Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 SETLHOGO SA KA FA NTLE | KE ENG FA O TSHWANETSE GO TSWELELA O TSHELA?

Ka Gonne Go na Le Tsholofelo

Ka Gonne Go na Le Tsholofelo

“Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—PESALEMA 37:11.

Baebele e bontsha gore botshelo bo “tletse matshwenyego.” (Jobe 14:1) Gompieno mongwe le mongwe o amiwa ke mofuta mongwe wa masetlapelo. Mme batho bangwe ba ikutlwa ba se na tsholofelo le e seng ka botshelo, jaaka e kete dilo di ka se siame, go ka se nne botoka mo isagweng. A o ikutlwa jalo? Fa go ntse jalo, tlhomamisega gore Baebele e re naya tsholofelo ya mmatota—e seng wena fela mme batho botlhe. Ka sekai:

  • Baebele e ruta gore Jehofa Modimo o ne a ikaeletse gore re nne le botshelo jo bo botoka.—Genesise 1:28.

  • Jehofa Modimo o solofetsa go dira lefatshe la rona paradaise.—Isaia 65:21-25.

  • Ruri tsholofetso eo e tla diragadiwa. Tshenolo 21:3, 4 ya re:

    “Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”

Tsholofelo eo ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela. Jehofa Modimo ruri o ikaeletse go e diragatsa, o na le maatla le keletso ya go dira jalo. Tsholofetso e e mo Baebeleng e ka ikanngwa, mme e araba sentle potso e e reng, “Ke eng fa o tshwanetse go tswelela o tshela?”

GAKOLOGELWA SENO: Le fa maikutlo a gago a ka fetofetoga jaaka mokoro o o yang kwa le kwa mo lewatleng le le sa iketlang, molaetsa wa Baebele o o nayang tsholofelo o ka tshwana le tshetledi e e go thusang gore o nne o tlhomame.

SE O KA SE DIRANG GOMPIENO: Simolola go sekaseka se Baebele e se rutang ka tsholofelo ya mmatota ka isagwe. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa. O ka ikgolaganya le bone mo lefelong la lona kgotsa wa bona tshedimosetso e e mosola mo atereseng eno ya bone ya Internet, jw.org/tn. *

^ ser. 11 Kakantsho: Ya kwa jw.org/tn o bo o leba ka fa tlase ga DIKGATISO > LAEBORARI YA MO INTERNET. Fa o le koo, batla mafoko a a jaaka “go tshwenyega mo maikutlong” kgotsa “go ipolaya” go bona thuso e e oketsegileng.