Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SA KA FA NTLE | A O LAOLA BOTSHELO JWA GAGO?

Kgwetlho: Maikutlo A a Sa Siamang

Kgwetlho: Maikutlo A a Sa Siamang

A O TLE o hutsafale, o galefe kgotsa o tshware sekgopi? Fa go le jalo, o ka tswa o se na nako e e lekaneng kgotsa maatla a go dira dilo tsa botlhokwa. O ka dirang ka gone? *

SEKAO SE SE MO BAEBELENG: DAFIDE

Kgosi Dafide o ne a tle a nne le maikutlo a a farologaneng—a a jaaka go tlhobaela le go hutsafala. O thusitswe ke eng? O ne a bolelela Modimo ka gone. (1 Samuele 24:12, 15) Gape o ne a kwala kafa a ikutlwang ka gone. Mme e re ka a ne a na le tumelo, o ne a rapela ka metlha. *

SE GREGORY A SE DIRANG

Jaaka go tlhalositswe mo setlhogong sa ntlha, Gregory o na le bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. A re: “Ke ne ke tlhobaela ka tsela e e feteletseng.” Gregory o ne a dira jang gore a kgone go laola bothata jono? A re: “Mogatsake le ditsala tsa me di ne tsa nthusa gore ke lebe dilo sentle. Ke ne ka bua le ngaka mme ka ithuta mo go oketsegileng ka bolwetse jwa me. Fa ke sena go dira diphetogo dingwe, ke ne ka kgona go laola boemo jwa me. Le fa gone ke sa ntse ke tshwenyega mo maikutlong, jaanong ke a itse gore go bakiwa ke eng le gore nka dira eng go go laola.”

“Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.”—Diane 17:22

SE O KA SE DIRANG

Fa e le gore o laolwa ke maikutlo a a sa siamang, leka seno:

  • Kwala kafa o ikutlwang ka gone mo bukeng.

  • Bolelela mongwe wa losika yo o atamalaneng le ene kgotsa tsala kafa o ikutlwang ka gone.

  • O se ka wa itetla go fenngwa ke maikutlo a a sa siamang. Ka sekai, ipotse jaana, ‘A tota go a utlwala go bo ke ikutlwa ka tsela eno e e sa siamang?’

  • O se ka wa nna o tlhobaela, o galefile kgotsa o tshwere sekgopi. Go na le go fetsa maatla ka dilo tseno, dira sengwe se se tla go solegelang molemo. *

Sa Botlhokwa: Gantsi maikutlo a a sa siamang ga a bakiwe ke maemo a re lebanang le one mme a bakiwa ke tsela e re a lebang ka yone.

^ ser. 3 Maikutlo mangwe a a sa siamang a ka bakwa ke mathata a botsogo a a ka tlhokang thuso ya ngaka. Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi. Mongwe le mongwe o tshwanetse go sekaseka mefuta ya kalafi ka kelotlhoko pele a dira tshwetso.

^ ser. 5 Bontsi jwa dipesalema tse di mo Baebeleng ke dithapelo tse Dafide a neng a di kwala.

^ ser. 13 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “Re ka Fenya Jang go Tlhobaela?” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa July 1, 2015.