Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Tlhokafaletswe

Fa o Tlhokafaletswe

“Abuti wa me o tlhokafetse ke sa lebelela mme ke ne ke eletsa gore nkabo ke mo thusitse. Nako le nako fa ke mo gopola, ke ne ke utlwa botlhoko jo bo garolang pelo. Ka dinako tse dingwe ke ne ke galefa ke sa tlhaloganye gore ke eng fa a tlhokafetse. Ke ne ke tshwenngwa ke gore fa a ne a sa ntse a tshela, re ne re se nke re nna mmogo fela re tlotla.”—Vanessa wa kwa Australia.

FA E le gore o kile wa tlhokafalelwa, gongwe le wena o kile wa hutsafala thata, wa jewa ke bodutu le go felelwa ke maatla. Gongwe o ne o galefile, o ipona molato e bile o boifa. O ka tswa o ile wa ipotsa gore a ga go botoka bogolo gore o swe.

Ga go phoso go ikutlwa ka tsela eno. Nnete ke gore, go bontsha gore o ne o rata motho yo o tlhokafetseng. A mme go na le sengwe se se ka go thusang gore o kgone go itshoka le fa o le mo botlhokong jo bo kalo?

SE SE THUSITSENG BA BANGWE GO ITSHOKA

Le fa go lebega e kete kutlobotlhoko e o mo go yone ga e kitla e fela, dintlha tse di latelang di ka go thusa.

GA GO PHOSO GO UTLWA BOTLHOKO

Re utlwa botlhoko ka ditsela tse di farologaneng e bile bangwe ba ka tsaya lobaka go ikutlwa botoka. Mme go lela go ka fokotsa botlhoko jo o bo utlwang. Vanessa yo re buileng ka ene kwa tshimologong ya setlhogo seno a re: “Ke ne ke lela ka gonne ke batla go fokotsa botlhoko.” Sofía yo o tlhokafaletsweng ke monnawe a re: “Go akanya ka se se diragetseng go botlhoko tota, go tshwana le go tlhapisa ntho. Le fa botlhoko jwa teng bo tlhaba mo pelong seo se thusa ntho go fola.”

BOLELELA BA BANGWE GORE O IKUTLWA JANG

Ga go phoso gore ka dinako tse dingwe o batle go nna o le nosi. Mme ga go a siama gore o gane gore ba  bangwe ba go thuse. Jared wa dingwaga di le 17 yo o tlhokafaletsweng ke rraagwe a re: “Ke ne ke bolelela ba bangwe gore ke ikutlwa jang. Ga ke dumele gore ba ne ba ntlhaloganya mme go ba bolelela go ne go nkimolola.” Janice yo re buileng ka ene mo ditlhogong tse di fetileng a re: “Go bua le ba bangwe go ile ga nkgomotsa tota. Go ile ga dira gore ke bone gore ba a nthata.”

LETLA BA BANGWE GO GO THUSA

Ngaka nngwe ya re: “Batho ba ba tlhokafaletsweng ba kgona go itshokela kutlobotlhoko le go tswelela ka botshelo fa ba letla ba malapa a bone le ditsala ba ba thusa.” Batho ba bangwe ba ka tswa ba batla go go thusa mme ba sa itse gore ba go thuse jang, ka jalo, ba bolelele.—Diane 17:17.

LETLA MODIMO A GO THUSE

Tina a re: “Ke ne ke tlwaetse go bolelela monna wa me sengwe le sengwe mme fa a sena go bolawa ke bolwetse jwa kankere, ke ne ke bolelela Modimo sengwe le sengwe. Letsatsi le letsatsi ke ne ke mo kopa gore a nthuse gore ke itshoke. Fa nka bua ka tsela e Modimo a nthusitseng ka yone, letsatsi le ka tlhaba la bo la phirima.” Tarsha yo o neng a na le dingwaga di le 22 fa mmagwe a tlhokafala a re: “Go bala Baebele letsatsi le letsatsi go ne go nkgomotsa. Go ne go nthusa gore ke kgone go akanya ka dilo tse di molemo.”

AKANYA O BONA BASWI BA TSHELA GAPE

Gape Tina a re: “Dikgwedi tsa ntlha fa monna wa me a sena go tlhokafala, kgang ya gore baswi ba tla tshela gape mo nakong e e tlang e ne e sa nkgomotse, ke ne ke batla monna wa me gone jaanong e bile bana ba me ba ne ba tlhoka rraabone. Gone jaanong kgang ya gore baswi ba tla tshela gape ke yone e nthusang go tswelela ka botshelo. Ke nna ke akantse gore ke tla mmona gape mo nakong e e tlang mme seo se dira gore ke nne ke itumetse!”

Go tla tsaya nako gore o ikutlwe botoka. Mme mafoko ano a ga Vanessa a ka go gomotsa. A re: “O ka nna wa ikutlwa e kete ga go kitla go siama mme fa nako e ntse e ya, o tla ikutlwa botoka.”

Le fa o sa kgone go tlogela go akanya ka motho yo o tlhokafetseng, o ka kgona go itumelela botshelo. Modimo o tla go thusa gore o kgone go nna le ditsala tse di go ratang. Mme mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla dira gore batho ba ba suleng ba tshele gape. Modimo o batla go go bona o itumelela botshelo le ba masika. Ga o kitla o tlhola o utlwa botlhoko gape.