Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A LE TLHAMILWE?

Lefuka la Serurubele

Lefuka la Serurubele

DIPHUKA tsa serurubele di robega motlhofo mo e leng gore le boimanyana fela jwa lorole kgotsa marothodi a bongola a ka dira gore go nne boima gore se fofe. Le fa go ntse jalo, diphuka tseno di nna di le phepa e bile di omile. Serurubele se thusiwa ke eng?

Lefuka la serurubele le na le makwapa a mannyennye a a tlhatlaganeng

Ela tlhoko: Babatlisisi kwa Ohio State University ba ba ithutang ka serurubele sa Giant Blue Morpho (Morpho didius) ba fitlhetse gore le fa diphuka tsa tshenekegi eno di lebega di le borethe, tota di apesitswe ka makwapa a mannyennye a a tlhatlaganeng jaaka dithaele tsa borulelo. Tota le meselenyana e mennyennye e e mo godimo ga makwapa ano e dira gore lorole kgotsa marothodi a metsi a relele motlhofo fela. Baenjenere ba leka go etsa tsela e diphuka tseno di leng ka yone gore ba dire gore bokafantle jwa didirisiwa tsa madirelo le tsa kalafi bo se ka jwa tshwara leswe le metsi.

Lefuka la serurubele ke sengwe sa dikai tsa kafa saense e lekang ka gone go tsaya malebela mo tseleng e ditshedi di bopilweng ka yone. Mmatlisisi yo o bidiwang Bharat Bhushan a re: “Dilo tsa tlholego di tletse ka dilo tse dintsi tse di tlhamilweng ka tsela e e gakgamatsang, go tloga ka tse dinnyennye go ya go tse dikgolo tse di tlhotlheleditseng batho ka makgolokgolo a dingwaga.”

O akanyang? A lefuka la serurubele le nnile gone ka bolone fela? A kgotsa le tlhamilwe?