Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o ka Bonang Lorato Lwa Mmatota ka Teng

Kafa o ka Bonang Lorato Lwa Mmatota ka Teng

Kafa o ka Bonang Lorato Lwa Mmatota ka Teng

Ke eng se o ka se dirang gore o ratiwe le gore o ratege le go feta, mme e seng fela go ratiwa ke motho wa bong bo sele? A o tshwanetse wa huma? A o tshwanetse wa tokafatsa ditebego tsa gago?

E RE KA banna le basadi ba tsiediwa ke dipapatso e bile ba tlhotlhelediwa ke metswedi ya tshedimosetso, gantsi ba solofela gore dilo tseno di ba thuse go bona lorato. Ke boammaaruri gore ke ga tlholego fela e bile go tshwanetse gore re amege ka tsela e re lebegang ka yone, mme bontle—jo e leng jwa nakwana fela—ga se jone selo sa konokono se se dirang gore batho ba nne le kamano e e nnetseng ruri. Khumo le yone ga e dire jalo. Selo se se thusang ke go bontsha batho ba bangwe lorato lo e seng lwa bopelotshetlha. Jesu o ne a ruta jaana: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela.” (Luke 6:38) Ka bokhutshwane fela re ka re, fa e le gore o batla go ratiwa, bontsha ba bangwe lorato.

Re ka dira seo jang? Moaposetoloi Paulo o ne a araba potso eo a tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo wa Modimo. O senola gore lorato lo a dira, ga lo bontshiwe fela ka maikutlo, mme lo bontshiwa thata ka se lo se direlang batho ba bangwe le ka se lo tilang go se dira. Ela tlhoko mafoko ano a ga Paulo: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.”—1 Bakorintha 13:4-7.

O ikutlwa jang fa mongwe a go bontsha bopelonomi kgotsa fa a go amogela go sa kgathalesege dilo tse dinnye tse o ka di buang kgotsa wa di dira tse di tenang? A ga o ikutlwe o rata motho yo ruri a amegang ka wena, yo o sa galefeng ka bonako le yo o itshwarelang le yo o boammaaruri le fa gone go itshwarela le go ikanyega go se motlhofo?

Ka gone, tshwara batho ba bangwe jalo. Jesu o ne a re: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12) Ga go motlhofo go bontsha lorato ka dinako tsotlhe, le fa go ntse jalo maiteko a o a dirang ga se a lefela. Sengwe sa dilo tse di molemo ka gone ke gore o tla ratiwa le go feta ke balelapa la gago, ditsala, molekane wa lenyalo kgotsa motho yo o tla nyalanang le ene. Gape, o tla itumedisiwa ke go dira se se siameng, go iketleeletsa go thusa ba bangwe. Ee, “go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35.

Ithute Lorato mo Motsweding o Mogolo go Gaisa Yotlhe

Jehofa ke Modimo wa lorato, motswedi o mogolo wa tshedimosetso e e malebana le kgang eno. (1 Johane 4:8) Lorato lwa gagwe lo mo tlhotlheletsa go ruta batho botlhe ba ba iketleeditseng go ithuta ka nonofo eno. Akanya ka dikai dingwe tsa melaometheo ya Baebele e e re thusang go rata ba bangwe le gore re ratiwe.

“Nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Patlisiso e e neng ya dirwa mo banyalaning ba le 20 000 e ne ya bontsha gore batho ba ba itumetseng fela thata ke ba ba nang le balekane ba ba ba reetsang ka tsela e e molemo. Puisano e e molemo e botlhokwa thata mo kamanong ya batho. Porofesa wa thutoloago o ne a kwala jaana: “O tla jewa ke bodutu fa o na le kamano le motho yo o sa itseng sepe ka mathata a o nang le one. Mme go ka nna maswe le go feta fa a itse mathata a o nang le one mme a sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa o tshwenyegile thata ka one.” O oketsa ka go bolela gore tota le fa batho ba babedi ba sa tshwane ka ditsela di le dintsi, “fa molekane a bontsha gore o tlhaloganya tsela e o lebang dilo ka yone le kafa o amiwang ke se se go diragaletseng mo botshelong ka teng, go farologana ga lona e nna selo se se seng botlhokwa.”

“Lo pitlagane mo lo se nang sebaka mo loratong lwa lona lwa bopelonomi. . . . Pitlologang.” (2 Bakorintha 6:12, 13) Re solegelwa molemo fa re pitlologa mo tseleng e re ratang ba bangwe ka yone. Kgatiso e e tswang kwa Harvard Medical School ya re: “Dipatlisiso di le dintsintsi di bontshitse gore batho ba ba engwang nokeng ke batho ba bangwe—e leng, ba ba nang le kamano e e molemo le bamalapa a bone, ditsala, le batho ba ba tshelang le bone—ba nna ba itumetse, ga ba lwale thata e bile ba tshela lobaka lo loleele.”

“A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Bahebera 10:24, 25) Re tlhotlhelediwa ke batho ba re tlwaelaneng le bone. Fa o ipha nako le batho ba ba bontshang lorato lwa mmatota lwa Bokeresete, o tla bontshiwa nonofo eno o bo o ithuta kafa o ka e bontshang ka teng mo botshelong jwa gago. Basupi ba ga Jehofa ba leka ka natla go bontshana lorato, ba itse gore ke lotshwao lo lo ba tlhaolang jaaka barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu. (Johane 13:35) Ikutlwe o gololesegile go ya dipokanong tsa bone tsa Bokeresete.

Fa o ikutlwa o sa ratiwe, o se ka wa kgobega marapo kgotsa wa itshwaya phoso thata. Nna o gakologetswe gore Jehofa o bona seemo sa gago. A o gopola Lea, yo go builweng ka ene mo setlhogong sa ntlha sa motseletsele ono? Jehofa o ne a itse seemo sa gagwe, mme o ne a nna mmaagwe bana ba le barataro ba basimane le mosetsana a le mongwe—tshegofatso e e molemo tota mo motlheng wa gagwe o bana ba neng ba tsewa ba le botlhokwatlhokwa! Mo godimo ga moo, bomorwa Lea botlhe e ne ya nna bagologolwane ba ditso tsa Iseraele. (Genesise 29:30-35; 30:16-21) A bo Lea a tshwanetse a bo a ile a gomodiwa jang ne ke tsela e e lorato e Modimo a neng a bontsha ka yone gore o amega ka ene!

Mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng mo Dikwalong, ga go na ope yo o tla ikutlwang a sa ratiwe. Go na le moo, batho botlhe ba tla bo ba na le lorato lwa mmatota. (Isaia 11:9; 1 Johane 4:7-12) Ka gone, a re bontsheng gone jaanong gore re batla go nna gone mo lefatsheng leo ka go tlhagolela lorato lo go buiwang ka lone mo Baebeleng le lo lo bontshiwang ke Mokwadi wa yone. Ee, boitumelo jwa mmatota ga bo nne gone fela ka ntlha ya go bo motho a ratiwa mme bo nna gone fa motho a bontsha ba bangwe lorato lo e seng lwa bopelotshetlha.—Mathaio 5:46-48; 1 Petere 1:22.

[Mafoko a a mo go tsebe 8]

“Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.”—Ditiro 20:35

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Fa e le gore o batla go ratiwa, bontsha ba bangwe lorato