Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG

Bophepa

Bophepa

A Modimo o lebeletse gore re nne phepa mo mmeleng?

“A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya.”2 Bakorintha 7:1.

SE BAEBELE E SE BUANG

Mmopi wa rona o a re rata e bile o batla gore re itumelele botsogo jo bo molemo le botshelo jo boleele le jo bo itumedisang. Modimo a re: “A pelo ya gago e boloke ditaelo tsa me, gonne o tla okelediwa boleele jwa malatsi le dingwaga tsa botshelo le kagiso.” (Diane 3:1, 2) Tsela e Modimo a ratang batho ka yone e ne ya bonala mo melaong e a e neileng Baiseraele, e e neng e akaretsa ditaelo tse di tlhamaletseng tsa bophepa le go tlosa leswe. (Duteronome 23:12-14) Fa Baiseraele ba ne ba ikobela melao eo, ba ne ba itumelela botsogo jo bo molemo e bile ba sirelediwa mo malwetseng a a neng a aname mo ditšhabeng tse dingwe—jaaka Baegepeto—tse di neng di se na melao e e ntseng jalo e e molemo.—Duteronome 7:12, 15.

Le gompieno, batho ba ba ‘intlafatsang leswe lengwe le lengwe la nama,’ le le akaretsang dilo tse di leswefatsang tse di jaaka go goga motsoko, go nwa bojalwa ka tsela e e feteletseng le go sa dirise diokobatsi sentle go ba sireletsa mo malwetseng—a tlhaloganyo le a mo mmeleng—e bile go dira gore ba se ka ba swa pele ga nako. Mme e re ka re tshela le batho, go ikobela melao ya Modimo ya bophepa go bontsha gore re amega ka bone.—Mareko 12:30, 31.

 A Modimo o amega ka bophepa jwa boitsholo le jwa semoya?

“Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele . . . ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana. Ka ntlha ya dilo tseo tšhakgalo ya Modimo e a tla.”—Bakolosa 3:5, 6.

SE BAEBELE E SE BUANG

Jaaka go bontshitswe pelenyana, Baebele e re kgothaletsa go ‘intlafatsa leswe lengwe le lengwe la nama le moya.’ Mo metlheng ya ga Jesu Keresete, batho ba le bantsi go akaretsa le baeteledipele ba bodumedi ba Bajuda ba ne ba feteletsa dilo malebana le go nna phepa mo mmeleng mme ba itlhokomolosa melao ya boitsholo le ya semoya. (Mareko 7:1-5) Jesu o ne a baakanya tsela e e phoso e ba neng ba akanya ka yone ka go re: “Ga go na sepe se se tswang ka kwa ntle se se fetelang mo teng ga motho se se ka mo leswafatsang, e re ka se fetela . . . mo teng ga mala a gagwe, se bo se fetela ka kwa ntle mo teng ga mosele wa maswe.” A bo a oketsa ka go re: “Se se tswang mo mothong ke sone se se leswafatsang motho; gonne mo teng, mo pelong ya batho, go tswa dikakanyo tse di utlwisang botlhoko: dikgokafalo, bogodu, dipolao, maakafalo, dikeletso tsa bopelotshetlha, ditiro tse di boikepo, tsietso, boitshwaro jo bo repileng, leitlho le le lefufa, . . . go tlhoka tekatekano. Dilo tseno tsotlhe tse di boikepo . . . di leswafatsa motho.”—Mareko 7:18-23.

Jesu o ne a re batho ba ba neng ba feteletsa dilo ka go nna phepa mo mmeleng mme ba itlhokomolosa melao ya Modimo ya boitsholo le ya semoya, ba tshwana le dinwelo tse di phepa kwa ntle mme di le leswe ka fa teng.—Mathaio 23:25, 26.

A melao ya Baebele e tekatekano?

“Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.

SE BAEBELE E SE BUANG

Re bala jaana mo go Mika 6:8: “Jehofa o kopa eng mo go wena fa e se gore o dire tshiamiso le go rata bopelonomi le go nna boingotlo fa o tsamaya le Modimo wa gago?” Tota kopo eno e a utlwala. Mo godimo ga moo, Mmopi wa rona o batla gore re mo ikobele ka gonne re mo rata. Fa re dira jalo, re a itumela. (Pesalema 40:8) Fa re leofa, re gomodiwa ke gore Modimo o kutlwelobotlhoko. “Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko. Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole” kgotsa gore re na le makoa le boleo.—Pesalema 103:13, 14.

Ka bokhutshwane fela re ka re melao ya Modimo ya bophepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng e bontsha gore o molemo le gore o a re rata. Fa re ikobela melao eo ka go rata, re tla bo re bontsha gore re botlhale le gore re a mo rata.