Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo mo Mogogorong wa Loso

Botshelo mo Mogogorong wa Loso

 Botshelo mo Mogogorong wa Loso

KA 1848 go ne ga bonwa gouta gaufi le Sacramento, California, U.S.A. Mo ngwageng o o latelang, go ne go setse go na le batho ba ba batlang letlotlo leno ba le 80 000 ba ba thologetseng kwa nageng eo ba solofetse gore ba tla huma ka bonako. Ka December 25, 1849, setlhopha sengwe se e neng e le botlhanngwe jwa mokoloko wa dikoloi di le 100 tse di neng di ya kwa ntlheng ya bophirima go tswa kwa Salt Lake City, se ne sa tsena mo go se gone jaanong se itsegeng e le Death Valley (Mogogoro wa Loso). Ba ne ba solofetse gore khuti e e omeletseng eno e e gaufi le molelwane wa California le Nevada e tla nna tsela e e ka ba fitlhisang ka bonako kwa ba yang teng.

Ka nako eo go ne go se mogote mo mogogorong oo mme gone go ne go le kotsi go tsamaya mo go one. Ditlhopha tseno di ile tsa kgaogana ka ditlhophanyana mme sengwe le sengwe sa tsone se tsamaya ka tsela e sele. Setlhophanyana sengwe, se se neng se akaretsa basadi le bana se ne sa leka go batla tsela e e ka ba ntshang mo mogogorong gore ba tswele kwa dithabeng go ya kwa ntlheng ya bophirima mme ga ba a ka ba atlega. E re ka ba ne ba lapile e bile dilwana tsa bone di fela, ba ne ba thibelela gaufi le motswedi wa metsi mo lefelong le gone jaanong le bidiwang Furnace Creek mme go tswa foo ba ya kwa lekadibeng le moragonyana le ileng la bidiwa Bennett’s Well. Go tswa foo, makawana a le mabedi a a mo dingwageng tsa bone tsa bo20 e bong William Manly le John Rogers ba ne ba ya go batla thuso. Ba bangwe ba ne ba leta fa lekadibeng.

Manly le Rogers ba ne ba lebeletse gore ba tla fitlha kwa motseng wa Los Angeles mo malatsing a sekae. Mme ba ne ba sa itse gore o ne o le bokgakala jwa dikilometara di ka nna 300 go ya kwa borwabophirima. Morago ga gore ba tsamaye mo e ka nnang dibeke di le pedi ka dinao, ba ne ba fitlha kwa San Fernando Valley kwa ntlheng ya bokone ya motse oo. Fa ba fitlha koo, ba ne ba batla dilo tse ba di tlhokang mme ba boa ka bonako.

Fa ba fitlha kwa ba neng ba thibeletse teng morago ga malatsi a le 25 ba seyo, ba ne ba fitlhela go se na ope. Manly o ne a thuntsha tlhobolo mme ga tlhaga monna mongwe kafa tlase ga koloi. Manly o ne a kwala jaana moragonyana: “O ne a tsholeletsa matsogo a gagwe kwa godimo ga tlhogo ya gagwe mme a goa a re—‘Basimane ba boile. Basimane ba boile!’” Ba bangwe le bone ba ne ba tlhaga, ba itumetse mo e leng gore ba ne ba sa kgone le go bua. Ka ntlha ya ga Manly le Rogers, botlhe ba ile ba falola kwantle ga monna a le esi fela—o ne a tswa mo bothibelelong a itsamaela a le nosi a tswa mo mogogorong. Fa setlhopha seno sa masetlelara se tswa mo mogogorong, go begiwa fa mosadi mongwe a ile a leba kwa morago mme a re, ‘Sala sentle Mogogoro wa Loso!’ Mme e ne ya nna leina la one.

Naga e e Nang le Maemo a a Feteletseng

Death Valley—e e boleele jwa dikilometara di ka nna 225 le bophara jwa dikilometara di ka nna 8 go ya go 24—ke lefelo le le omeletseng, le le kwa tlase thata le le le mogote go a gaisa otlhe kwa Amerika Bokone. Themperetšha e e kwa godimo thata ya mowa wa Furnace Creek e e kileng ya begiwa e ne e le didikirii tsa Celsius di le 57, mme themperetšha ya mmu wa teng yone e ile ya fitlha mo mogoteng wa didikirii tsa Celsius di le 94—ke mogote o o kwa tlasenyana fela ga mogote wa metsi a a belang mo maemong a a tlwaelegileng, ka didikirii tsa Celsius di le 6! *

Ka ngwaga pula e na ka selekanyo sa disentimetara di le tlhano, mme ka dingwaga tse dingwe ga go na pula gotlhelele. Lefelo le le kwa tlase thata mo Hemisefereng ya Bophirima yotlhe—dimetara di le 86 kwa tlase ga bogodimo jwa lewatle—le fitlhelwa mo mokgatšheng o o gaufi le lekadiba la letswai kwa Badwater. Mme dikilometara di le 140 fela go tswa foo go eme Thaba ya Whitney e e leng bogodimo jwa dimetara di le 4 418—lefelo le le kwa godimo thata go gaisa otlhe kwa United States kafa ntle fela ga Alaska.

 Ka 1850, go ne ga ribololwa selekanyo se sennye sa gouta mo mogogorong ono kwa lefelong le le bidiwang Salt Spring. Baribolodi ba ile ba bona le selefera, koporo le lloto mo lefelong leo. Go ile ga simolola go nna le ditoropo tsa meepo tse di nang le maina a a kgatlhang a a jaaka Bullfrog, Greenwater, Rhyolite, Skiddo go dikologa mogogoro oo otlhe. Mme fa diminerale tseno di fela, ditoropo tseno tsa kgwebo di ile tsa felela e le matlotla fela. Le fa go ntse jalo, ka 1880, borax—motswako mongwe wa kirisetale o o dirisiwang fa go dirwa sesepa le dilo tse dingwe—o ne wa bonwa kwa Death Valley, mme seno sa dira gore eno e nne nako e e atlegileng thata mo go tsa moepo mo nakong ya hisitori ya mogogoro ono. Go fitlha ka 1888, dikoloi tse pedi tsa dimetara di le tlhano tse di neng di gogwa ke bommoulo ba le 18 le dipitse di le 2 di ne di rwele borax di tsamaya sekgala se seleele sa dikilometara di le 270 go ya kwa toropong ya Mojave. Mme ga go a ka ga romelwa sepe fa gare ga June le September; ka gonne mogote o ne o le bogale thata mo bathong le mo diphologolong.

Ka 1933, Death Valley e ne ya kaiwa e le segopotso sa naga. Melelwane ya one e ne ya oketsega ka bonya ka bonya go fitlha e akaretsa bogolo jwa diheketara di le dimilione di le 1,3. Ka 1994, lefelo leno le ne la itsege e le Death Valley National Park—serapa sa diphologolo se segolo go di gaisa tsotlhe mo kontinenteng ya United States.

Death Valley e Nyeuma Ditshedi

Go a utlwala fa motho a ka akanya gore ga go na sepe se se tshelang mo teng ga Death Valley. Le fa go ntse jalo, go na le mefuta e mentsintsi ya diphologolo e e  fetang kgotsa e e nnang koo, mme di le dintsi tsa tsone e le tse di tswang fela bosigo ka ntlha ya mogote. Diamusi tse dikgolo thata tse di fitlhelwang koo ke dinku tsa dinaka tse dikgolo tsa sekaka, tse ka dinako dingwe di tsenang mo teng ga mogogoro ono di tswa mo dithabeng tse di fa gaufi. Diphologolo tse dingwe di akaretsa bomagogwe, bommamathwane, bothwane, metlhose, magotlo a maoto a matelele, ditau tse di nnang kwa dithabeng, dinoko, bommutla, bokgano, ditonki tsa naga, bomokgantitshwane, dinoga le dikhudu tsa naga. Dinonyane di akaretsa di-coot, bophakalane, bokokolohutwe, makwetekwio, magakabe, di-sandpiper, manong le mefuta e mengwe e mentsi.

Magotlo a maoto matelele ke one a a kgonang go tshela nako e telele go gaisa ditshedi tseno tsotlhe. A kgona go tshela botshelo jwa tsone jotlhe a sa nwe le fa e le lerothodinyana la metsi! Makasine mongwe wa re: “Metsi otlhe a di a tlhokang go tshela di a bona mo mebeleng ya tsone go tswa mo setatšheng le mo mafureng a a tswang mo dipeong tse di omileng tse di a jang.” Mme diphilo tsa tsone di ka kgona go boloka motlhapo nako e telele go gaisa kafa diphilo tsa batho di kgonang go dira ka teng. Dipeba tse dinnye tseno tse di nnang mo mesimeng di falola mogote o mogolo wa letsatsi ka go tsoma bosigo.

Go na le mefuta e e fetang sekete e e farologaneng ya dimela tse di golang mo mogogorong ono. Ba-India ba Ba-Shoshone ba ba ileng ba nna koo ka dingwaga tse di fetang sekete, ba ne ba batlana le dimela  gore ba di je le dilo tse di iseng di dirisiwe gore ba dire dijana. Ba re, fa o itse gore o batla eng, o tla bona dijo tse dintsi mo Death Valley.

Fa Sekaka se Ntsha Malomo

Ka dinako tse dingwe go nna le malomo a mantle mo Death Valley. Malomo ano a tswa mo peong e e nnang fela mo mmung—ka dinako tse dingwe ka masome a dingwaga—e letetse selekanyo se se siameng sa pula le themperetšha e e siameng gore e kgone go mela. Moithutadimela wa National Park Service e bong Tim Croissant a re: “Go na le dingwaga tse dintsi tse ka tsone re sa boneng malomo ape gotlhelele.”

Mme ka mariga a 2004 le 2005 go ile ga na pula e ntsi go gaisa epe e e kileng ya begiwa mo Death Valley—e ne e le selekanyo sa pula se se menaganeng gararo go feta se se tlwaelegileng. Seo se ne sa dira gore go thunye mefuta e feta e le 50 ya malomo a naga go akaretsa le di-larkspur, di-lilac, di-orchid, di-poppy, di-primrose, di-sunflower le di-verbena. Moeti mongwe o ne a re mogogoro ono o nkga jaaka lebenkele le le rekisang malomo. Mme malomo ano a ngoka dinotshe le ditshenekegi tse dingwe. Ka jalo, fa malomo a Death Valley a simolola go thunya, go utlwala le go suma ga ditshenekegi tse dintsi tse di fofang.

Fa o ka swetsa go etela mogogoro ono wa maemo a a feteletseng ka metlha, tlhomamisa gore o tsamaya ka koloi e e siameng le metsi a mantsi. Mme fa o tla ka nako ya fa malomo a thunya, o tle gape le ka khamera ya gago. Ba lelapa le ditsala ba tla gakgamala go bona kafa Death Valley e nang le dilo tse dintsi tse di tshelang ka teng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Themperetšha e e kwa godimo thata e e kileng ya kwalwa ya mowa e ne e le didikirii tsa Celsius di le 58, mme e ne ya begiwa ka 1922 kwa Libya. Le fa ntse jalo, mo dithemperetšhareng tsotlhe tsa selemo, go bonala fa Death Valley e le lone lefelo le le mogote go gaisa otlhe mo lefatsheng.

[Mafoko a a mo go tsebe 15]

Lefelo le le omeletseng thata, le le kwa tlase thata le le mogote go gaisa otlhe kwa Amerika Bokone

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 17]

Ditlhapi mo Sekakeng!

Mefuta e menè ya ditlhapinyana tse di gakgamatsang tse di bidiwang di-desert pupfish di nna kwa Death Valley. Fa go le mariga, ditshedinyana tseno tse di boleele jwa disentimetara di le thataro tse di nang le mmala o o selefera di nna di iphitlhile kwa tlase mo seretseng mo melatswaneng le mo mekgatšheng. Mme fa letsatsi la dikgakologo le gotetsa metsi di simolola go tlhaga le go tsala. Tse ditonanyana di fetola mmala wa tsone go nna bobududu jo bo fetofetogang mme di dira ka natla go sireletsa lefelo la tsone mo go tse dingwe tse ditonanyana. Mme go ise go ye kae mogote o o fisang wa selemo o kgadisa metsi mme ditlhapi tsa pupfish di bo di swa ka bontsi. Tse di falolang di tshwanetse go nna mo metsing a a letswai thata a a ka nnang a fitlha mo themperetšhareng ya mogote wa didikirii tsa Celsius di ka nna 44.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Top fish: © Neil Mishalov—www.mishalov.com; bottom fish: Donald W. Sada, Desert Research Institute

[Dimmapa mo go tsebe 14]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

United States of America

[Mmapa]

Death Valley National Park

California

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mules: Courtesy of The Bancroft Library/University of California, Berkeley

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Burros: ©Joseph C. Dovala/age fotostock; top panorama: © Neil Mishalov—www.mishalov.com; flowers: Photo by David McNew/Getty Images