Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSA MALOBA

Ditshwetso Tse di Kgaogantseng Dikontinente

Ditshwetso Tse di Kgaogantseng Dikontinente

KA 1493 fa Christopher Columbus a tswa kwa dinageng tsa Amerika, dikgosi tsa Spain le Portugal ga di a ka tsa dumalana ka gore dinaga tseo le kgwebo ya tsone di ne di tshwanetse go laolwa ke mang. Naga ya Spain e ne ya isa kgang eno kwa go Mopapa Alexander VI gore a e rarabolole.

DIKGOSI LE BOMOPAPA BA KGAOGANYA DIKONTINENTE

Naga ya Spain, ya Portugal le Bomopapa ba ne ba setse ba batla go ikgapela dinaga tsa Amerika. Ka 1455, Mopapa Nicholas V o ne a naya Bapotokisi tshwanelo ya go ya kwa dinageng le kwa ditlhaketlhakeng tse di iphaphathileng le Lotshitshi Lwa Atlantic kwa Afrika le gore ba gape sengwe le sengwe se ba se fitlhelang koo. Ka 1479, mo Tumalanong ya Alcáçovas, Afonso V wa kwa Portugal le morwawe e bong Kgosana John ba ne ba naya Ferdinand le Isabella wa kwa Spain, Ditlhaketlhake Tsa Canary. Le fa go ntse jalo, naga ya Spain e ne e tla naya Bapotokisi kgwebo ya Afrika le Ditlhaketlhake Tsa Azores, Tsa Cape Verde le Tsa Madeira. Dingwaga di le pedi moragonyana, Mopapa Sixtus IV o ne a tlhomamisa tumalano eno ka gore dinaga dipe fela tsa borwa le botlhaba jwa Ditlhaketlhake Tsa Canary ke tsa Portugal.

Le fa go ntse jalo, John, yo jaanong e leng John II wa kwa Portugal o ne a re dinaga tse Columbus a neng a re ke tsa gagwe tota ke tsa Portugal. Dikgosi tsa Spain ga di a ka tsa dumalana le seo mme di ne tsa ikuela kwa go Mopapa Alexander VI gore di newe tshwanelo ya go gapa dinaga tsa ga Columbus le go di dira dinaga tsa Bokeresete.

Ka ponyo ya leitlho, Mopapa Alexander VI o ile a kgaoganya dikontinente

Alexander o ne a itsise ka ditshwetso tse tharo tse di dirilweng. Ya ntlha e ne e le gore “go ya ka taolo ya Modimo Mothatayotlhe” dinaga tse disha di tla newa Spain. Ya bobedi e ne e itsise ka molelwane wa bokone le borwa o o dikilometara di ka nna 560 kwa bophirima jwa Ditlhaketlhake Tsa Cape Verde. Alexander o ne a re dinaga tsotlhe tse di ka fa bophirima jwa molelwane oo e ne e le tsa Spain. Ka ponyo ya leitlho, mopapa o ile a kgaoganya dikontinente! Tshwetso ya gagwe ya boraro e ne e kgothaletsa Ba-Spain go gapa dinaga tsa kwa botlhaba go fitlha kwa India. Mme seno se ne sa galefisa Kgosi John ka gonne batho ba a neng a ba busa ba ne ba setse ba anametse kwa dikarolong dingwe kwa Afrika, e leng se se dirileng gore Portugal e nne le taolo go fitlha kwa Lewatleng la India.

MOLELWANE O MOSHA

E re ka John a ne a sa kgotsofadiwa ke ditshwetso tsa ga Alexander, * o ne a ikgolaganya le Ferdinand le Isabella. Mokwadi mongwe e bong William Bernstein a re: “Le fa dikgosi tsa Ba-Spain di ne di boifa bosetlhogo jwa Bapotokisi e bile di ntse di gapa dinaga tsa Amerika, di ne di batla go ineela.” Ka jalo, ka 1494, go ne ga saenwa Tumalano ya Tordesillas e leng leina la toropo nngwe kwa Spain.

Mo tshwetsong e e dirilweng mo Tumalanong ya Tordesillas, molelwane wa ga Alexander ga o a ka wa phimolwa mme o ne wa busediwa kwa bophirima ka dikilometara di le 1 480. Seo se ne sa dira gore Afrika yotlhe le Asia e nne tsa Portugal; dinaga tse di neng di gapilwe ke Spain. Go busediwa ga molelwane kwa bophirima go ne ga dira gore naga e nngwe e e neng ya itsege e le Brazil e wele mo pusong ya Portugal.

Dipolao tse dintsi di bakilwe ke ditshwetso tse di neng di naya Spain le Portugal taolo ya go gapa dinaga tse dingwe. Ditshwetso tseno di ne di gataka ditshwanelo tsa batho ba ba mo dinageng tseo ba ba neng ba gapiwa e bile ba tshwarwa setlhogo. Gape di dirile gore ditšhaba tse di nang le taolo di nne le dikgotlhang ka makgolo a dingwaga di bo di bo lwele mawatle.

^ ser. 9 Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng ka mopapa yono wa lenweenwee, bona setlhogo se se reng “Alexander VI—Mopapa yo Roma A sa Mo Lebaleng” se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo wa June 15, 2003, tsebe 26-29.