“Basiami ba Tla Rua Lefatshe”

“Basiami ba Tla Rua Lefatshe”

Bontsi jwa rona re kile ra bona batho ba ba siameng ba sa tshwarwe sentle e bile ba gatelelwa ke batho ba ba sa siamang. A dilo tse di bosula di tla tsamaya di fela?

Pesalema 37 e araba potso eo e bile e re thusa go bona gore re ka dirang gone jaanong. Utlwa gore e araba jang dipotso tseno tsa botlhokwa.

  • Re tshwanetse go dirang fa batho ba re gatelela?​—Temana 1 le 2.

  • Go tla diragalang ka batho ba ba bosula?​—Temana 10.

  • Go tlile go diragalang ka batho ba ba siameng?Temana 11 le 29.

  • Re tshwanetse go dirang gone jaanong?—Temana 34.

Pesalema 37 e bua ka bokamoso jo bo itumedisang jo batho ba ba ‘solofelang mo go Jehofa e bile ba boloka tsela ya gagwe’ ba tla nnang le jone. Basupi ba ga Jehofa ba ka rata go ithuta Baebele le wena le go go bontsha gore o ka dirang gore wena le batho ba o ba ratang lo nne le bokamoso jo bo itumedisang.