Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba-Roma—Dingwaga di le Sekete Tsa Boipelo le Khutsafalo

Ba-Roma—Dingwaga di le Sekete Tsa Boipelo le Khutsafalo

 Ba-Roma—Dingwaga di le Sekete Tsa Boipelo le Khutsafalo

TIRAGALO eno e tshwana le lenyalo lengwe le lengwe le legolo la setso. Go tletse dijo le dino mme go utlwala le mmino fela mo ntlong. Ba losika ba ntse ba itshukunyetsa go ya go eleletsa monyadi yo o ditlhong le monyadiwa wa gagwe yo montle masego. Mme ga se lenyalo—ke moletlo fela wa go beeletsana bosigo jwa pele ga lenyalo, moletlo o o ileng wa ngoka batho ba ba fetang 600 ba ba tlileng go ba eleletsa masego. Mo moletlong ono ba lelapa la gaabo mosimane ba naya ba gaabo mosetsana bogadi. Ka moso monyadi le ba lelapa la gaabo ba tla tsamaya le monyadiwa go ya kwa ntlong ya gagwe e ntšha, kwa ba tla bong ba nna le moletlo o mongwe gape o o tla akaretsang lenyalo la mmatota.

Ba losika botlhe la banyalani ba basha ba bua Se-Roma—puo e batho ba bangwe ba tla e tsayang e le puo ya seeng gongwe le gongwe kwa ba nnang teng. Puo eno e e nang le maleme a a farologaneng le dingwao tsa bogologolo le meetlo ya lenyalo, e dirisiwa ke setlhopha sengwe sa batho ba ba ileng ba phatlalala go ralala lefatshe mme ba se na naga ya bone le puso ya bone. Ke Ba-Roma. *

Ba-Roma ke Bomang?

Fa go latedisiwa kwa puo, setso le bagologolwane ba Ba-Roma ba simologileng teng go fitlhelwa gore di simologile dingwaga di ka nna 1 000 kwa bokone jwa India. Puo ya bone, kwa ntle ga mafoko mangwe a maadingwa a ba sa tswang go simolola go a dirisa bosheng jaana, go bonala sentle gore e simologile kwa India. Ga go itsiwe sentle gore ke ka ntlha yang fa ba ile ba tloga kwa India. Bakanoki bangwe ba dumela gore bagologolwane ba bone e ka tswa e ne e le baitse ba ditiro tsa diatla le batho ba ba tlosang batho bodutu ba ba neng ba amana le masole a a ileng a tswa kwa nagagaeng ya bone ka ntlha ya dintwa. Le fa go ka tswa go diregile eng, Ba-Roma ba ile ba fitlha kwa Yuropa  ba tswa kwa Peresia le Turkey pele ga ngwaga wa 1300 C.E.

Kwa Yuropa, batho ba le bantsi fa ba akanya ka Ba-Roma, ba akanya ka dilo tse pedi tse di farologaneng gotlhelele. Ka fa letlhakoreng le lengwe ba tlhalosiwa bontle mo dibukeng dingwe le mo difiliming, e le batho ba ba ratang baeng, ba ba sa kgathaleng, ba ba tlholang ba kgarakgatshega, ba o fitlheleng gantsi ba dirisa dipina le go tansa go bontsha boitumelo le kutlobotlhoko ya bone. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba ne ba senngwa leina go twe ke batho ba ba sa ikanyegeng, ba o sa kgoneng go ba tlhaloganya sentle e bile ba sa tshepe sepe—ba ka metlha ba se keng ba nna le batho e bile ba tlhola ba itlhaotse mo go ba bangwe. Gore re tle re tlhaloganye gore go tlile jang gore batho ba nne le dipono tseno ka bone, a re sekaseke botshelo jo bo kgatlhang jwa kwa Ba-Roma ba tswang teng.

Nako ya go Tlhaolwa

Mo Metlheng ya Bogare, Bayuropa ba ne ba itse fela ka motse wa bone kgotsa toropo ya bone. Akanya fela gore ba tshwanetse ba bo ba ne ba akanya eng fa ba simolola go bona malapa a Ba-Roma a goroga. Dilo di le dintsi ka bone di tshwanetse tsa bo di ne di ba gakgamatsa. Mo godimo ga gore ba ne ba na le mmala wa letlalo o motshwana, matlho a mantsho le moriri o montsho, diaparo, mekgwa le puo ya baeng bano di ne di farologane gotlhelele le tsa bone, mme gantsi Ba-Roma ba ne ba rata go innela ba le bosi fela—mokgwa o o ka tswang o ne o simolotse nako ele ya bogologolo fa ba ne ba tlhaolwa ka maemo kwa India. Mo masomeng a dingwaga a a neng a latela, kgatlhego eo ya batho ba kwa Yuropa e ne ya fetoga mme ba simolola go ba belaela.

Ba-Roma ba ne ba tlhaolwa ka tsela ya mmatota—ba patelediwa gore ba ye go nna kwa thoko ga metse mme ba ilediwa go tsena mo metseng tota le eleng go ya go reka dilo tse ba di tlhokang kgotsa go ya go ga metsi. Magatwe a ne a re “ba utswa bana e bile ba ba ja!” Ka dinako tse dingwe Ba-Roma ba ne ba patelediwa ke molao gore ba apeele kwa ba tla bonwang ke mongwe le mongwe gone, gore mongwe le mongwe yo o batlang go sekaseka gore ba apeile eng a dire jalo. Gantsi tshekatsheko eo ya dijo tsa bone e ne e dirwa ka gore go tshololwe dijo tsa bone tsa letsatsi leo. Ga go gakgamatse go bo Ba-Roma bangwe ba ne ba utswa dijo go itshedisa.

Ba-Roma ba ne ba lepalepana le tlhaolele eno ka go ngaparelana. Ka makgolo a mantsi a dingwaga ba ne ba gomodiwa ke boitumelo jo ba neng ba bo bona mo botshelong jwa malapa a bone. Batsadi ba le bantsi ba Ba-Roma ba amega thata ka bana ba bone mme le bana ba amega ka batsadi ba bone mo e leng gore ba ba tlhokomela fa ba tsofetse. Ba-Roma ba le bantsi  ba ngaparela thata setso le melao ya boitshwaro le go nna le seriti.

Botshelo Jwa go Kgarakgatshega

E re ka gantsi Ba-Roma ba ne ba sa amogelwe mo mafelong a le mantsi a ba yang kwa go one, ba ne ba nna ba fuduga ka dinako tsotlhe. Botshelo jono jwa go kgarakgatshega bo ne jwa dira gore ba nne le bokgoni jo bo farologaneng jwa tiro, jo bo jaaka, go bereka ka tshipi, go rekisa le go tlosa batho bodutu. Ka go dira ditiro tseno tse batho ba di tlhokang, ba ne ba kgona go fepa malapa a bone. Basadi bangwe ba Ba-Roma ba ne ba dirisa tshono ya gore ba itsege e le batho ba ba nang le maatla a e seng a tlholego mme gantsi ba itira e kete ba na le one go dira kgwebo. Go nna ba ntse ba kgarakgatshega jalo go ile ga thusa gore ngwao le boitshwaro jwa bone bo se ka jwa senyega ka gonne ba ne ba sa nne le dikamano tse di kalo le ba-gadje—lefoko la Se-Roma le le rayang “batho ba e seng Ba-Roma.” *

Mme fa nako e ntse e tsamaya, go tlhaolwa go ile ga felela ka gore ba bogisiwe. Ba-Roma ba ne ba lelekwa mo dikarolong dingwe tsa Yuropa. Mo mafelong a mangwe, Ba-Roma e ne e le makgoba ka makgolokgolo a dingwaga. Fa bokgoba joo bo fela ka bo1860, go ile ga dira gore Ba-Roma ba kgarakgatshege le go feta, ga dira gore ba le bantsi ba ye kwa Bophirima jwa Yuropa le kwa dinageng tsa kwa Amerika. Gongwe le gongwe kwa ba neng ba ya gone, ba ne ba tsamaya ka puo, dingwao le bokgoni jwa bone.

Tota le mo seemong se se utlwisang botlhoko seno, ka dinako tse dingwe Ba-Roma ba ne ba gomodiwa ke bokgoni jwa bone jwa go diragatsa. Kwa Spain fa Ba-Roma ba ne ba kopakopana le ditso tse dingwe go ile ga dira gore go nne le mmino le tanse ya flamenco, mme kwa Yuropa Botlhaba, diopedi tsa Ba-Roma ba ne ba amogela dipina tsa setso tsa lefelo le ba leng kwa go lone mme ba tla ba ntse ba tsenyeletsa le mokgwa wa bone o o sa tlwaelegang wa go opela. Mmino o o supang maikutlo a Ba-Roma o ile wa tlhotlheletsa le batlhami ba mmino ba maemo a a kwa godimo ba ba jaaka Beethoven, Brahms, Dvořák, Haydn, Liszt, Mozart, Rachmaninoff, Ravel, Rossini, Saint-Saëns, le Sarasate.

Ba-Roma mo Motlheng wa Rona

Gompieno Ba-Roma ba ba ka nnang dimilione di le pedi go ya go di le tlhano—bangwe ba re ba bantsi go feta moo—ba nna gongwe le gongwe mo lefatsheng. Bontsi jwa bone ba nna kwa Yuropa. Ba le bantsi ga ba tlhole ba tshela botshelo jwa bokgarakgatshegi  mme bangwe ba bone ba itsholetse mo go tsa madi. Mme mo mafelong a le mantsi Ba-Roma e sa ntse e le bangwe ba batho ba ba humanegileng le ba ba sotlegang mme gantsi ba nna mo maemong a a makgwakgwa.

Ka nako ya Bokomonisi kwa Yuropa Botlhaba dipolotiki di ne di re batho botlhe ba tshwanetse go lekana. Mebuso e ile ya leka go fokotsa mokgwa wa Ba-Roma wa go kgarakgatshega ka go ba naya ditiro le go ba naya matlo a a agilweng ke puso, mme gone e ne e se ka metlha ba atlegang mo go se ba lekang go se dira. Seno se ne se tokafatsa botsogo le maemo a botshelo jwa bone. Mme ga go a ka ga fedisa maikutlo a a sa siamang a Ba-Roma le batho ba e seng Ba-Roma ba neng ba na le one mongwe mo go yo mongwe ka makgolokgolo a dingwaga.

Diphetogo tsa dipolotiki kwa Yuropa Botlhaba ka bo1990 di ile tsa dira gore ba nne le tsholofelo ya gore ba tla nna le ditshono tse dingwe. Mme diphetogo tseno di ile gape tsa ba busetsa gape kwa maemong utlwisang botlhoko a mo nakong e e fetileng fa dithulaganyo tsa go ba thusa di ne di fokodiwa le melao ya tlhaolele e ne e sa tlhole e gagametse, mme seno sa dira gore Ba-Roma ba le bantsi ba boe ba iphitlhele ba le mo maemong a a thata le go feta mo loagong le mo go tsa madi.

Go Bona Tsholofelo le Botshelo jo bo Botoka

Maemo a ne a ntse jalo fa Andrea, yo o nang le meriri e mentsho e e phatsimang a ne a tsena sekolo kwa Yuropa Botlhaba. E ne e le ene fela seithuti sa Mo-Roma mo tlelaseng ya bone. Le fa gone a ne a le pelokgale, ga a kgone go tshwara dikeledi tsa gagwe fa a gakologelwa kafa a neng a kgobiwa le kafa a neng a sa ratiwe ka teng. Andrea o gakologelwa jaana: “Ka metlha ke ne ke tlhophiwa wa bofelo fa re ne re tshameka metshameko ya ditlhopha. Ke ne ke tle ke batle go siela kwa India kwa ke neng ke tla kgona go tshwana le mongwe le mongwe. Tota e bile, mongwe o kile a goa tsala ya me a mo raya a re, “Boela kwa India!” O ne a re, ‘Ke ne ke tla boela fa nka bo ke na le madi.’ Ga go na gope fela kwa re neng re ikutlwa re le kwa gae gone. Re ne re sa amogelwe gope.” Andrea yo e neng e le motantshi yo o setswerere, o ne a lora ka go tuma le gore go tuma ga gagwe go tla dira gore a amogelwe ke batho ba bangwe. Mme fa a ne a sa ntse a le mosha, o ne a bona sengwe se se botoka thata.

Andrea o gakologelwa jaana: “Ka letsatsi lengwe ke ne ka etelwa ke mosadi mongwe yo o bidiwang Piroska kwa gae. O ne a mpontsha go tswa mo Baebeleng gore Modimo o rata mongwe le mongwe wa rona e seng fela re le setlhopha. O ne a tlhalosa gore nka kgona go nna le botsala jo bontle le Modimo fa e le gore ke a batla. Seno se ne sa dira gore ke ikutlwe gore go na le mongwe yo ke leng botlhokwa mo go ene. E re ka ke ne ke itse gore Modimo o leba batho botlhe ba tshwana go ne ga dira gore ke itshepe.

“Piroska o ne a nkisa kwa dipokanong tsa Basupi kwa ke ileng ka kopana le Ba-Roma le batho ba e seng Ba-Roma mme ke ne ke kgona go bona kafa ba utlwanang ka teng. Ke ne ka dira botsala jwa mmatota le Basupi ba mefuta eno ka bobedi. Fa ke sena go ithuta Baebele le Piroska ka sebaka sa ngwaga le sephatlo, le nna ke ne  ka nna Mosupi wa ga Jehofa.” Gompieno Andrea le monna wa gagwe ke baboledi ba nako e e tletseng, ba ba rutang batho ba bangwe ka lorato lo logolo lo Modimo a ratang ditšhaba tsotlhe ka lone.

“Ba Tsewa ba Lekana le ba Bangwe”

Fa Mo-Roma mongwe yo o bidiwang Hajro a akanya ka nako ya fa a ne a sa le mosha o bolela jaana: “Go ikopanya le basimane ba bangwe ba ba sa siamang ba ba neng ba sa tlotle molao go ne ga dira gore ka metlha ke nne mo mathateng. Nako nngwe nkile ka tshwarwa ke mapodise ka ntlha ya go utswa sengwe fa ke ne ke na le bone basimane bao. Fa mapodise a ne a nkisa gae, ke ne ke boifa thata tsela e mmè a neng a tla itshwara ka yone go na le kafa ke neng ke boifa ka teng go bo ke tshwerwe ke mapodise, ka gonne, jaaka go ntse mo malapeng a le mantsi a Ba-Roma, ke ne ke rutilwe gore ga go a siama go utswela motho yo mongwe.”

Fa Hajro a gola, ene le ba lelapa la gaabo le bone ba ne ba kopana le Basupi ba ga Jehofa. Tsholofelo ya Baebele ya gore Bogosi jwa Modimo bo tla fedisa mathata a batho, go akaretsa le tlhaolele, e ne ya ama pelo ya ga Hajro thata. A re: “Ba-Roma ga ba ise ba ko ba nne le puso ya bone ka bobone. Ke ka lebaka leo ke akanyang gore Ba-Roma ba ka kgona go anaanela botoka fa ba itse gore Bogosi jwa Modimo bo tla solegela batho botlhe molemo jang. Ke bone melemo eo le e leng gone jaanong. Fa ke simolola fela go tsena mo Holong ya Bogosi, ke ne ka ikutlwa ka tsela e moaposetoloi Petere a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: ‘Ruri ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo  go ene.’ (Ditiro 10:34, 35) Botlhe ba ne ba ntsaya ke lekana le bone. Ke ne ke sa kgone go dumela se ke se utlwang fa ke ne ke utlwa mongwe yo e seng Mo-Roma a mpitsa phrala—lefoko le le rayang ‘mokaulengwe,’ ka Se-Roma!

“Mo tshimologong, bangwe ba lelapa la gaetsho ba ne ba nkganetsa thata. Ba ne ba sa kgone go tlhaloganya diphetogo tse ke neng ke di dira gore ke tle ke tshele go ya ka melaometheo ya Baebele. Mme gone jaanong, ba losika le Ba-Roma ba motse wa rona ba ile ba bona gore go nna ke nitame mo melaong ya Modimo go ile ga dira gore ke itumele mme go nnile le matswela a mantsi a mantle. Ba le bantsi le bone ba ka rata go tokafatsa matshelo a bone.” Hajro gone jaanong ke mogolwane wa Mokeresete e bile ke mmoledi wa nako e e tletseng. Mosadi wa gagwe yo e seng Mo-Roma e bong Meghan le ene o ruta batho ba Ba-Roma le ba bangwe kafa Baebele e ka ba thusang go tshela botshelo jo bo itumetseng—gone jaanong le nakong e e tlang. A re: “Ba lelapa la gaabo monna wa me le batho ba setšhaba sa bone ba nkamogetse ka matsogo oomabedi. Ba itumela go bo motho yo e seng Mo-Roma a ba kgatlhegela jaana.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 3 Mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe, Ba-Roma ba ile ba bidiwa go twe ke Ba-Gypsy, Ba-Gitano, Ba-Zigeuner, Ba-Tsigani, Ba-Cigány. Mafoko ano a tsewa e le a a sotlang. Lefoko Rom (le mo bontsing e leng roma), le ka puo ya bone le rayang “motho,” ke lefoko le bontsi jwa Ba-Roma ba ipitsang ka lone. Ditlhopha tse dingwe tse di buang Se-Roma di itsege ka maina a mangwe jaaka Ba-Sinti.

^ ser. 12 Le fa gone Ba-Roma bangwe ba sa ntse ba ngaparela thata dingwao dingwe, gantsi ba ile ba amogela bodumedi jwa lefelo le ba leng kwa go lone.

[Mafoko a a mo go tsebe 24]

Gompieno Ba-Roma ba nna mo e ka nnang gongwe le gongwe mo lefatsheng

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Ka nako ya Bonasi kwa Yuropa, Hitler o ne a bolaya Ba-Roma ba ba ka nnang 400 000 kgotsa go feta kwa dikampeng tsa gagwe tsa pogisetso, mmogo le Bajuda, Basupi ba ga Jehofa le ba bangwe. Ka 1940, tota le pele ga letsholo la ga Hitler la go batla go fedisa batho le itsege gongwe le gongwe, modiragatsi wa dibaesekopo e bong Charlie Chaplin—yo le ene e leng Mo-Roma—o ne a dira baesekopo e e bidiwang The Great Dictator, e e neng e kgala Hitler le mokgatlho wa gagwe wa Banasi. Badiragatsi ba bangwe ba ba tumileng ba le bone ba neng ba bolela gore ke ba Ba-Roma ba akaretsa motshameki e bong Yul Brynner, motshameki wa mosadi e bong Rita Hayworth (kwa tlase), motaki Pablo Picasso (kwa tlase), motshameki wa mmino wa jazz e bong Django Reinhardt le moopedi wa kwa Makedonia e bong Esma Redžepova. Ba-Roma gape ba ile ba nna baenjeniri, dingaka, boporofesa le maloko a palamente.

[Metswedi ya Ditshwantsho]

AFP/Getty Images

Photo by Tony Vaccaro/Getty Images

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Basupi ba Ba-Roma

Ba-Roma ba le bantsi ba ile ba nna Basupi ba ga Jehofa. Bangwe ba bone ke bagolwane mo phuthegong le babulatsela ba nako e e tletseng. Balaodi ba puso le batho ba bangwe ba e seng Ba-Roma ba ba tsaya jaaka batho ba ba tlhomang sekao. Mosupi mongwe wa Mo-Roma wa kwa Slovakia o tlhalosa jaana: “Ka letsatsi lengwe moagelani yo e seng Mo-Roma o ne a kokota mo lebating la folete ya rona. O ne a re raya a re: ‘Lenyalo la me le mo mathateng, mme ke itse gore lona lo ka kgona go re thusa.’ Re ne ra mmotsa ra re: ‘Ke eng fa o akanya gore ke rona re ka kgonang go go thusa?’ O ne a re: ‘Fa Modimo o lo o obamelang o kgona go thusa lona Ba-Roma gore lo tokafatse matshelo a lona, gongwe le rona a ka kgona go re thusa.’ Re ne ra mo naya buka e e theilweng mo Baebeleng e e buang ka botshelo jwa lelapa e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

“Moragonyana mosadi wa gagwe le ene o ne a tla go kokota mo lebating la rona mme le ene a re kopa se se tshwanang a sa itse gore monna wa gagwe o ne a setse a tlile. O ne a re: ‘Ga go na ope mo moagong ono wa rona wa difolete yo o ka kgonang go re thusa. Re ne ra mo naya buka e e tshwanang. Mongwe le mongwe wa bone o ne a re kopa gore re se ka ra bolelela yo mongwe gore o ne a tlile go re bona. Kgwedi le sephatlho morago ga foo, re ne ra simolola go ithuta Baebele le banyalani bano. Go tshela ka boammaaruri jwa Baebele go ile ga dira gore batho ba re tseele kwa godimo mo e leng gore ba tla kwa go rona gore re ba thuse semoyeng.”

[Ditshwantsho]

Narbonne, Fora

Granada, Spain

“Ba-Rom ba ka kgona go tlhaloganya botoka gore Bogosi jwa Modimo bo tla solegela batho botlhe molemo jang.”—Hajro

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Poland

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Clive Shirley/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Ba-Roma kwa Engelane, 1911

[Motswedi wa Setshwantsho]

By courtesy of the University of Liverpool Library

[Setshwantsho mo go tsebe 22, 23]

Slovakia

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Makedonia

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Mikkel Ostergaard/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Romania

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Makedonia

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Repaboliki ya Czech

[Setshwantsho mo go tsebe 24, 25]

Spain

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Andrea o ne a batla go tuma le go amogelwa ke batho ka bokgoni jwa gagwe jwa go tantsha

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Romania: © Karen Robinson/Panos Pictures; Macedonia: © Mikkel Ostergaard/Panos Pictures; Czech Republic: © Julie Denesha/Panos Pictures