Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A O NE O TLHAMILWE?

Mogatla wa Mokgantitswane wa Agama

Mogatla wa Mokgantitswane wa Agama

MOKGANTITSWANE wa agama o kgona go tlola motlhofo fela go tswa fa fatshe go ya mo leboteng. Mme fa e le gore lefelo le o tlolang go tswa mo go lone le boreledi, o a relela, le fa go ntse jalo o kgona go tlhoma sentle mo leboteng. O kgona jang? O thusiwa ke mogatla wa one.

Ela Tlhoko: Fa mekgantitswane eno e tlola go tswa mo lefelong le le seng boreledi—le le thusang gore e kgone go itsetsepela—sa ntlha e dira gore mebele ya yone e tsepame le gore megatla ya yone e nne e lebile fa fatshe. Seno se e thusa gore e kgone go leba kwa ntlheng e e siameng fa e tlola. Mme fa mekgantitswane eno e le mo lefelong le le boreledi gantsi e a relela e bo e tlola e lebile kwa ntlheng e sele. Le fa go ntse jalo, fa e ntse e le mo moyeng, e dira gore mebele ya yone e lebe kwa e tshwanetseng go leba teng ka go isa megatla kwa godimo. Mokgwa ono o raraane. Pego e e dirilweng ke Yunibesithi ya California, kwa Berkeley ya re: “Mekgantitswane e tshwanetse go nna e baakanya megatla ya yone gore mebele ya yone e nne e lebile kwa go tshwanetseng teng.” Fa mokgantitswane o tloga mo lefelong le le boreledi thata, o tshwanetse wa tsholetsa mogatla wa one le go feta gore o tlhome sentle ka maoto.

Mogatla wa agama o ka nna wa thusa baenjenere go tlhama dikolotsana tsa diroboto tse di kgonang go tsamaya ka bofefo mo mafelong a a farologaneng e bile di ka dirisiwa go batla bafalodi morago ga thoromo ya lefatshe kgotsa tiragalo e nngwe ya masetlapelo. Mmatlisisi Thomas Libby a re: “Diroboto ga di majato jaaka diphologolo, ka jalo sengwe le sengwe se se ka dirang gore roboto e kgone go tsamaya e sa we, e tla bo e le phitlhelelo e kgolo.”

O akanya eng? A mogatla wa agama o itiragaletse fela? Kgotsa a o ne o tlhamilwe?