Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TORA YA TEBELO No. 1 2017 | Ditsela Tsa go Itumelela go Bala Baebele

O AKANYA ENG?

A Baebele e feletswe ke nako? Kgotsa a e sa ntse e le botlhokwa le gompieno? Baebele ya re: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.”2 Timotheo 3:16, 17.

Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa kafa botlhale jo bo mo Baebeleng bo thusang ka gone e bile o ntsha dikakantsho tsa kafa go bala Baebele go ka re solegelang molemo ka gone.

 

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Lebaka la go Bala Baebele

Batho ba bantsi ba thusitswe jang ke go bala Baebele?

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Nka Simolola Jang?

Dikakantsho di le tlhano tse di ka dirang gore go nne motlhofo go bala Baebele le go itumelela go dira jalo.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

O ka Dira Eng Gore o Itumelele go Bala Baebele?

Go dirisa Dibaebele tse dingwe, thekenoloji, didirisiwa tsa go ithuta Baebele go ka go thusa go itumelela go bala Baebele.

SETLHOGO SA KA FA NTLE

Baebele e ka Tokafatsa Botshelo Jwa Me Jang?

Buka eno ya bogologolo e na le kgakololo ya botlhokwa thata.

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

Ke ne Ke sa Batle go Swa!

Nako nngwe Yvonne Quarrie o ne a ipotsa gore, “Goreng ke le fano?” Karabo ya potso eo e ile ya fetola botshelo jwa gagwe.

ETSA TUMELO YA BONE

‘O ne A Itumedisa Modimo Sentle’

Fa e le gore o na le lelapa kgotsa o fitlhela go le thata go emela se se siameng, o ka ithuta mo sekaong sa ga Enoke.

Kotsi Ya go Sa Tlhaloganye Baebele Sentle?

Go botlhokwa gore re tlhaloganye molaetsa o o mo Baebeleng. O ka o tlhaloganya jang?

Baebele ya Reng ka Kgang Eno?

Baebele ga e tlhalose fela lebaka la go bo batho ba boga, gape e tlhalosa gore pogo e tla fela jang.

Tse Dingwe

A Baebele e a Ikganetsa?

Sekaseka ditemana tse go tweng Baebele e a ikganetsa mo go tsone le dintlha tse o ka di dirisang gore o di tlhaloganye botoka.