka ba bona tiro e e neng e tla ba thusa go nna le dilo tse ba di tlhokang. Ka jalo, ba ile ba boela gae mme le fa ba le koo ga ba a ka ba bona tiro. Nathan a re: “Ke ne ke ipotsa gore ke eng fa Jehofa a sa re segofatsa ka tsela e re neng re akantse gore o tla re segofatsa ka yone. Ke ile ka simolola go akanya gore go na le sengwe se se phoso se ke se dirileng.” Mme fa nako e ntse e tsamaya, Nathan le Priscilla ba ile ba lemoga gore Jehofa o ne a sa ba latlha fa ba ne ba na le mathata. Nathan a re: “Mo dinakong tseo tse di thata, Baebele e ile ya re kgothatsa le go re kaela. Go akanya kafa Jehofa a ileng a re thusa ka gone go itshokela mathata go na le go akanya ka teko e re neng re lebane le yone, go ile ga re tlhomamisetsa gore Jehofa o tla re thusa le mo nakong e e tlang.”

17. Kgaitsadi Helga o ile a gomodiwa jang? (Bona le setshwantsho.)

17 Gape Jehofa o dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go re gomotsa. O dira seo jang? Ela tlhoko se se ileng sa diragalela kgaitsadi mongwe wa kwa Hungary yo o bidiwang Helga. O ile a nna le mathata a a farologaneng ka dingwaga di le dintsi mme seo se ile sa dira gore a tlhobaele le gore a ikutlwe e se motho wa sepe. Mme gone, fa a akanya ka dinako tseo tse di thata o a lemoga gore Jehofa o ne a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi go mo gomotsa. A re: “Ka metlha Jehofa o ne a nthusa fa a bona ke felelwa ke maatla ka gonne ke lapisitswe ke tiro, go tlhokomela ngwanake yo o lwalang le ke diteko tse dingwe. Mo dingwageng tseo tse 30, ga go na letsatsi lepe le a ileng a palelwa ke go nkgomotsa jaaka a solofeditse. Gape o ile a dirisa bakaulengwe le bokgaitsadi gore ba nkgothatse le gore ba nkakgole. Gantsi ba ne ba nkwalela melaetsa ka founu, ba nthomelela dikarata kgotsa ba nkakgola ka nako e ke neng ke tlhoka go gomodiwa ka yone.”

Jehofa a ka go dirisa jang gore o gomotse ba bangwe? (Bona serapa 17)


18. Re ka gomotsa ba bangwe jang?

18 Re na le tshiamelo ya go etsa Jehofa ka go gomotsa batho ba bangwe. Re ka dira seo jang? Re ka ba reetsa re le pelotelele, re ka ba gomotsa e bile re ka ba thusa ka ditsela tse dingwe. (Diane 3:27) Re batla go gomotsa botlhe ba ba bogang, go akaretsa le ba ba sa direleng Jehofa. Fa baagelani ba rona ba hutsafetse, ba lwala kgotsa ba tlhobaela, re a ba etela, re a ba reetsa e bile re ba kgothatsa re dirisa Baebele. Fa re etsa Jehofa, “Modimo yo o re gomotsang ka ditsela tsotlhe” re ka nna ra kgona go thusa badumedimmogo le rona gore ba itshokele diteko, gape re ka thusa batho ba ba sa direleng Jehofa gore ba batle go ithuta ka ene.​—Math. 5:16.

JEHOFA O NA LE RONA KA DINAKO TSOTLHE

19. Jehofa o re direla eng, mme re ka mo etsa jang?

19 Jehofa o a re kgathalela ka gonne re mo rata. Ga a kitla a re latlha fa re nna le mathata. Fela jaaka motsadi a kgathalela ngwana wa gagwe, Jehofa le ene o a re kgathalela. O a re kaela, o a re tlamela, o a re sireletsa e bile o a re gomotsa. Re etsa Rraarona yo o lorato fa re emana nôkeng e bile re kgothatsana fa re lebane le diteko. Re tlhomamisegile gore le fa re ka nna le mathata, Jehofa o na le rona. Tota e bile, o re solofetsa jaana: “O se ka wa boifa, ka gonne ke na le wena.” (Isa. 41:10) Mafoko ano a re tlhomamisetsa gore ga re nosi.

PINA 100 Amogelang Baeng

a Bona setlhogo se se reng, “Dira Ditshwetso Tse di Tlotlang Modimo” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa April 15, 2011.

b Bona setlhogo se se reng, “Tswelela o Ikobela Kaelo ya ga Jehofa” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2024, tsebe 11-14.

c O ka kwala “thuso ya namolo” mo lebokosong la go senka mo jw.org gore o bone dikai tsa bosheng.

d Bona setlhogo se se reng, “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa February 2017.

e TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Morago ga masetlapelo a tlholego kwa Malawi, bakaulengwe le bokgaitsadi ba newa dilo tse ba di tlhokang e bile ba a gomodiwa.