Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A GO NA LE BAENGELE? GORENG O TSHWANETSE GO ITSE?

A go Na le Baengele ba ba Bosula?

A go Na le Baengele ba ba Bosula?

Ee, go na le baengele ba ba bosula. Ba tswa kae? Gopola gore Modimo o bopile baengele ba na le kgololesego ya go itlhophela. Nakonyana fa monna wa ntlha le mosadi e bong Adame le Efa ba sena go bopiwa, sebopiwa se se itekanetseng sa moya se ne sa dirisa kgololesego ya sone ya go itlhophela botlhaswa le go tsenya batho moya o o sa siamang wa go tlhanoga. O ne a kgona go dira gore Adame le Efa ba tlhanogele Modimo. (Genesise 3:1-7; Tshenolo 12:9) Baebele ga e tlhalose gore leina la sebopiwa seo sa moya e ne e le mang le gore maemo a sone e ne e le afe pele se tlhanogela Modimo. Mme Baebele ya re e rile a sena go tlhanoga o ne a bidiwa Satane, mo go rayang “Moganetsi” le Diabolo, mo go rayang “Yo o Senyang ba Bangwe Leina.”—Mathaio 4:8-11.

Ka maswabi, go tlhanogela Modimo ga go a felela ka nako eo. Ka motlha wa ga Noa, baengele bangwe ba go sa buiweng palo ya bone, ba ne ba “ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” kwa legodimong. Ba ne tla mo lefatsheng ba bo ba iphetola batho gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang, ba tlogela maikarabelo a bone.—Jude 6; Genesise 6:1-4; 1 Petere 3:19, 20.

Go ne ga diragalang ka baengele bao ba ba bosula? Fa Modimo a phepafatsa lefatshe ka morwalela ba ne iphetola baengele gape ba bo ba boela kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a ka a ba letla go boela kwa ‘boemong jwa bone jwa kwa tshimologong.’ Go na le moo, o ne a ba latlhela mo ‘lefifing [la semoya] le le kwenneng’ le le bidiwang Tatarase. (Jude 6; 2 Petere 2:4) Madimona ano a laolwa ke Satane Diabolo, e leng “mmusi wa madimona,” yo o nnang a “iphetola moengele wa lesedi.”—Mathaio 12:24; 2 Bakorintha 11:14.

Baebele e ruta gore Bogosi jwa Modimo jwa Bomesia—puso e e kwa legodimong—bo ne jwa tlhomiwa ka 1914. * Morago ga tiragalo eo, Satane le madimona a gagwe ba ne ba ntshiwa kwa legodimong ba bo ba latlhelwa mo lefatsheng. Go bo lefatshe la rona le tletse ka bosula le boitsholo jo bo sa siamang ke bosupi jwa gore ba batla go ipusulosetsa le go tlhotlheletsa batho go dira dilo tse di sa siamang.—Tshenolo 12:9-12.

Le fa go ntse jalo, go oketsega ga dilo tse di sa siamang le dintwa go bontsha gore puso ya bone e e sa siamang e ya bokhutlong. Go ise go ye kae, dibopiwa tseno tse di sa siamang di tla bo di sa tlhole di tlhotlheletsa batho. Fa Bogosi jwa Modimo bo sena go busa ka dingwaga di le 1 000 mo lefatsheng la paradaise, dibopiwa tseo tse di bosula di tla newa tshono ya bofelo go leka batho. Go tswa foo di tla fedisiwa ka bosakhutleng.—Mathaio 25:41; Tshenolo 20:1-3, 7-10.

^ ser. 6 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo, bona kgaolo 8 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa. Gape e gone mo www.jw.org/tn.