Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Jeremane

Ka 2012, nngwe ya dikgotlatshekelo tse dikgolo go di gaisa tsotlhe kwa Jeremane e ne ya atlhola gore batho ba ka se tlogele kereke semmuso mme ba bo ba tswelela e le maloko a mokgatlho oo wa bodumedi. Bakatoliki ba ba tlogelang kereke ya bone semmuso ba bo ba sa tlhole ba duela lekgetho la Kereke mme ba sa ntse ba dira ditiro tsa bodumedi jwa bone ba ka thibelwa go ja Selalelo, go ipolela maleo, go newa maemo mo kerekeng tota le go fitlhwa ke kereke.

Lefatshe

Patlisiso e e dirilweng ka madumedi a lefatshe e senotse gore jaanong palo ya batho ba ba bolelang fa ba “se mo bodumeding bope” le fa tota e se balatolamodimo, e setse e le dibilione di le 1,1. Go ne go latela bone e le ba boraro morago ga Bakeresete ba ba dibilione di le 2,2 le Bamoseleme ba le dibilione di le 1,6. Ba bonè e ne e le Bahindu, ba ba ka nnang bilione.

Japane

Baitsesaense ba Bajapane ba bontshitse gore go “akgolwa go tsosolosa dikarolo tsa boboko tse di amanang le go newa tuelo,” mme ka jalo go dira gore motho “a ikutlwe a itumetse.” Go lebega se ba se fitlheletseng se bontsha boammaaruri jwa kgopolo ya gore go akgola batho ke tsela e e molemo ya go ba rotloetsa gore ba tokafatse.

Bolivia

Kwa bowelong jwa 2012, Bolivia e ne ya bolotsa letsholo la go bala baagi ba naga eo yotlhe. E le gore go tsewe dipalo tse di nepileng, baagi ba kwa Bolivia ba ne ba kopiwa gore ba nne mo magaeng a bone mo letsatsing leo. Mo godimo ga moo ba ne ba thibelwa go tsaya mesepele, go ne ga tswalwa melelwane ya naga eo ga ba ga thibelwa gore batho ba nwe bojalwa.

Italy

Mo patlisisong nngwe, Bantadiana ba ne ba bolela gore ka kakaretso, ba tshameka le bana ba bone metsotso e le 15 mo letsatsing. Lokwalodikgang lwa La Repubblica lwa re: “Ke motsadi a le 1 fela mo go ba le 5 yo o akanyang gore go tshameka ke karolo ya go ruta bana.” Andrea Angiolino, yo tiro ya gagwe e leng go tlhama metshameko e e jaaka chess le e mengwe, a re fa batsadi ba tshameka le bana ba bone ba ba thusa go nna le bokgoni jwa go itlhamela dilo le go “tlwaela go latela melao.”