Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 18

PINA 65 Gatelang Pele!

Bakaulengwe ba Basha, Etsang Mareko le Timotheo

Bakaulengwe ba Basha, Etsang Mareko le Timotheo

“O tle le Mareko, ka gonne o nthusa thata mo bodireding.”​—2 TIM. 4:11.

SE GO BUIWANG KA SONE

Re tlile go bona kafa sekao sa ga Mareko le sa ga Timotheo se ka thusang bakaulengwe ba basha ka gone go nna le dinonofo tse di tla ba thusang go dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi.

1-2. Ke dikgwetlho dife tse di neng di ka dira gore Mareko le Timotheo ba se ka ba dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa?

 BAKAULENGWE ba basha, a lo batla go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa le go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong? Ga go pelaelo gore lo ka itumelela seo. Go a itumedisa go bona bakaulengwe ba le bantsi ba basha ba ikemiseditse go thusa ba bangwe! (Pes. 110:3) Mme gone, o ka lebana le dikgwetlho. A o okaoka go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa ka gonne o sa itse se se tla diregang mo nakong e e tlang? A o kile wa gana kabelo nngwe ka gonne o akanya gore ga o kitla o e dira sentle? Fa go le jalo, itse gore ga o nosi.

2 Mareko le Timotheo le bone ba ile ba lebana le dikgwetlho tse di tshwanang le tseo. Le fa gone ba ne ba sa itse gore go tla direga eng mo nakong e e tlang e bile ba se na maitemogelo, seo ga se a ka sa dira gore ba se ka ba thusa ba bangwe. Gongwe Mareko o ne a nna le mmaagwe mo ntlong e ntle fa moaposetoloi Paulo le Barenabase ba ne ba mo kopa gore a tsamaye le bone mo loetong lwa bone lwa ntlha lwa borongwa. (Dit. 12:12, 13, 25) Mareko o ile a tswa mo lefelong leo le a neng a le tlwaetse gore a ye go direla Jehofa mo go oketsegileng. Sa ntlha, o ile a fudugela kwa Antioka. Go tswa foo, o ne a tsamaya le Paulo le Barenabase kwa mafelong a mangwe a a kgakala. (Dit. 13:1-5) Timotheo le ene a ka tswa a ne a nna le batsadi ba gagwe fa Paulo a ne a mo kopa gore a ye go rera le ene. E re ka a ne a le mosha e bile a se na maitemogelo, seo se ne se ka dira gore a ikutlwe a sa tshwanelegele go tsamaya le Paulo. (Bapisa le 1 Bakorintha 16:10, 11 le 1 Timotheo 4:12.) Le fa go ntse jalo, o ile a dumela fa Paulo a ne a mo kopa gore a tsamaye le ene mme Jehofa o ile a mo segofatsa.​—Dit. 16:3-5.

3. (a) Re itse jang gore Paulo o ne a rata Mareko le Timotheo? (2 Timotheo 4:6, 9, 11) (Bona le ditshwantsho.) (b) Re tla tlotla ka dipotso dife mo setlhogong seno?

3 Mareko le Timotheo ba ile ba ithuta go dira dikabelo tse di farologaneng mo phuthegong ba sa le basha. Paulo o ne a ba rata e bile moragonyana fa a lemoga gore o tlile go bolawa, o ile a ba kopa gore ba tle kwa go ene. (Bala 2 Timotheo 4:6, 9, 11.) Ke eng se se neng se dira gore Paulo a rate Mareko le Timotheo? Bakaulengwe ba basha ba ka ba etsa jang? Kgakololo ya ga Paulo e ka thusa jang bakaulengwe ba basha?

Paulo o ne a rata Mareko le Timotheo ka gonne ba ile ba dira dikabelo tse di farologaneng ba sa le basha (Bona serapa 3) b


ETSA MAREKO​—DIRA KA NATLA MO TIRELONG YA GA JEHOFA O BO O THUSE BA BANGWE

4-5. Mareko o ile a bontsha jang gore o ikemiseditse go thusa ba bangwe?

4 Go ya ka tshupiso nngwe, go thusa ba bangwe go ka kaya go “dira ka natla go ba thusa le fa go dira jalo go le thata.” Seo ke se Mareko a ileng a se dira. Fa Paulo a ne a gana go tsamaya le ene mo loetong lwa gagwe lwa bobedi lwa borongwa, gongwe seo se ile sa mo utlwisa botlhoko. (Dit. 15:37, 38) Mme gone, ga a a ka a tlogela go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi.

5 Mareko o ile a tsamaya le ntsalaagwe e bong Barenabase gore ba ye go rera kwa lefelong le lengwe. Dingwaga di le 11 moragonyana, fa Paulo a ne a le kwa kgolegelong lekgetlo la ntlha kwa Roma, Mareko le bakaulengwe ba bangwe ba ile ba mo kgothatsa. (File. 23, 24) Tota e bile, Paulo o ile a lebogela se Mareko a neng a se dira, a bo a re o ne a “mo gomotsa fela thata.”​—Bakol. 4:10, 11.

6. Mareko o ile a thusiwa jang ke go itsalanya le Bakeresete ba bangwe ba ba ikanyegang? (Bona ntlha e e kwa tlase.)

6 Mareko o ile a thusiwa ke go itsalanya le bakaulengwe ba bangwe ba ba ikanyegang. Morago ga gore a fetse nako a na le Paulo kwa Roma, o ile a ya kwa go moaposetoloi Petere kwa Babelona. Petere le Mareko e ne ya nna ditsala tse di ntshanang seinong mo Petere a neng a mmitsa “Mareko, morwaake.” (1 Pet. 5:13) Fa ba ntse ba dira mmogo, Petere a ka tswa a ile a mo tlotlela ka dilo tse dintsi tse Jesu a ileng a di dira le ka bodiredi jwa gagwe tse moragonyana Mareko a ileng a di kwala mo bukeng ya Baebele e e bidiwang ka leina la gagwe. a

7. Mokaulengwe mongwe yo mosha yo o bidiwang Seung-Woo o ile a etsa Mareko jang? (Bona le setshwantsho.)

7 Mareko o ile a tswelela a dira ka natla mo tirelong ya ga Jehofa e bile o ile a tswelela a itsalanya le bakaulengwe ba ba nang le maitemogelo. O ka mo etsa jang? Fa e le gore ga o ise o newe kabelo nngwe e o e batlang, nna pelotelele. Batla ditsela tse dingwe tsa go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ka sekai, akanya ka se se diragaletseng Seung-Woo, yo gone jaanong e leng mogolwane. Fa a ne a le mosha, o ne a tle a ipapise le bakaulengwe ba bangwe ba basha. Bangwe ba bone ba ile ba newa ditshiamelo dingwe pele ga gagwe. Seo se ile sa dira gore Seung-Woo a utlwe botlhoko. Mme fa nako e ntse e tsamaya, o ile a bolelela bagolwane ka kgang eo. Mogolwane mongwe o ile a mo naya kakantsho ya gore a simolole go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi, tota le fa ba bangwe ba sa lemoge tiro e e molemo e a e dirang. Kgakololo eo e ile ya dira gore Seung-Woo a simolole go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng le ba ba tlhokang go isiwa dipokanong. Fa a akanya ka seno, a re: “Ke ile ka lemoga gore go thusa ba bangwe go kaya eng, mme seno se ile sa dira gore ke itumele.”

Bakaulengwe ba basha ba ka solegelwa molemo jang ke go fetsa nako le bakaulengwe ba ba godileng? (Bona serapa 7)


ETSA TIMOTHEO​—BONTSHA GORE O KGATHALELA BA BANGWE

8. Goreng Paulo a ile a tlhopha go tsamaya le Timotheo? (Bafilipi 2:19-22)

8 Paulo o ne a tlhoka bakaulengwe ba ba pelokgale ba ba neng ba ka tsamaya le ene fa a boela kwa mafelong a a ileng a bogisiwa kwa go one. Sa ntlha, o ile a tlhopha Mokeresete mongwe yo o nang le maitemogelo yo o bidiwang Silase gore a tsamaye le ene. (Dit. 15:22, 40) Moragonyana o ile a tlhopha Timotheo. Goreng a ile a tlhopha Timotheo? Lengwe la mabaka a a dirileng gore a tsamaye le Timotheo ke gore bakaulengwe ba ba neng ba nna gaufi le kwa gagabo ba ne ba mmua bontle. (Dit. 16:1, 2) Timotheo o ne a kgathalela batho ba bangwe.​—Bala Bafilipi 2:19-22.

9. Timotheo o ile a bontsha jang gore o kgathalela bakaulengwe le bokgaitsadi?

9 Go tloga fela fa Timotheo a simolola bodiredi jwa gagwe le Paulo, o ile a bontsha gore o tsaya bakaulengwe le bokgaitsadi ba le botlhokwa. Ka jalo, fa Paulo a ne a tswa kwa Berea o ne a itse gore Timotheo o ne a tla tlhokomela bakaulengwe ba koo. (Dit. 17:13, 14) Ga go pelaelo gore Timotheo o ne a ithuta dilo di le dintsi mo go Silase, yo le ene a ileng a sala kwa Berea. Mme gone, moragonyana Paulo o ile a romela Timotheo kwa Thesalonika gore a ye go kgothatsa bakaulengwe ba koo. (1 Bathes. 3:2, ntlh.) Mo dingwageng di le 15, Timotheo o ile a ithuta go “lela le batho ba ba lelang” ka go bontsha gore o kgathalela bakaulengwe botlhe ba ba neng ba bogisiwa. (Bar. 12:15; 2 Tim. 1:4) Bakeresete ba basha ba ka etsa jang Timotheo?

10. Ke eng se se thusitseng Mokaulengwe Woo Jae go kgathalela ba bangwe?

10 Mokaulengwe mongwe yo o bidiwang Woo Jae o ile a ithuta go bontsha ba bangwe gore o a ba kgathalela. Fa a sa le mosha, go ne go le thata gore Woo Jae a tlotle le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba godileng. Ka jalo, o ne a ba dumedisa fela kwa Holong ya Bogosi a bo a tsamaya. Mogolwane mongwe o ile a mo naya kakantsho ya gore a simolole motlotlo ka go bolelela bakaulengwe le bokgaitsadi se a se ratang ka bone. Gape mogolwane yoo o ile a mo naya kakantsho ya gore a akanye ka se ba bangwe ba ka tswang ba se rata. Woo Jae o ile a dirisa kakantsho eo. Gompieno ke mogolwane. A re: “Gone jaanong go motlhofo go itse gore nka tlotla le batho ba dingwaga tse di farologaneng ka eng. Ke a itumela fa ke itse se bakaulengwe le bokgaitsadi ba tshwenyegileng ka sone. Seno se nthusa gore ke itse se ba se tlhokang le gore ke kgone go ba thusa.”

11. Bakaulengwe ba basha ba ka bontsha jang gore ba kgathalela bakaulengwe le bokgaitsadi mo phuthegong? (Bona le setshwantsho.)

11 Bakaulengwe ba basha, le lona lo ka bontsha ba bangwe gore lo a ba kgathalela. Fa lo le kwa dipokanong, tlotlang le batho botlhe, go akaretsa ba ba godileng le ba basha. Ba botseng gore ba ntse ba tsoga jang, mme lo ba reetse. Fa nako e ntse e tsamaya, lo ka lemoga gore ba tlhoka go thusiwa ka eng. Gongwe lo ka lemoga gore banyalani ba ba godileng ba tlhoka go thusiwa go dirisa JW Library® kgotsa ba tlhoka motho yo ba ka berekang le ene mo tshimong. Gongwe lo ka ba thusa go dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki kgotsa lwa dira dithulaganyo tsa go bereka le bone mo tshimong. Fa lo thusa batho ba bangwe, lo tla tlhomela ba bangwe mo phuthegong sekao se se molemo.

Bakaulengwe ba basha ba ka thusa bakaulengwe le bokgaitsadi ka ditsela tse di farologaneng (Bona serapa 11)


KGAKOLOLO YA GA PAULO E KA GO THUSA

12. Kgakololo e Paulo a e neileng Timotheo e ka thusa jang bakaulengwe ba basha?

12 Paulo o ile a naya Timotheo kgakololo e e neng e tla mo thusa mo botshelong le mo bodireding. (1 Tim. 1:18; 2 Tim. 4:5) Bakaulengwe ba basha, le lona lo ka thusiwa ke kgakololo eno. Jang? Balang makwalo a mabedi a Paulo a ileng a a kwalela Timotheo jaaka e kete a kwaletswe lona, mme lo bone gore lo ka dirisa kgakololo e e mo go one jang mo botshelong. A re direng dikai.

13. Ke eng se se ka re thusang go ikanyega mo Modimong?

13 “Ikatise mme o bontshe gore o ikemiseditse go ikanyega mo Modimong.” (1 Tim. 4:7b, ntlh.) Go ikanyega mo Modimong go kaya eng? Go kaya go rata Jehofa le go eletsa go dira se se mo itumedisang. E re ka re tshotswe re se na nonofo eo, re tshwanetse go dira ka natla gore re nne le yone. Re raya jang? Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ikatise,” gantsi le ne le dirisiwa go tlhalosa baatlelete ba ba dirang ka natla go ikatisetsa kgaisano. Ba ne ba tshwanetse go nna le boikgapo gore ba kgone go dira dilo tse di neng di tla ba thusa go fenya kgaisano. Le rona re tshwanetse go nna boikgapo gore re dire dilo tse di tla re thusang go atamalana le Jehofa.

14. Re tshwanetse go bala Baebele ka boikaelelo bofe? Naya sekai.

14 Fa o bala Baebele letsatsi le letsatsi, nna o gopotse gore go dira jalo go tshwanetse go go thusa gore o atamalane le Jehofa. Ka sekai, fa o bala pego ya ga Jesu le lekawana le le humileng, ipotse gore e go ruta eng ka Jehofa. (Mar. 10:17-22) Lekawana leo le ne le dumela gore Jesu ke Mesia, mme ga le a ka la letla seo gore se le thuse go nna morutwa wa gagwe. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne “a mo rata” e bile o ne a bua le ene ka bonolo le fa a ne a se na tumelo e e nonofileng. Ga go pelaelo gore Jesu o ne a batla gore a direle Jehofa. Gape tsela e a neng a dirisana le ene ka yone e ne e bontsha gore Jehofa o lorato. (Joh. 14:9) Fa o ntse o akanya ka pego eno le ka maemo a gago, ipotse go re: “Ke tshwanetse go dira eng gore ke atamalane le Jehofa le gore ke thuse bakaulengwe le bokgaitsadi?”

15. Goreng mokaulengwe yo mosha a tshwanetse go ela tlhoko se a se dirang? Naya sekai. (1 Timotheo 4:12, 13)

15 “Nna sekao mo go ba ba ikanyegang.” (Bala 1 Timotheo 4:12, 13.) Paulo o ile a rotloetsa Timotheo gore a nne le bokgoni jwa go bala le go ruta. Gape o ile a mo rotloetsa gore a nne le dinonofo tse di jaaka lorato, tumelo le boitsheko. Goreng? Ka gonne se re se dirang se botlhokwa thata go feta se re se buang. A re re o neilwe puo e e buang ka go nna matlhagatlhaga mo bodireding. Fa o dira ka natla mo bodireding o tla nna le bopelokgale jwa go bua ka kgang eno. Bakaulengwe le bokgaitsadi le bone ba tla dirisa kgakololo e o ba nayang yone.​—1 Tim. 3:13.

16. (a) Ke dintlha dife tse tlhano tse bakaulengwe ba basha ba ka tlhomang sekao se se molemo mo go tsone? (b) Mokaulengwe yo mosha a ka nna sekao se se molemo jang “mo tseleng e a buang ka yone”?

16 Mo go 1 Timotheo 4:12, Paulo o bua ka dintlha tse tlhano tse bakaulengwe ba basha ba ka tlhomang sekao mo go tsone. Gongwe fa o ithuta o le nosi o ka sekaseka dintlha tseo. Ka sekai, a re re o batla go tlhoma sekao “mo tseleng e o buang ka yone.” Akanya ka se o ka se buang go kgothatsa ba bangwe. Fa e le gore o sa ntse o nna kwa gae le batsadi ba gago, gangwe le gape ba bolelele gore o lebogela se ba go direlang sone. Morago ga dipokano, o ka bolelela mokaulengwe kgotsa kgaitsadi mongwe gore o itumeletse puo ya gagwe. Gape fa o le kwa dipokanong o ka leka go araba ka mafoko a gago. Fa o dira ka natla gore o nne sekao se se molemo mo tseleng e o buang ka yone, bakaulengwe le boikgaitsadi ba tla bona gore o gatela pele.​—1 Tim. 4:15.

17. Ke eng se se ka thusang mokaulengwe yo mosha go fitlhelela mekgele ya gagwe? (2 Timotheo 2:22)

17 “Tshaba dikeletso tse basha ba nang le tsone, mme leka go dira se se siameng.” (Bala 2 Timotheo 2:22.) Paulo o ile a kgothaletsa Timotheo gore a lwantshe dikeletso tse di ka mo kgoreletsang gore a direle Jehofa le tse di ka senyang botsala jwa gagwe le Jehofa. Gongwe o a lemoga gore dilo dingwe ga di phoso, mme gone di go tseela nako ya go direla Jehofa mo go oketsegileng. Ka sekai, akanya ka nako e o e fetsang o tshameka metshameko mengwe le di-video-game kgotsa o le mo Internet. A o ka dirisa nako eo go direla Jehofa le go thusa ba bangwe? Gongwe o ka e dirisetsa go tlhokomela Holo ya lona ya Bogosi kgotsa go rera ka kolotsana. Fa o dira ditiro tseno, gongwe o ka nna le ditsala tse disha tse di tla go thusang go fitlhelela mekgele ya gago.

GO THUSA BA BANGWE GO DIRA GORE JEHOFA A RE SEGOFATSE

18. Goreng re ka re Mareko le Timotheo ba ile ba itumelela botshelo?

18 Mareko le Timotheo ba ile ba dira diphetogo dingwe mo matshelong a bone gore ba kgone go thusa bakaulengwe le bokgaitsadi. Seo se ile sa dira gore ba itumele fela thata. (Dit. 20:35) Mareko o ile a fudugela kwa mafelong a a farologaneng gore a kgone go thusa badumedimmogo le ene. Gape o ile a kwala ka bodiredi jwa ga Jesu le botshelo jwa gagwe. Timotheo ene o ile a thusa Paulo go tlhoma diphuthego le go kgothatsa bakaulengwe le bokgaitsadi. Ga go pelaelo gore Jehofa o ile a itumelela diphetogo tse Mareko le Timotheo ba ile ba di dira gore ba mo direle mo go oketsegileng.

19. Goreng bakaulengwe ba basha ba tshwanetse go dirisa kgakololo e Paulo a ileng a e naya Timotheo, mme seo se tla felela jang?

19 Makwalo a Paulo a ileng a a kwalela Timotheo a bontsha gore o ne a mo rata. Gape a bontsha gore Jehofa o a lo rata lona bakaulengwe ba basha. O batla gore lo atlege. Ka jalo, dirang sotlhe se lo ka se kgonang go dirisa kgakololo e Paulo a ileng a e naya Timotheo mme lo thuse ba bangwe. Fa lo dira jalo, lo tla itumelela botshelo gone jaanong, e bile lo tla “ngangatlela botshelo jwa mmatota” jo bo tlang.​—1 Tim. 6:18, 19.

PINA 80 “Lekang Mme lo Bone Gore Jehofa o Molemo”

a E re ka Petere e ne le motho yo o ratang go tlhalosa tsela e a ikutlwang ka yone, go ne go le motlhofo gore a tlhalosetse Mareko gore Jesu o ne a ikutlwa jang le gore o ne a itshwara jang mo maemong a a farologaneng. Gongwe seo ke sone se se ileng sa dira gore gangwe le gape Mareko a tlhalose kafa Jesu a neng a ikutlwa ka gone le tsela e a neng a itshwara ka yone fa a ne a kwala ka botshelo jwa gagwe.​—Mar. 3:5; 7:34; 8:12.

b TLHALOSO YA SETSHWANTSHO: Mareko o thusa Paulo le Barenabase ka dilo tse ba di tlhokang mo loetong lwa bone lwa borongwa. Timotheo o etetse bakaulengwe mo phuthegong gore a ba nonotshe le go ba kgothatsa.