Leina la Modimo (fa go tshwailweng teng) jaaka le tlhagelela mo mokwalong wa seatla wa bogologolo wa Baebele

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

A Modimo o na le leina?

BATHO BANGWE BA RE ga a na leina, ba bangwe ba re ke Modimo kgotsa Morena, mme ba bangwe bone ba re o na le maina a mantsi. Wena o akanyang?

SE BAEBELE E SE BUANG

“Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”—Pesalema 83:18.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Le fa gone Modimo a na le direto tse dintsi, o iphile leina le le lengwe fela.—Ekesodo 3:15.

  • Modimo ga se masaitseweng; o batla gore re mo itse.—Ditiro 17:27.

  • Go itse leina la Modimo e ka nna kgato ya ntlha e e ka re thusang go nna ditsala tsa gagwe. —Jakobe 4:8.

A go phoso go bitsa leina la Modimo?

O KA RENG?

  • Ee

  • Nnyaa

  • Go ikaegile ka maemo

SE BAEBELE E SE BUANG

“O se ka wa dirisa leina la ga Jehofa Modimo wa gago ka tsela e e se nang mosola.” (Ekesodo 20:7) Go nna phoso fela fa re dirisa leina la Modimo ka tsela e e sa bontsheng tlotlo. —Jeremia 29:9.

RE KA ITHUTA ENG GAPE MO BAEBELENG?

  • Jesu o ne a itse leina la Modimo e bile a le dirisa. —Johane 17:25, 26.

  • Modimo o batla gore re mmitse ka leina la gagwe. —Pesalema 105:1.

  • Baba ba Modimo ba leka go dira gore batho ba lebale leina la gagwe.—Jeremia 23:27.