Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Motlotlo wa Lelapa

Ke Bomang ba ba Neng ba Dira Tiro Eno?

Ke baeteledipele bafe ba babedi ba Iseraele wa bogologolo ba e neng e le badisa? Kwala dikarabo tsa gago mo meleng e e fa tlase fano.

1. NTLHA E E KA THUSANG: Bala Ekesodo 3:1.

․․․․․

2. NTLHA E E KA THUSANG: Bala 1 Samuele 17:34-36.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Ke dinonofo dife tse modisa yo o molemo a neng a tshwanetse go di bontsha? Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a itshwantsha le modisa mme barutwa ba gagwe bone a ba tshwantsha le dinku? NTLHA E E KA THUSANG: Bala Johane 10:11-16.

O ITSE ENG KA KGOSI ASA?

3. Ke eng se Asa a neng a se dira fa a simolola go nna kgosi? NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 14:2-5.

․․․․․

4. Mophato wa sesole wa banna ba le milione o o neng o tlile go lwantsha Asa o ne o tswa kwa nageng efe?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 14:9, 10.

․․․․․

TSE GO KA TLOTLIWANG KA TSONE:

Asa o ne a itshwara jang fa a gakololwa ke Hanani?

NTLHA E E KA THUSANG: Bala 2 Ditiragalo 16:7-10.

A go ne go siame gore Asa a itshware ka tsela e a dirileng ka yone? O tshwanetse go itshwara jang fa o gakololwa, mme ka ntlha yang?

BANA BATLANG DITSHWANTSHO TSENO

A o ka kgona go bona ditshwantsho tseno mo makasineng ono? Tlhalosa ka mafoko a gago gore go direga eng mo setshwantshong sengwe le sengwe.

TSE DI TSWANG MO MAKASINENG ONO

Araba dipotso tseno o bo o feleletsa ditemana tsa Baebele tse di tlhaelang fano.

TSEBE 20 Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a ga mang? 1 Johane 5:․․․

TSEBE 21 Lorato ga lo dire eng? Baroma 13:․․․

TSEBE 26 Re tshwanetse go ithiba mo go eng? 1 Bathesalonika 4:․․․

TSEBE 26 Yo o gokafalang o leofela eng? 1 Bakorintha 6:․․․

● Dikarabo di mo tsebeng ya 22

DIKARABO TSA DIPOTSO TSE DI MO TSEBE 31

1. Moshe.

2. Dafide.

3. O ne a tlosa kobamelo ya maaka.

4. Ethiopia.