Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Elias Hutter le Dibaebele Tsa Gagwe Tsa Sehebera Tse di Tlhomologileng

Elias Hutter le Dibaebele Tsa Gagwe Tsa Sehebera Tse di Tlhomologileng

A O KGONA go bala Baebele ya Sehebera? O ka tswa o sa kgone. Gongwe e bile ga o ise o bone Baebele ya Sehebera. Le fa go ntse jalo, o ka rata Baebele ya gago le go feta fa o ka ithuta ka mokwadi wa bogologolo e bong Elias Hutter le dithanolo tsa gagwe tse pedi tsa Baebele tsa Sehebera.

Elias Hutter o tshotswe ka 1553 kwa Görlitz e leng torotswana ya kwa Jeremane e gompieno e gaufi le molelwane wa Poland le wa Czech Republic. Hutter o ithutile dipuo tse di farologaneng kwa Lutheran University kwa Jena. Fa a le gaufi le go tshwara dingwaga di le 24, o ne a tlhomiwa go nna porofesa wa puo ya Sehebera kwa Leipzig. E re ka e ne e le modiradiphetogo mo go tsa thuto, o ne a bula sekolo kwa Nuremberg se se neng se ruta Sehebera, Segerika, Selatine le Sejeremane mo dingwageng di le nnê fela. Go ne go se na sekolo kgotsa yunibesithi epe e e neng e kgona go dira jalo.

“SE SE KGATLHANG KA KGATISO ENO”

Tsebe ya setlhogo sa Baebele ya Sehebera ya ga Hutter ya 1587

Ka 1587, Hutter o ne a ranolela karolo e e bidiwang Tesetamente e Kgologolo mo puong ya Sehebera. Thanolo eno e ne e bidiwa Derekh ha-Kodesh. Leina leno le tswa mo lekwalong la Isaia 35:8 mme le kaya “Tsela ya Boitshepo.” Mo tsebeng ya ntlha go ne go na le mafoko a a reng: “Dintlha tse di latelang di tlhalosa se se kgatlhang ka kgatiso eno.” Mme se se neng se kgatlha thata ka Baebele eno, ke gore e ne e thusa baithuti go itse Sehebera.

Baebele ya ga Hutter ya Sehebera e ne e thusa baithuti ka gonne ba ne ba lebana le dikgwetlho tse pedi fa ba leka go bala Baebele ya Sehebera. Kgwetlho ya ntlha ke gore e kwadilwe ka ditlhaka tse di farologaneng le tse di sa tlwaelegang. Ya bobedi, go ne go le thata go tlhaloganya mafoko fa a tsentswe ditlhogo le megatlana. Ka sekai, akanya ka lefoko la Sehebera נפשׁ (ne’phesh) le le kayang “moya (soul).” Mo go Esekiele 18:4, lefoko leno le tsentswe tlhogo ה (ha), mo go rayang “the” ka Seesemane mme e dira gore lefoko leo e nne הנפשׁ (han·ne’phesh) kgotsa “the soul.” Moithuti yo o sa itseng o ne a ka tsaya gore הנפשׁ (han·ne’phesh) ke lefoko lengwe le a sa le itseng.

Hutter o ne a dirisa mokgwa wa go kwala wa maemo a a kwa godimo—o ne a dirisa ditlhaka tsa Sehebera tsa bontsho jo bo tseneletseng le tse di seng dintsho gotlhe. O ne a kwala mafoko a a tlwaelegileng  ka bontsho jo bo tseneletseng a bo a kwala ditlhogo le megatlana ya one mafoko ao ka tse di seng dintsho gotlhe. Mokgwa ono o ne o thusa baithuti go lemoga mafoko a ba a itseng a Sehebera fa ba ntse ba ithuta puo eo. Baebele ya New World Translation of the Holy Scriptures—With References le yone e dirisa mokgwa oo mo dintlheng tsa yone tse di kwa tlase. Mafoko a a tlwaelegileng a kwadilwe ka bontsho jo bo tseneletseng mme ditlhogo le megatlana ya one di kwadilwe ka jo bo sa tsenelelang. Ditshwantsho tse di fa godimo di bontsha mokwalo o o dirisitsweng mo go Esekiele 18:4 mo Baebeleng ya Sehebera ya ga Hutter le mo dintlheng tsa Reference Bible tse di kwa tlase.

“TESETAMENTE E NTŠHA” YA THANOLO YA SEHEBERA

Gape Hutter o ne a ranolela Tesetamente e Ntšha mo dipuong di le 12 a dirisa ditlhaka tse di tlwaelegileng. Thanolo eo e ne ya gatisiwa kwa Nuremberg ka 1599 mme gantsi e bidiwa Nuremberg Polyglot (buka e le nngwe e e kwadilweng ka dipuo tse di farologaneng). Hutter o ne a batla go ranolela Dikwalo tsa Bokeresete Tsa Segerika (kgotsa Tesetamente e Ntšha) mo puong ya Sehebera. Mme o ne a re le fa a ne a ka “duela madi a mantsi” go bona thanolo eo ya Sehebera, seo e ne e tla nna matsapa a bophiri fela. * Ka jalo, o ne a simolola go ranolela Tesetamente e Ntšha ya Segerika mo puong ya Sehebera.

A Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse Hutter a neng a di ranoletse mo puong ya Sehebera di ne di nepile? Ka 1891, moithuti mongwe wa Sehebera e bong Franz Delitzsch o ne a re: “Mo thanolong ya gagwe ya Sehebera, o dirisitse puo e Bakeresete ka bontsi ba sa e tlwaelang mme ba itumelela go e bala ka gonne gangwe le gape o dirisa mafoko a a tshwanetseng.”

TLHOTLHELETSO E E NNELANG RURI

Hutter ga a ka a humisiwa ke tiro ya gagwe ya go ranola ka gonne dithanolo tsa gagwe di ne di sa rekwe. Le fa go ntse jalo, o dirile tiro e e botlhokwa thata gape e na le tlhotlheletso e e nnelang ruri. Ka sekai, Tesetamente e Ntšha ya gagwe ya Sehebera e ne ya tlhabololwa le go gatisiwa sesha ka 1661 ke William Robertson le ka 1798 ke Richard Caddick. Fa Hutter a ne a ranola go tswa mo puong ya Segerika, o ne a dirisa leina “Jehofa” (יהוה, JHVH) mo boemong jwa Kyʹri·os (Morena) le The·osʹ (Modimo) fa e le gore di ne di nopotswe go tswa mo Dikwalong tsa Sehebera kgotsa fa a ne a akanya gore go buiwa ka Jehofa. Seno se a kgatlha ka gonne dithanolo di le dintsi tsa Tesetamente e Ntšha ga di na leina la Modimo, ka jalo, thanolo ya ga Hutter ke bosupi jo bongwe jwa gore leina la Modimo le busediwe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika.

Fa o bona leina la Modimo e leng Jehofa mo Dikwalong Tsa Segerika Tsa Bokeresete, gakologelwa tiro ya ga Elias Hutter le Dibaebele tsa gagwe tsa Sehebera tse di tlhomologileng.

^ ser. 9 Go na le bakwadi bangwe ba ba ileng ba ranola Tesetamente e Ntšha pelenyana ka Sehebera. Mo e ka nnang kwa ngwaga wa 1360, moitlami wa kwa Byzantine e bong Simon Atoumanos o ne a kwala thanolo ya gagwe. Yo mongwe e bong Oswald Schreckenfuchs wa kwa Jeremane o ne a kwala ya gagwe ka bo1565. Dithanolo tseo ga di a ka tsa gatisiwa e bile ga go itsiwe gore di kae.