Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tshela mo Lefelong la Mokaloba yo o Bobileng

Go Tshela mo Lefelong la Mokaloba yo o Bobileng

 Go Tshela mo Lefelong la Mokaloba yo o Bobileng

Makgwamolelo ga a bolo go nna masaitsiweng. A ka kgona go boba ka tidimalo ka makgolokgolo a dingwaga, mme a bo a tsoga ka tsela e e gakgamatsang e bile e le kotsi. Mo metsotsong e seng mekae fela lekgwamolelo le ka senya naga gape la fedisa le botshelo.

GA GO na ope yo o belaelang gore makgwamolelo a kotsi. Mo makgolong a le mararo a dingwaga a a fetileng fela, go sule batho ba le makgolokgolo a le diketekete. Gone ke boammaaruri gore bontsi jwa rona re tshela mo mafelong a a bolokesegileng a a kgakala le mekaloba eno e e bobileng, le fa go ntse jalo dimilione tsa baagi ba lefatshe di nna gaufi le makgwamolelo a a ka nnang a thunya nako nngwe le nngwe. Ka sekai, Quito motsemogolo wa Ecuador, o gaufi thata le Pinchincha, e leng lekgwamolelo le le leng kwa bokonebophirima jwa toropokgolo eno. Thaba ya Popocatepetl, e leina la yone ka Se-Aztec le rayang “Thaba e e Kuelelang Mosi,” e bokgakala jwa dikilometara di le 60 go tswa kwa Mexico City. Ditoropo tse dikgolo tsa Auckland, kwa New Zealand, le Naples, kwa Italy, di agilwe mo godimo kgotsa gaufi le makgwamolelo. Tota e bile, dimilione tsa batho di tshela di lebane le seemo sa gore maatla a lefatshe le ba tsamayang mo go lone a ka nna a simolola go kurutla ka modumo o mogolo, e leng se se tla dirang gore mokaloba yo o ntseng a bobile yono a tlhasele.

Mokaloba yo o Kotsi

Baagi ba kwa Naples ga ba bolo go nna gaufi le thaba ya Vesuvius ka dingwaga di le 3 000. Thaba eno e dikilometara di le 11 fela go tswa Naples. Totatota e itirile khounu go dikologa molelwane wa lebota la ya thaba ya bogologolo ya Monte Somma. Vesuvius e tsewa e le nngwe ya dithaba tsa lekgwamolelo tse di kotsi go gaisa mo lefatsheng. E re ka boalo jwa yone bo le ka fa tlase ga lewatle, e kgolo thata go feta ka fa e lebegang ka teng.

Thaba ya Vesuvius e na le hisitori e telele ya go nna e ntse e thunya. E ile ya thunya go feta makgetlo a le 50 fa e sa le nako e e neng e thunya e e itsegeng thata ya 79 C.E., e e neng ya ganyaola ditoropo tsa Pompeii le Herculaneum. Mo e ka nnang batho ba le 4 000 ba ne ba swa fa thaba eo e thunya ka tsela e e kotsi ka 1631. Ka nako eo go ne ga simololwa go dirisiwa lefoko “lava.” Le le tswang mo lefokong la Selatini la labi, le le rayang “go relela,” tota le tlhalosa seretse se se elelang mo mekgokoloseng ya thaba ya Vesuvius.

Go ralala makgolokgolo a dingwaga thaba ya Vesuvius e ntse e tswelela e biloga. E ne ya thunya ka 1944 ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II, mme ya dira gore masole a Semphato a lebane le leru la mosi. Ditoropo tse di gaufi tsa Massa le San Sebastiano di ne di khurumeditswe ka molora mme le leteroko la terena le le neng le tlhatlogela kwa thabeng, le le neng la itsege  thata ka go bo go ne go opelwa ka lone mo pineng nngwe ya setso ya kwa Italy e leng “Funiculì, Funiculà.”

Gompieno, baagi ba kwa Naples ba bonala ba tsweletse pele ka matshelo a bone ba sa akanye sepe ka kotsi e e leng gaufi le bone. Bajanala ba itumelela go bona lefelo leno la hisitori le le dipopego tse di tlhomologileng mo nageng eo. Mabenkele le dikhefi di a tlhanasela, le dikepe di tsamaya mo metsing a Kgogometso ya Naples. Thaba ya Vesuvius e tswelela e le lefelo le le ratiwang le le le gogelang e bile e tsewa ke batho ba le bantsi e le lefelo le le lapolosang go na le go nna lefelo le le kotsi la mokaloba yo o bobileng.

Auckland—Toropo ya Makgwamolelo

Boemelakepe jwa toropo ya Auckland, kwa New Zealand, bo na le makgwamolelo a a phatlaletseng a bopegileng jaaka khounu. Eleruri baagi ba ba fetang milione o le mongwe ba ba nnang koo ba tshela fa gare ga makgwamolelo a mannye a le 48. Go thunya ga makgwamolelo a bogologolo go ile ga bopa mafelo a mabedi a boemelakepe mme ditlhaketlhake tse di leng teng koo di bakilwe ke go thunya ga makgwamolelo. Setlhaketlhake se se bonalang sentle ke sa Rangitoto se se dingwaga di le 600, se se tlhageletseng mo metsing ka bogodimo jo bo tshwanang le jwa thaba ya Vesuvius. Ka nako ya fa setlhaketlhake seno se ne se bopega, motse o o neng o le gaufi wa Maori o ne wa khurumedwa ke molora wa go thunya ga lekgwamolelo.

 Baagi ba kwa Auckland ba ithutile go tshela le makgwamolelo. Lekgwamolelo le le bidiwang Maungakiekie gompieno le dirilwe paraka ya setšhaba le polasi ya dinku e bile le fa gare ga Auckland. Mafelo a makgwamolelo a kileng a thunya gone, jaanong a fetotswe go nna matsha, diparaka, kgotsa mabala a metshameko. Mo go le lengwe go dirilwe mabitla. Baagi ba le bantsi ba rata go aga mo dithoteng tsa makgwamolelo e le gore ba tle ba kgone go bona kwa tlase sentle ba le kwa godimo.

Fa go simololwa go nniwa mo Auckland, la ntlha ke Ba-Maori mme morago ga dingwaga di le 180 ga latela Ba-Yuropa, go bonala ba ne ba sa akanyetsa kgang ya gore go kile ga thunya lekgwamolelo. Go na le moo, ba ne ba iponela lefelo le ba ka agang mo go lone le gore le gaufi le lewatle— gape le na le mmu o o nonneng. Ntlha ya mmu o o nonneng e boammaaruri ka gonne go ntse jalo ka mebu e makgwamolelo a diregang mo go one mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Ka sekai, kwa Indonesia, lefelo le go jalwang raise ya maemo a a kwa godimo thata mo go lone le mo go runyang makgwamolelo gone. Mafelo a a siametseng thata temothuo kwa bophirima jwa United State a na le mmu o bontsi jwa one o tswang mo lekgwamolelong. Fa maemo a siame, mmu o o khurumeditsweng ke seretse sa lekgwamolelo o ka simolola go tlhoga dijalo mo sebakeng se se ka fa tlase ga ngwaga morago ga gore go thunye lekgwamolelo.

Dithulaganyo Tsa go Tsibosiwa e Sale Gale

Ba le bantsi ba ka ipotsa, ‘A go nna gaufi le lekgwamolelo ga go kotsi?’ Gone ee, ke boammaaruri. Mme gone baitsesaense ba kgona go ela tlhoko thata thoromo ya lefatshe le lekgwamolelo. Ka sekai, Geological Survey ya United States e nna e ntse e etse maemo tlhoko a makgwamolelo a a leng gaufi le go thunya go ralala lefatshe—go akaretsa a kwa Naples le Auckland, koo go dirilweng dithulaganyo tsa go thibela se se ka diregang. Ba dirisa sathalaete ya Global Positioning Systems e e dirang diura di le 24 le mafaratlhatlha a seismometer, baitsesaense ba kgona go utlwa seretse se se tsamayang kafa tlase le metsamao epe fela e e diregang ka fa tlase ga lefatshe.

Vesuvius e nna e ntse e etswe tlhoko ka metlha. Gore ba nne ba ntshitse matlho dinameng, balaodi kwa Italy ba dirile dithulaganyo tsa thuso ya potlako go lepalepana le go thunya ga lekgwamolelo go go ka diregang go tshwana le go go kileng ga direga ka 1931. Bomankge ba bolela gore ba ba nnang mo mafelong a kotsi ba ka tsibosiwa le go tlosiwa pele ga lekgwamolelo le ka thunya.

Auckland e fa lefelong le baitsesaense ba le bitsang monogenetic volcanic field. Seno se kaya gore go na le gore lekgwamolelo le le leng gone le thunye, go tla bopega le lengwe golo gongwe. Bomankge ba bolela gore seno se tla direga fela fa go sena go direga dithoromo tsa lefatshe tse di tsayang malatsi a le mmalwa go ya go dibeke di le mmalwa. Ditlhagiso tseno tse di  dirwang nako e le teng di tla thusa batho gore ba nne le nako ya go batla botshabelo mo lefelong le le bolokesegileng.

Go Tsibogela Dikotsi Tse di ka Tlhagang

Le fa gone go ela tlhoko makgwamolelo go le botlhokwa, go ka se thuse sepe fa e le gore fa go ntshiwa ditlhagiso di bo di sa tsewe tsia. Ka 1985 balaodi kwa Armeo, Colombia, ba ne ba tsibosiwa gore lekgwamolelo le ka nna la thunya nako nngwe le nngwe kwa Nevado del Ruiz. Le fa thaba e ne e duma mo e ka nnang dikilometara di le 50 e lemosa sentle ka kotsi e e tlang, baagi ba toropo eo ba ne ba bolelelwa gore ba se tshwenyege. Go ne ga swa batho ba le 21 000 ba bolawa ke seretse se se neng sa khurumetsa toropo eo.

Le fa gone masetlapelo a a tshwanang le ano a direga ka sewelo, dinako tsa fa go sena makgwamolelo a a thunyang go dirwa dipatlisiso dithulaganyo tse di oketsegileng. Ka jalo go tswelela pele go elwa maemo tlhoko, go dirwa dipaakanyetso tse di lekaneng, le go ruta setšhaba go ka thusa go fokotsa dikotsi tse batho ba ba nnang mo lefelong la mokaloba yo o bobileng ba ka lebanang le tsone.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 16]

NNA O IPAAKANTSE!

A o ipaakanyeditse go lebana le masetlapelo a tlholego? Nna o etse tlhoko dikotsi tse di ka nnang teng mo lefelong la gaeno. Rulaganya e sa le gale gore lo tla kopana kae le maloko a lelapa fa e le gore ga le nne mmogo, le gore ke mang yo o tla mo itsiseng gore o ile kae. Tsaya dilo tse lo tla di tlhokang tsa thuso ya potlako, tse di akaretsang dijo le metsi, lebokoso le le nang le dilo tsa thuso ya potlako, diaparo tsa tshireletso, di-radio, mabone a a sa tseneng metsi, le dibeteri tse di dingwe kwa thoko. Tsaya dilo tse di lekaneng tse o di tlhokang tse o ka di dirisang ka malatsi a le mmalwa.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Baeti ba tsamaya gaufi le khuti e kgolo ya Vesuvius

[Motswedi wa Setshwantsho]

©Danilo Donadoni/Marka/age fotostock

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Naples, Italy, fa pele ga Thaba ya Vesuvius

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Tom Pfeiffer

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Setshwantsho sa motaki sa go thunya go gogolo ga lekgwamolelo ka 79 C.E., go go neng ga ganyaola ditoropo tsa Pompeii le Herculaneum

[Motswedi wa Setshwantsho]

© North Wind Picture Archives

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Rangitoto, nngwe ya ditlhaketlhake tse dintsi tsa lekgwamolelo tsa kwa Auckland

[Ditshwantsho mo go tsebe 16, 17]

Kwa godimo le ka fa mojeng: Thaba ya Popocateptl, Mexico

[Metswedi ya Ditshwantsho]

AFP/Getty Images

Jorge Silva/AFP/Getty Images

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 14]

USGS, Cascades Volcano Observatory