Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA MALAPA | LENYALO

Go Nonotsha Maitlamo

Go Nonotsha Maitlamo

KGWETLHO

Ka letsatsi le o neng o tsena mo lenyalong ka lone, o ne o dira maitlamo. E ne e le maitlamo a botshelo jotlhe—a a tlhomamisang gore o ikaeletse go ngaparela molekane wa gago le go rarabolola mathata a a ka tlhagang.

Le fa go ntse jalo, fa dingwaga di ntse di feta kamano ya lona e senngwa ke go ngangisana. A o sa ntse o tsaya maikano a o a diretseng molekane wa gago a le botlhokwa?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Maitlamo a tshwana le tshetledi e e ka nonotshang lenyalo la lona

Maitlamo ke tharabololo e seng bothata. Batho ba bantsi ga ba rate go dira maitlamo. Bangwe ba re maitlamo a lenyalo ke go ikgolega. Mme wena a lebe jaaka tshetledi e e ka nonotshang lenyalo la lona. Mosadi mongwe yo o bidiwang Megan a re, “Fa go na le kgotlhang, sengwe sa dilo tse di botlhokwa ka maitlamo ke go itse gore wena le molekane wa gago ga lo kgaogane.” * Go itse gore lenyalo la lona le sireletsegile—tota le fa go na le mathata—go go naya lebaka le le utlwalang la go rarabolola mathata a lona.—Bona lebokose le le reng “ Maitlamo le Boikanyegi.”

Sa botlhokwa: Fa e le gore go na le mathata mo lenyalong la gago, eno ke nako ya go nonotsha maitlamo a gago, e seng go nna le dipelaelo. O ka dira seo jang?

 SE O KA SE DIRANG

Sekaseka tsela o lebang dilo ka yone. “Lenyalo ke selo sa botshelo jotlhe.” A mafoko ano a dira gore o ikutlwe o se na kgoro ya botso kgotsa a dira gore o ikutlwe o sireletsegile? Fa mathata a tlhaga, a ke ka metlha go tlogela molekane wa gago e leng tharabololo? Gore o kgone go nonotsha maitlamo a gago, go botlhokwa gore o lebe lenyalo e le kamano e e nnelang ruri.—Molaomotheo wa Baebele: Mathaio 19:6.

Akanya ka tsela e o godisitsweng ka yone. Tsela e o lebang maitlamo ka yone e ka tlhotlhelediwa ke se o se boneng mo batsading ba gago. Mosadi mongwe yo o bidiwang Lea a re, “Fa ke gola, batsadi ba me ba ne ba tlhalana mme ke tshwenngwa ke gore seo se ka dira gore ke lebe maitlamo ka tsela e e sa siamang.” Tlhomamisega gore o ka kgona go dira dilo ka tsela e e farologaneng le ya bone mo lenyalong la gago. O ka tila diphoso tsa batsadi ba gago!—Molaomotheo wa Baebele: Bagalatia 6:4, 5.

Sekaseka se o se buang. Fa wena le molekane wa gago lo galefelane, tila go bua dilo tse o tla di ikwatlhaelang, tse di jaaka “Ke tla go tlogela!” kgotsa “Ke tla ipatlela mongwe yo o nkgathalelang!” Mafoko ao a nyenyefatsa maitlamo a lenyalo e bile go na le go rarabolola bothata, a a lo tlontlolola. Go na le go bua dilo tse di utlwisang botlhoko, o ka bua sengwe se se jaaka seno: “Ke a itse gore re galefelane. Mme re ka rarabolola bothata jono jang?”—Molaomotheo wa Baebele: Diane 12:18.

Bontsha gore o rata molekane wa gago. Baya senepe sa molekane wa gago mo tafoleng kwa tirong. Bolelela ba bangwe dilo tse di molemo ka lenyalo la lona. Ipeele mokgele wa go leletsa molekane wa gago ka metlha fa lo se mmogo. Ka metlha bua ka “rona” o bo o dirise mafoko a a jaaka “nna le mosadi wa me” kgotsa “nna le monna wa me.” Dilo tseno di tla tlhomamisetsa batho ba bangwe—le wena—gore o tsaya maikano a o a diretseng molekane wa gago a le botlhokwa.

Batla dikao tse di molemo. Etsa sekao sa banyalani ba ba nang le maitemogelo ba ba ileng ba atlega go rarabolola mathata a bone a lenyalo. Ba botse jaana, “Lo leba maitlamo jang e bile a nonotshitse lenyalo la lona jang?” Baebele ya re: “Tshipi e loodiwa ke tshipi. Fela jalo motho o lootsa sefatlhego sa yo mongwe.” (Diane 27:17) O akantse ka molaomotheo ono, o ka solegelwa molemo ke go dirisa kgakololo ya banyalani ba ba atlegileng mo lenyalong.

^ ser. 7 Baebele ya re motho yo o mo lenyalong a ka tlhala fa molekane wa gagwe a dirile boaka. Bona setlhogo se se reng “Baebele ya Reng?—Boaka” mo makasineng ono wa Tsogang!