Maruarua a Gorogile!

Maruarua a Gorogile!

Ngwaga le ngwaga, go simologa ka kgwedi ya July, maruarua a borwa a a namagadi (Eubalaena australis) a goroga kwa lotshitshing lo lo kwa borwa jwa Santa Catarina kwa Brazil. Mangwe a one a tsamaile dikilometara di le diketekete a tswa kwa bokone jwa Antarctic go tla go tsalela le go godisetsa bana ba one mo metsing a a seng boteng. Baagi le bajanala ba ba nnang gaufi le lotshitshi lwa lewatle kgotsa mo dithabeng, ba kgatlhega thata fa ba lebile maruarua a iketlile kgotsa a tshameka le bana ba one! *

Ditshedi Tse Dikgolo Tse di Nnang mo Metsing

Leruarua le le namagadi le boleele jwa dimetara di le 16 kgotsa jwa dibese tse pedi di kopane mme le bokete jwa ditone di le 80! Mmele wa lone o o boitshegang o montsho mme ka dinako tse dingwe o na le dibata tse ditshweu mo mpeng. Tlhogo ya lone e kgolo e ka lekana le kotara ya mmele wa lone. Molomo wa lone o moleele e bile o obegile. Go farologana le mefuta e mengwe ya maruarua, lone ga le na lefuka la mokwatla. Go farologana le ditlhapi tse dingwe, lone fa le thuma le isa mogatla wa lone kwa godimo le kwa tlase. Fa le batla go ya ntlheng e nngwe, le dirisa diphuka tse di mo matlhakoreng. Seno se tshwana le tsela e diphuka tsa sefofane di dirang ka yone.

Se se kgatlhang ka maruarua ano ke gore, le fa a le magolo jalo, ga a ikimele. O kgona go a bona fa a thuma, a ntshitse megatla ya one mo metsing lobaka lo loleele; megatla ya one e phatšhaka mo metsing; e bile o kgona go a bona a tsapoga mo metsing a bo a boa a itatlhela gape mme metsi a bo a phatšhega.

Dilo Tse di Tlhomologileng ka Mmele wa Leruarua

Mo godimo ga tlhogo le go e dikologa, leruarua leno le na le motseletsele wa dibata tse ditshweu kgotsa tse diserolwana, e leng letlalo le le magwata le le bipilweng ke matsetse a a tshelang (cyamids) a a nnang mo maruarueng. Morulaganyi wa Porojeke ya Maruarua a Magolo ya kwa Brazil e bong Karina Groch a re: “Fela jaaka menwana yotlhe ya motho e tlhomologile, matlalo ano a a magwata le one a tlhomologile. A re thusa go lemoga leruarua lengwe le lengwe. Re tsaya dinepe tsa matlalo a maruarua ano fa a re etetse mo lotshitshing la lewatle la rona mme re di baya mo bukeng ya rona.”

Baithutatshelo ba re go thata go itse gore maruarua ano a na le dingwaga tse kae fa a setse a sule ka gonne ga a na meno. Ba fopholetsa gore leruarua le ka tshela dingwaga di ka nna 65. *

Tsela e e Raraaneng e Maruarua a Jang ka Yone

Maruarua a ja ditshenekegi tse dinnye. Mo matlhakoreng a lotlhaa lo lo kwa godimo, go na le disefe tse di nang le moriri o o lekalekanang e bile o tlhomagane. Fa maruarua ano a thuma, a bula melomo ya one gore metsi a tsene e le gore a a tlhotlhe le go tshwara sejo sa teng mo moriring ono. Ka jalo, leruarua lengwe le lengwe le kgona go ja ditshenekegi tse dintsi ka letsatsi.

Ka selemo (January/February), maruarua a kwa borwa a ya kwa Lewatleng la Antarctic go ya go batla dijo gore a nne le mafura. Mafura ano a ntsha dikhemikale tse di thusang maruarua fa a le mo metsing a a tsididi gape a di tlamela ka dijo fa di fuduga.

Go Tlile Jang Gore a Bidiwe Jalo?

Go tloga ka dingwaga tsa bo1800 go ya pele, batshwaramaruarua ba ne ba batla maruarua ano thata kwa Hemisefereng e e kwa Borwa. Ba ne ba tsaya gore ke one a a batlegang. Ka ntlha yang? Go ne go le motlhofo go a tshwara ka gonne a ne a thuma ka bonya mo e leng gore batshwaramaruarua ba dikepe tsa logong ba ne ba a tshwara ka lerumo la ditlhapi. Ntle le moo, go farologana le maruarua a mangwe, ano one a kokobala fa godimo ga metsi fa a bolailwe ka ntlha ya selekanyo sa mafura a yone. Ka gone, batshwaramaruarua ba kgona go a gogela kwa go bone motlhofo mo lotshitshing.

Mo godimo ga moo, mafura le sefe eno di ne di rekisiwa thata ka nako eo. Mafura e ne e nna leokwane le le tshelwang mo diponeng tsa mo tseleng le leokwane le le tshasang. Sefe eno e ne e dirisediwa go dira lebante, seme le sekhukhu. Tota e bile, sefe e e neng e tsewa mo leruarueng le le lengwe fela, e ne e duelela ditshenyegelo tsotlhe tsa loeto!

Mo masimologong a dingwaga tsa bo2000, palo ya maruarua a magolo e ne ya fokotsega ka gonne a ne a tshwarwa thata mme seo sa dira gore go se tlhole go dirwa kgwebo ka maruarua. Kwa Brazil, lefelo la bofelo la go tshwara maruarua le ne la tswalwa ka 1973. Fa go sa ntse go le bonya gore ditshedi tse dingwe di ate, tse dingwe tsone di ne di le mo kotsing.

Leruarua leno ke sekai se se molemo sa ditshedi tse di raraaneng le tse di farologaneng mo lefatsheng. Le bontsha botlhale jo bo gakgamatsang le maatla a magolo a yo o le bopileng, Mmopi yo Mogolo e bong Jehofa Modimo.—Pesalema 148:7.

^ ser. 2 Metsi a mangwe a a dirisediwang go atisa a gaufi le mafelo a mangwe a lotshitshi la kwa Argentina, Australia, Afrika Borwa, Uruguay le kwa Ditlhaketlhakeng Tsa Auckland.

^ ser. 8 Baitsesaense ba re go na le mefuta e meraro ya maruarua a magolo. Kwa ntle ga mofuta o o bidiwang Eubalaena australis o o kwa Hemisefereng e e kwa Borwa, go na le Eubalaena glacialis le Eubalaena japonica kwa Hemisefereng e e kwa Bokone.