Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | TOKAFATSA BOTSOGO JWA GAGO—DILO TSE O KA DI DIRANG TSE 5

Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago

Ditsela Tsa go Tokafatsa Botsogo Jwa Gago

KE MANG yo o itumelelang go lwala? Kana bolwetse bo ka senya dithulaganyo tsa gago jwa bo jwa go jela madi. Fa o lwala, o utlwa botlhoko e bile ga o kgone go ya sekolong, tirong, go dira lotseno kgotsa go tlhokomela lelapa la gago. O ka nna wa tlhoka gore mongwe a go tlhokomele wa bo wa tshwanelwa ke go duela madi a mantsi a melemo le kalafi.

Go molemo go thibela malwetse go na le go a letla gore a re tsene re bo re batla kalafi. Gone malwetse mangwe a ka se ka a tilwa. Le fa go ntse jalo, go na dilo di le dintsi tse o ka di dirang go fokotsa kgotsa go thibela malwetse. Bona dilo tse tlhano tse o ka di dirang go tokafatsa botsogo jwa gago.

 1 NNA PHEPA

Setheo se segolo sa kalafi mo United States e leng Mayo Clinic sa re, “nngwe ya ditsela tse di molemo tsa go thibela bolwetse le go dira gore bo se ka jwa anama” ke go tlhapa diatla. Go tshwara nko kgotsa go pitla matlho ka diatla tse di nang le megare ke nngwe ya ditsela tse di motlhofo tsa go tsenwa ke sehuba. O ka itshireletsa mo dilong tseno ka go tlhapa diatla ka metlha. Gape go nna phepa go ka fokotsa go anama ga malwetse a a masisi a a jaaka nyumonia le letshololo, a a bolayang bana ba feta dimilione tse pedi ba ba ka fa tlase ga dingwaga di le tlhano ngwaga le ngwaga. Tota le go anama ga bolwetse jo bo bolayang jwa Ebola go ka thibelwa ka go tlhapa diatla ka metlha.

Go na le maemo mangwe a a dirang gore go nne botlhokwa thata go tlhapa diatla gore o sireletse botsogo jwa gago le jwa batho ba bangwe. O tshwanetse go tlhapa diatla:

  • Fa o tswa ntlwaneng.

  • Fa o sena go ntsha ngwana mongato kgotsa go mo isa ntlwaneng.

  • Pele o tlhapisa ntho le morago ga moo.

  • Pele o lekola molwetse le morago ga moo.

  • Pele o dira dijo, o tshola kgotsa o ja.

  • Fa o sena go ethimola, go gotlhola kgotsa go mina.

  • Fa o sena go tshwara phologolo kgotsa mantle a yone.

  • Fa o sena go tshwara matlakala.

Go botlhokwa gore o tlhape diatla sentle. Dipatlisiso di bontshitse gore batho ba le bantsi ga ba tlhape diatla kgotsa ga ba di tlhape sentle fa ba sena go dirisa ntlwana. O tshwanetse go tlhapa diatla jang?

  • Kolobetsa diatla ka metsi a a phepa a pompo o bo o tshasa sesepa.

  • Dira lefulo ka diatla, o tlhape dinala, bokgonotswe, diatla ka fa morago le fa gare ga menwana.

  • Dira jalo ka metsotswana e ka nna 20.

  • A tsokotse mo pompong ka metsi a a phepa.

  • Iphimole ka letsela le le phepa kgotsa toulo e e phepa.

Le fa go dira dilo tseno go le motlhofo go ka fokotsa go anama ga malwetse ga bo ga boloka matshelo.

 2 DIRISA METSI A A PHEPA

Mo dinageng tse dingwe go batla metsi a a phepa ke tiro ya letsatsi le letsatsi. Le fa go ntse jalo, go bona metsi a a phepa e ka nna bothata jwa lefatshe lotlhe fa metsi a a nowang a kgotletswe ke morwalela, sefefo, go thubega ga diphaepe kgotsa dilo tse dingwe. Fa metsi a sa tswe mo motsweding o o siameng kgotsa a sa bolokwe sentle a ka nna le ditshenekegi tse di nnang mo metsing, a baka kholera, letshololo le le kotsi, sehuba, bolwetse jwa sebete le a mangwe. Dipatlisiso tsa re batho ba ka nna dibilione di le 1,7 ba tshwarwa ke letshololo ngwaga le ngwaga ka ntlha ya go nwa metsi a a seng phepa.

Go na le dilo di le dintsi tse o ka di dirang go fokotsa kgotsa go thibela malwetse

Gantsi motho o tshwarwa ke kholera fa a nwa metsi kgotsa a ja dijo tse di kgotletsweng ke mantle a batho ba ba nang le mogare ono. O ka dira eng go itshireletsa mo metsing a a kgotletsweng ka tsela eno kgotsa tse dingwe tota le morago ga masetlapelo?

  • Tlhomamisa gore metsi otlhe a o a nwang—tota le a o tlhapang meno ka one, a o dirang diaese ka one, a o tlhatswang dijo le dijana kgotsa a o apayang ka one—a tswa mo motsweding o o phepa, jaaka motswedi wa batho botlhe o o tlhokometsweng sentle kgotsa a mabotlolo a a tswetsweng sentle a madirelo a a ikanngwang.

  • Fa e le gore motswedi wa gago wa metsi o kgotletswe, bedisa metsi pele o a dirisa kgotsa o tshele dikhemikale tse di tshwanetseng gore a nne phepa.

  • Fa o dirisa dikhemikale tse di jaaka chlorine kgotsa dipilisi tse di tlhatswang metsi, latela ditaelo sentle.

  • Dirisa dirisiwa tsa go tlhatswa metsi tse di nang le sefo fa di le teng e bile di sa je madi a mantsi.

  • Fa go se na dilo tse di tlhatswang metsi, tshela marothodi a le mabedi a bleach mo litareng nngwe le nngwe ya metsi, a fuduwe o bo o a tlogela metsotso e ka nna 30 pele o a dirisa.

  • Ka metlha tshela metsi a a phepa mo dikgamelong tse di nang le sekhurumelo gore a se ka a kgotlelega gape.

  • Tlhomamisa gore dilwana tse o gang metsi ka tsone di phepa.

  • Tshwara dikgamelo tsa metsi ka diatla tse di phepa mme o se ka wa tsenya diatla kgotsa menwana mo metsing a a nowang.

 3 JA DIJO TSE DI SIAMENG

Motho a ka se nne le botsogo jo bo molemo fa a sa je dijo tse di nang le dikotla, mme o tshwanetse go ja dijo tse di siameng gore di mo solegele molemo. Ela tlhoko gore o se ka wa tshela letswai, mafura kgotsa sukiri e ntsi mo dijong le gore o se ka wa ja thata. Ja maungo, merogo le dijo tse di farologaneng. Go bala gore go dirisitswe eng mo dilong dingwe go tla go thusa go tlhopha dijo tse di nang le dithoro tse dintsi fa o reka borotho, di-cereal, pasta kgotsa raese. Di na le dikotla le faeba fa di bapisiwa le tse di se nang dithoro tse dintsi. Ja diporoteine di le dinnye, nama e nnye le dijo tse dinnye tse di dirilweng ka mashi mme o leke go ja tlhapi gantsinyana mo bekeng fa go kgonega. Mo dinageng tse dingwe diporoteine di bonwa mo merogong.

Fa o ja dilo tse di nang le sukiri le mafura a mantsi, o tla nna mokima. O ka fokotsa bothata joo ka go nwa metsi go na le go nwa dinotsididi. Ja maungo a mantsi go na le go ja diphuding tse di botshe thata. O se ka wa ja dijo tse dintsi tse di nang le mafura tse di jaaka di-sausage, nama, botoro, dikuku le tšhisi. Go na le go dirisa mafura a mantsi fa o apaya, o ka dirisa maokwane mangwe a a siametseng botsogo jwa gago.

Fa o tshela letswai le lentsi mo dijong o ka tshwarwa ke haebolate. Fa o na le bothata joo, dirisa tshedimosetso e e mo sephuthelwaneng sa dijo gore o kgone go laola letswai le o le jang. Go na le go dirisa letswai, dirisa diloki tse dingwe go natetsha dijo tsa gago.

Fela jaaka go le botlhokwa gore o je dijo tse di siameng, gape go botlhokwa gore o ja selekanyo se se kae. Le fa dijo di le monate, o se ka wa nnela go ja le fa o kgotse.

Ntlha nngwe e e amanang le dijo tsa dikotla ke dijo tse di ka go lwatsang. Dijo dingwe le dingwe di ka go lwatsa fa di sa apewa sentle le go bewa mo lefelong le le siameng. Ngwaga le ngwaga Moamerika a le 1 mo go ba le 6 o lwatswa ke dijo. Bontsi jwa bone ba a fola mme bangwe ba bone ba a swa. O ka dira eng gore di se ka tsa go lwatsa?

  • Tlhatswa merogo sentle pele o e apaya ka gonne e jalwa mo mmung o o ka tswang o tshetswe motshotelo.

  • Pele o apaya dijo dingwe le dingwe, dirisa metsi a a bolelo a a nang le sesepa go tlhapa diatla, go tlhatswa dijana, dilo tse o tla di dirisang le tafole.

  • Gore dijo di se ka tsa go lwatsa, o se ka wa di tsholela mo sejaneng se se neng se na le mae a a sa apewang, nama kgotsa tlhapi o sa se tlhatswa.

  • Apaya dijo gore di bo di butswe mme o beye dijo tse lo sa tleng go di ja ka nako eo mo setsidifatsing gore di se ka tsa senyega.

  • Latlha dijo tse di senyegang tse di ka tswang di tlogetswe mo phaposing ka lobaka lwa ura kgotsa tse pedi fa themperetšha e le kwa godimo ga didikirii di le 32.

 4 IKATISE KA METLHA

O tshwanetse go ikatisa ka metlha gore o nne o itekanetse sentle, go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae. Batho ba le bantsi gompieno ga ba ikatise. Goreng go le botlhokwa go ikatisa? Go ikatisa go ka go thusa gore:

  • O robale sentle.

  • O nne o le matlhagatlhaga.

  • O nne le marapo le mesifa e e nonofileng.

  • O se ka wa nona.

  • O se ka wa gatelelwa thata mo maikutlong.

  • O se ka wa swa ka bonako.

Fa o sa ikatise, o ka tshwarwa ke:

  • Bolwetse jwa pelo.

  • Sukiri ya maemo a bobedi.

  • Haebolate.

  • Kholeseterole e e kwa godimo.

  • Seterouku.

Gore o tlhoka go ikatisa jang go ikaegile ka dingwaga le botsogo jwa gago, ka jalo go tla bo go le molemo gore o bue le ngaka ya gago pele o ka simolola go ikatisa. Go akantshiwa gore bana ba tshwanetse go ikatisa metsotso e ka nna 60 letsatsi le letsatsi. Bagolo ba tshwanetse go ikatisa ka tsela e e lekaneng ka metsotso e le 150 kgotsa ka tsela e e tseneletseng ka metsotso e le 75 beke le beke.

Tlhopha motshameko o o monate. O ka nna wa akanyetsa go tshameka baseketebolo, tenese, kgwele ya dinao, go tsamaya ka bonako, go palama baesekele, go dira mo tshingwaneng, go rema dikgong, go thuma, go tsamaya ka mokoro, go taboga kgotsa mofuta mongwe wa go ikatisa. Jaanong o tla itse jang gore o ikatisa mo go lekaneng kgotsa o ikatisa ka tsela e e tseneletseng? Go ikatisa mo go lekaneng go tla dira gore o fufule, mme go ikatisa mo go tseneletseng gone go dira gore o se ka wa kgona go tlotla fa o ntse o ikatisa.

 5 ROBALA MO GO LEKANENG

Mongwe le mongwe o tlhoka go robala lobaka lo lo rileng. Masea a robala diura di le 16 go ya go 18 ka letsatsi, bana ba bannye diura di le 14 mme ba ba tsenang keretšhe bone ba robala diura di le 11 kgotsa 12. Bana ba ba tsenang sekolo se se potlana ba tlhoka go robala diura di ka nna 10, ba dingwaga tsa bolesome diura di ka nna 9 kgotsa 10 mme bagolo bone diura di le 7 go ya go 8.

Go robala ka nako e tshwanetse go nna mokgwa. Baitse ba re go robala mo go lekaneng go thusa gore:

  • Bana le basha ba gole sentle.

  • Motho a ithute le go gopola dilo tse disha.

  • Dihoromone di laole go silwa ga dijo mo mmeleng le bokete jwa mmele.

  • Motho a se ka a tshwarwa ke bolwetse jwa pelo.

  • Motho a se ka a tshwarwa ke malwetse.

Go sa robale mo go lekaneng go ka dira gore motho a nne mokima, a gatelelwe mo maikutlong, a tshwarwe ke bolwetse jwa pelo, sukiri le go baka dikotsi tse di masisi. Seno se tshwanetse go re naya lebaka le le utlwalang la go robala mo go lekaneng.

Ka jalo, o ka dira eng fa o lemoga gore o na le bothata jwa go se robale mo go lekaneng?

  • Leka go robala le go tsoga ka nako e e tshwanang letsatsi le letsatsi.

  • Robala mo kamoreng e e didimetseng, e e lefifi le e e seng mogote thata kgotsa e e tsididi thata.

  • O se ka wa leba thelebishene kgotsa wa dirisa didirisiwa tsa ileketeroniki o le mo bolaong.

  • Robala mo bolaong jo bo siameng.

  • O se ka wa ja thata, wa nwa kofi kgotsa bojalwa pele o robala.

  • Fa o sena go dirisa dikakantsho tseno mme o sa ntse o na le bothata jwa go robala—jaaka go robala lobaka lo loleele motshegare kgotsa go sa heme sentle fa o robetse—o ka tswa o tlhoka go bona ngaka.