Tshwetso ke ya Gago!

Tshwetso ke ya Gago!

A O KGONA GO ITLHOPHELA GORE O TLA NNA LE BOKAMOSO JO BO NTSENG JANG? Go na le batho ba ba dumelang gore Modimo o setse a rulagantse gore botshelo jwa bone bo tla nna jang mo nakong e e tlang. Ga ba dumele gore ditshwetso tse o di dirang di ama bokamoso jwa gago. Fa ba leka go dira sengwe ba bo ba palelwa, ba re, “Go raya gore Modimo o ne a sa batle se direga.”

Ba bangwe ba kgobega marapo fa ba bona e kete dilo tse di bosula tse di diregang mo lefatsheng ga di kitla di fela. Gongwe ba leka go tokafatsa matshelo a bone mme nako le nako dilo tse di jaaka dintwa, bokebekwa, masetlapelo le bolwetse di ba nyemisa moko. Seo se dira gore ba itlhoboge.

Ka dinako dingwe maemo mangwe a ka re kgoreletsa go dira dilo tse re neng re batla go di dira. (Moreri 9:11) Mme fa go tla mo dilong tse di amang bokamoso jwa rona, re kgona go itlhophela gore re tla dirang. Tota e bile, Baebele ya re bokamoso jwa rona bo ikaegile ka ditshwetso tse re di dirang. Utlwa gore ya reng.

Pele Baiseraele ba tsena mo lefatsheng le Modimo a neng a ba solofeditse lone, moeteledipele wa bone e bong Moshe o ne a ba raya a re: “Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo gore o nne o ntse o tshela, wena le bana ba gago, ka go rata Jehofa Modimo wa gago, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.”​Duteronome 30:15, 19, 20.

“Ke beile botshelo le loso fa pele ga gago, tshegofatso le phutso; mme o tlhophe botshelo.”—Duteronome 30:19

Modimo o ne a golotse Baiseraele mo bokgobeng kwa Egepeto mme o ne a ba bolelela gore ba ka kgona go tshela ka kgololesego ba itumetse mo lefatsheng le a ba solofeditseng lone. Mme go ne go na le sengwe se ba neng ba tshwanetse go se dira. Ba ne ba tshwanetse go ‘tlhopha botshelo.’ Jang? ‘Ka go rata Jehofa Modimo, ka go reetsa lentswe la gagwe le ka go mo ngaparela.’

Le rona re mo boemong jo bo tshwanang le jwa Baiseraele, tshwetso e re e dirang e tla ama bokamoso jwa rona. Fa re tlhopha go rata Modimo, go reetsa lentswe la gagwe le go mo ngaparela, re tla bo re tlhopha go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. Mme tota go rata Modimo, go reetsa lentswe la gagwe le go mo ngaparela go kayang?

TLHOPHA GO RATA MODIMO

Lorato ke karolo ya botlhokwa ya botho jwa Modimo. Moaposetoloi Johane o ne a kwala jaana: “Modimo ke lorato.” (1 Johane 4:8) Ke ka moo Jesu a ileng a araba jaana fa a bodiwa gore ke taelo efe e e di gaisang tsotlhe: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Re nna ditsala tsa ga Jehofa Modimo ka gonne re mo rata e seng ka gonne re mo tshaba kgotsa re ikgolola fela. Goreng re tshwanetse go tlhopha go mo rata?

Tsela e Jehofa a re ratang ka yone e tshwana le e motsadi a ratang bana ba gagwe ka yone. Le fa batsadi ba dira diphoso, ba rata bana ba bone, ba a ba kgalemela, ba a ba kgothatsa, ba ba ema nokeng ba a ba otlhaya ka gonne ba batla gore bana ba bone ba itumele le gore ba atlege mo botshelong. Mme batsadi ba eletsa gore bana ba direng? Gore ba ba rate le gore ba leke go dira se ba ba rutang sone. Rraarona yo o kwa legodimong o re diretse dilo tse dintsi thata e bile ene ga a dire diphoso. A o molato fa a eletsa gore re mmontshe gore re a mo rata?

REETSA LENTSWE LA GAGWE

Mo puong ya ntlhantlha e Baebele e kwadilweng ka yone, gantsi lefoko “reetsa” le tsamaisana le lefoko “ikoba.” A fa o raya ngwana o re “Reetsa batsadi ba gago,” a ga go tshwane le fa o mo raya o re a ba ikobele? Go reetsa Modimo go raya go ithuta ka ene le go dira se a reng re se dire. E re ka re sa kgone go utlwa lentswe la Modimo, re mo reetsa ka go bala Lefoko la gagwe Baebele le go dira se e se buang.​—1 Johane 5:3.

Go bontsha botlhokwa jwa go reetsa lentswe la Modimo, Jesu o kile a bua mafoko ano: “Motho o tshwanetse go tshela, e seng ka senkgwe se le sosi, fa e se ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa.” (Mathaio 4:4) Fela jaaka dijo di le botlhokwa, go ithuta ka Modimo go botlhokwa le go feta. Goreng re rialo? Kgosi e e botlhale e bong Solomone o ile a e tlhalosa jaana: “Botlhale ke tshireletso fela jaaka madi e le tshireletso; mme molemo wa kitso ke gore botlhale bo boloka beng ba jone ba tshela.” (Moreri 7:12) Modimo o re naya kitso le botlhale gore re kgone go itshireletsa gone jaanong le go dira ditshwetso tse di tla re thusang go tshelela ruri mo nakong e e tlang.

GO MO NGAPARELA

Gopola setshwantsho se re tlotlileng ka sone mo setlhogong se se fetileng se mo go sone Jesu a ileng a re ‘kgoro e e isang botshelong e tshesane le tsela e pitlagane, mme ba ba e bonang ba mmalwa.’ (Mathaio 7:13, 14) Fa re tsamaya mo tseleng e e ntseng jalo, re tlhoka motho yo o itseng tsela eo sentle gore a re thuse go goroga kwa re yang gone. Ka jalo, re na le mabaka a a utlwalang a go nna ditsala tsa Modimo. (Pesalema 16:8) Mme gone re ka nna jang ditsala tsa Modimo?

Letsatsi le letsatsi go na le dilo tse dintsi tse re tshwanetseng go di dira le tse dintsi tse re batlang go di dira. Fa re leka go dira dilo tseno tsotlhe, re ka nna ra se ka ra nna le nako e e lekaneng ya go akanya ka dilo tse Modimo a batlang gore re di dire. Ke ka moo Baebele e re gopotsang jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula.” (Baefeso 5:15, 16) Fa re batla go tswelela re le ditsala tsa Modimo, re tshwanetse go tsaya botsala jwa rona le ene bo le botlhokwa go feta sengwe le sengwe.​—Mathaio 6:33.

WENA O TLA TLHOPHA ENG?

Le fa re sa kgone go fetola dilo tsa nako e e fetileng, re kgona go tlhopha gore bokamoso jwa rona le jwa batho ba re ba ratang bo ka feleletsa bo ntse jang. Baebele e re bolelela gore Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa Modimo o re rata thata e bile e re bolelela dilo tse a batlang gore re di dire. Utlwa gore moporofeti Mika a reng:

“O go boleletse se se molemo, wena motho wa mo lefatsheng. Mme Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?”​Mika 6:8.

Jehofa o go laletsa gore o tsamaye le ene. A o tla amogela taletso eo mme o bone ditshegofatso tse a re solofeditseng tsone mo nakong e e tlang? Wena o tla tlhopha eng?