Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Praslin, Seychelles, kwa Charles Gordon a boneng tshingwana ya gagwe ya Edene gone ka 1881

Paradaise mo Lefatsheng—A ke Tlhamane Kgotsa ke Selo sa Mmatota?

Paradaise mo Lefatsheng—A ke Tlhamane Kgotsa ke Selo sa Mmatota?

Paradaise! Dibuka tsa maeto tse di nang le ditshwantsho tsa mafelo a mantle a a kgakala, di dira gore re batle go ya go iketla koo le go lebala mathata a rona. Mme re itse sentle gore fa re boela gae, re fitlhela maemo a sa ntse a ntse jaaka re a tlogetse.

Le fa go ntse jalo, go akanya ka paradaise go dira gore re itumele. Re nna re ipotsa gore: ‘A go akanya ka “paradaise” ke go ijesa dijo tsa ditoro fela? Fa go le jalo, goreng go akanya ka yone go dira gore re itumele? Mme gone, a e tla tsamaya e nna selo sa mmatota?’

PARADAISE E NE E NTSE JANG?

Go fetile dingwaga di le dintsi batho ba ntse ba kgatlhiwa ke kgang ya paradaise. Selo se se dirileng gore batho ba le bantsi ba kgatlhiwe ke paradaise, ke pego ya Baebele e e buang ka “tshingwana mo Edene, go ela kwa botlhaba.” Ke eng se se neng se kgatlha ka tshingwana eo? Pego eo ya re: “Jehofa Modimo a dira gore go mele mo mmung setlhare sengwe le sengwe se se eletsegang mo ponong ya motho e bile se le molemo go ka nna dijo.” Tshingwana eo e ne e le lefelo le lentle e bile le le monate. Se se neng se kgatlha thata ke gore go ne go na “le setlhare sa botshelo mo gare ga tshingwana.”—Genesise 2:8, 9.

Mo godimo ga moo, pego ya Genesise ya re go ne go na le dinoka tse nnê tse di neng di elela go tswa mo tshingwaneng eo. Tse pedi tsa tsone di sa ntse di le gone gompieno—e e bidiwang Tigris (kgotsa Hiddekel) le e e bidiwang Euferatese. (Genesise 2:10-14) Dinoka tseno tse pedi di feta mo Iraq e bogologolo e neng e le karolo ya Peresia, di elela go ya kwa lewatleng le lennye le le bidiwang Persian Gulf.

Go a utlwala go bo paradaise e le karolo e kgolo ya setso sa Baperesia. Kwa Musiamong wa Botaki wa Philadelphia kwa Pennsylvania, U.S.A., go na le mmetshe wa bogologolo wa Peresia o o bontshang tshingwana e e ageletsweng e e nang le ditlhare le malomo [kgotsa dithunya]. Mafoko a Se-Peresia a a reng “tshingwana e e ageletsweng” gape a kaya “paradaise” e bile se se tlhagang mo mmetsheng oo se bontsha tsela e Baebele e tlhalosang bontle jwa tshingwana ya Edene ka yone.

Tota e bile, batho ba dipuo le ditso di le dintsi mo lefatsheng ba nna ba bua ka paradaise. Fa batho ba ntse ba anamela kwa mafelong a a farologaneng, ba ne ba itse kgang e e boammaaruri ya paradaise, mme fa nako e ntse e ya, kgang eo e ne ya simolola go amanngwa le ditumelo le ditlhamane tsa bone. Tota le gompieno batho ba sa ntse ba bitsa mafelo a tlhago a mantle ba re ke paradaise.

GO BATLA PARADAISE

Batho ba ba ratang go etela mafelo ba batlisisa ka one ba ne ba re ba bone paradaise e e latlhegileng. Ka sekai, fa moeteledipele mongwe wa masole kwa Boritane e bong Charles Gordon a ne a etetse Seychelles ka 1881, o ne a kgatlhiwa thata ke bontle jwa Vallée de Mai, e jaanong e leng Lefelo le le Itlhaolang ka Bontle Jwa Lone mo Lefatsheng, a bo a le bitsa tshingwana ya Edene. Ka 1492, monna mongwe wa kwa Itali yo o neng a tsamaya ka sefofane a batla mafelo e bong Christopher Columbus, o ne akanya gore o gaufi le go bona tshingwana ya Edene fa a ne a bona setlhaketlhake sa Hispaniola, se gone jaanong se bidiwang Repaboliki ya Dominica le Haiti.

Buka ya hisitori ya bosheng e e bidiwang Mapping Paradise, e na le dimmapa tsa bogologolo di feta 190, tse bontsi jwa tsone di bontshang Adame le Efa ba le mo tshimong ya Edene. Mo go tsone, go na le o o sa tlwaelegang o o nang le dingwaga di ka nna 800 o le gone, o o takilweng ke Beatus wa kwa Liébana. Mo go one kwa godimo, go na le lebokoso le le nang le paradaise fa gare. Go tswa fa gare ga lebokoso leo, go elela dinoka tse nnê e leng “Tigris,” “Euferatese,” “Indus,” le “Joredane,” mme nngwe le nngwe e elela go ya kwa dikhutlong tse nnê tsa lebokoso leo, tse go tweng di emela go anama ga  Bokeresete mo dikarolong tse nnê tsa lefatshe. Ditshwantsho tseo di bontsha gore le fa go sa itsiwe gore Paradaise e ne e le kae, tsela e e tlhalosiwang ka yone e sa ntse e kgatlha.

Mmoki mongwe wa Moesemane yo o tshedileng dingwaga di feta 400 tse di fetileng e bong John Milton, o itsiwe ka poko ya gagwe ya Paradise Lost, e e buang ka pego ya Genesise fa Adame a ne a leofa a bo a lelekiwa mo tshimong ya Edene. Mo go yone, o ne a tlhomolola ntlha ya gore batho ba tla tshelela ruri mo lefatsheng a bo a re: “Ka nako eo, lefatshe lotlhe e tla nna paradaise.” Go tswa foo, Milton o ne a kwala poko e e bidiwang Paradise Regained.

GA BA TLHOLE BA KGATLHEGELA GO ITSE KA YONE

Kgang ya gore go kile ga nna le paradaise mo lefatsheng, ke kgang e batho ba sa bolong go e kgatlhegela thata. Jaanong goreng ba sa tlhole ba kgatlhegela go itse ka yone? Buka ya Mapping Paradise ya re ke ka gonne “baithutabodumedi . . . ba itlhokomolosa kgang ya gore paradaise e ne e le kae.”

Batho ba le bantsi ba ba tsenang dikereke ba rutiwa gore fa ba swa ba ya legodimong, e seng gore ba tla tshela mo lefatsheng la paradaise. Le fa go ntse jalo Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” E re ka lefatshe la rona gompieno e se paradaise, ke eng se se re tlhomamisetsang gore tsholofetso eno e tla diragadiwa? *

BOAMMAARURI KA PARADAISE YA LEFATSHE LOTLHE

Jehofa Modimo yo o dirileng Paradaise ya ntlha e e sa tlholeng e le gone, o solofeditse gore o tla e dira gape. Jang? Gopola gore Jesu o re rutile go rapela re re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Bogosi joo ke puso e Kgosi ya jone e leng Jesu Keresete mme bo tla fedisa magosi otlhe a batho. (Daniele 2:44) Fa Bogosi joo bo setse bo busa, thato ya Modimo ya gore lefatshe e nne paradaise e tla ‘diragala.’

Pele Jesu a tla mo lefatsheng, moporofeti Isaia o ne a tlhotlhelediwa go tlhalosa gore go tla bo go ntse jang mo Paradaiseng, nako e go tla bong go sa tlhole go na le dilo tse di tshwenyang batho le tse di bakang dikgotlhang. (Isaia 11:6-9; 35:5-7; 65:21-23) Re go kgothaletsa gore o iphe nako ya go bala ditemana tseo mo Baebeleng ya gago. Go dira jalo go tla dira gore o tlhatswege pelo ka dilo tse Modimo a batlang go di direla batho ba ba mo reetsang. Ba ba tla bong ba tshela ka nako eo ba tla itumelela paradaise le go amogelwa ke Modimo, e leng dilo tse di latlhegetseng Adame.—Tshenolo 21:3.

Goreng re ka tlhomamisega gore tsholofelo ya lefatshe la Paradaise ga se tlhamane mme ke selo sa mmatota? Ka gonne Baebele ya re: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.” Botshelo mo lefatsheng la paradaise ke jo “Modimo, yo a ka se kang a aka, a bo solofeditseng pele ga dinako.” (Pesalema 115:16; Tito 1:2) Ruri Baebele e re naya tsholofelo e e itumedisang—Paradaise e e nnelang ruri!

^ ser. 15 Se se kgatlhang gape ke gore Koran mo temana 105 ya sura 21 Al-Anbiya’ [Baporofeti] ya re: “Batlhanka ba me ba ba siameng ba tla rua lefatshe.”