Ditiragalo Tsa Lefatshe
Ditiragalo Tsa Lefatshe
The Serbian Ministry of Religious Affairs e amogetse kopo ya go kwadisa lekgotla la semolao le le emelang Basupi ba ga Jehofa. Go ya ka direkoto tsa puso, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba dira tiro ya bone mo nageng eo bobotlana fa e sale ka 1930.
Go fopholediwa gore diperesente di le 95 tsa mmino o o tserweng mo Internet ka 2009 mo lefatsheng lotlhe o tserwe e se kafa molaong.—TIME, U.S.A.
Dithoromo Tsa Lefatshe—“Masetlapelo a a Kotsi go Gaisa”
United Nations International Strategy for Disaster Reduction, e e leng kwa Geneva, Switzerland, ya re: “Dithoromo tsa lefatshe e nnile masetlapelo a a kotsi go gaisa mo dingwageng di le lesome tse di fetileng.” Mo bathong botlhe ba ba bolailweng ke masetlapelo ka nako eno, mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa bone ke ba ba bolailweng ke dithoromo tsa lefatshe. ‘Kotsi eno ya tlholego’ e tswelela go nna e e tshosang thata, e re ka ditoropo di le robedi mo go di le lesome tse di nang le banni ba le bantsi di agilwe mo godimo ga mafelo a go ka diregang gore go nne le dithoromo tsa lefatshe mo go one. Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, go ile ga bolawa batho ba le 780 000 mo ditiragalong di le 3 852 tse di tlhalosiwang e le tsa masetlapelo.
Tiro e e Kotsi
International Press Institute, e e leng kwa Vienna, Austria, ya re, “babegadikgang ba le 110 ba ile ba bolawa ka ntlha ya tiro ya bone ka 2009 mme seno sa dira gore mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, ngwaga oo e nne ngwaga o o kotsi go gaisa” mo tirong eno. Pego eo e tswelela ka gore kwa dinageng tse go lowang kwa go tsone, tse di jaaka Afghanistan, Iraq, Pakistan le Somalia, “babegadikgang ba ile ba tlhaselwa ka boomo” mo dingwageng tsa bosheng. Seno se dirile gore dikgang di se ka tsa begiwa thata le gore “go se ka ga tlhaloganngwa ka botlalo . . . ditiragalo tse di raraaneng tse di diragalang” kwa dinageng tseo. Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, Iraq e nnile naga e e kotsi go di gaisa mo babegadikgannyeng, e bo e latelwa ke Philippines, Colombia, Mexico le Russia, ka go latelana ga tsone.
Dilo Tse di sa Tureng di Fokotsa Bogodu
Pego ya dikgang ya Reuters go tswa kwa Lontone, fa e nopola motlhatlheledi wa thuto ya bokebekwa e bong James Treadwell wa Yunibesithi ya Leicester, kwa Engelane, ya re: “Go rekiwa thata ga dilwana tsa ileketeroniki tse di sa tureng” go ka dira gore magodu a kwa Boritane a a thubang mo matlong a felelwe ke “tiro.” Ka sekai, fa metšhini e mesha e e tshamekang DVD e e rekwang ka tlhwatlhwa e e kwa tlase e rekisiwa gape, tlhwatlhwa ya yone e nna kwa tlase le go feta. Treadwell a re “go di utswa ga go na mosola ope.” Le fa go ntse jalo, go fokodiwa ga ditlhwatlhwa tsa dilo ga go a fedisa bokebekwa. Go farologana le seo, gone jaanong magodu a tlhoma mogopolo mo dilong tse di turang tse a ka kgonang go di rekisa gape ‘tse di jaaka difouno tsa selula le di-iPod, e leng dilo tse batho ba tsamayang ba di tshotse.’ Magodu a pele a neng a thuba mo matlong jaanong a setse a dira ditiro tse dingwe tsa bokebekwa, tse di jaaka go kgothosa.