Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo le Botsogo Jwa Gago

Go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo le Botsogo Jwa Gago

 Go Nwa Bojalwa go Feta Selekanyo le Botsogo Jwa Gago

“Santé!” “Salute!” “Za vashe zdorovye!” “Chuc suc khoe!” E ka ne e le kwa Fora, Italy, Russia kgotsa kwa Vietnam, batho ba rata go bua mafoko ano pele ba nwa fa ba le mmogo, a a rayang: “A re itumeleng!” Mme se se gakgamatsang e nne gore dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba felela ka mahutsana ka gonne ba feleletsa ba sule.

GO NWA bojalwa go feta selekanyo go baka mathata a a raraaneng a a akaretsang go nwa ka tsela e e tla dirang gore o ipeye mo kotsing, ka tsela e e tla go gobatsang le e e tla dirang gore o fetoge lekgoba la bojalwa. Go nwa bojalwa ka tsela e e tla dirang gore o ipeye mo kotsing, jaaka go tlhalosiwa ke World Health Organization, ke “go nwa bojalwa thata ka tsela e e tlisetsang motho ditlamorago tse di sa siamang,” mo mmeleng, mo tlhaloganyong kgotsa mo setšhabeng. Go raya go nwa go feta selekanyo se se akantshiwang  ke ba tsa kalafi kgotsa se molao o se beileng. Go nwa ka tsela e e tla dirang gore o ipeye mo kotsing, go gape go bidiwang go nwa bojalwa go feta selekanyo, go akaretsa go nwa bojalwa ka tsela e e gobatsang motho mo mmeleng kgotsa mo tlhaloganyong mme a ise a fetoge lekgoba la jone. Go fetoga lekgoba la bojalwa go tlhalosiwa e le “go palelwa ke go ithiba mo bojalweng.” Motho yo o fetogileng lekgoba la bojalwa o nna a ntse a bo eletsa, ga a tlogele go bo nwa go sa kgathalesege mathata a a farologaneng a bo mo tlisetsang one, mme o a lwala fa a sa nwe.

Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae, o monna kgotsa mosadi kgotsa gore o wa lotso lofe, go nwa ka tsela e e kotsi go tla go tlisetsa mathata. Bojalwa bo gobatsa mmele ka ditsela dife? Go nwa go feta selekanyo go baka mathata afe a botsogo? Mme ga twe motho o nwa sentle fa a nwa bojalwa jo bo kana kang?

Bo Gobatsa Tlhaloganyo

Ethanol, e leng khemikale e e fitlhelwang mo majalweng a le mantsi, ke khemikale e e ka gobatsang methapo ya boboko. Ka gone fa motho a tlhapetswe, tota o a bo a tsenwe ke botlhole bongwe. Fa motho a ka nwa ethanol e ntsi, e ka dira gore a idibale lobaka lo loleele kgotsa e ka mmolaya. Ka sekai, ikkinomi, e leng go nwa bojalwa ka go bo kodumetsa bo le bontsi ka bonako, e bolaya basha ba le bantsi ngwaga le ngwaga kwa Japane. Mmele o kgona go fetola ethanol gore e se ka ya nna kotsi, mme seno se direga ka iketlo. Fa motho a nwa bojalwa bo le bontsi go feta selekanyo, ethanol e tlala mo mading e bo e simolola go kgoreletsa tsela e boboko bo berekang ka yone. Seno se direga jang?

Go bua, go bona, tsela e methapo ya mmele e dirang ka yone, go akanya le tsela e motho a itshwarang ka yone, tsotlhe fela di amana le tsela e e raraaneng e methapo e megolo ya boboko e dirang ka yone. Ethanol e fetola tsela e methapo eno yotlhe e berekang ka yone, e dira gore dikhemikale tse di romelang melaetsa go tswa kwa mothapong o mongwe go ya kwa go o mongwe di se ka tsa bereka ka tsela e e tlwaelegileng. Fa seno se direga, tsela e tshedimosetso e fetisediwang ka yone kwa bobokong e a fetoga, e bo e dira gore boboko bo se ka jwa kgona go bereka sentle. Ke gone ka moo fa motho a nwa thata a feleletsang a sa kgone go bua sentle, a sa bone sentle, a thetheekela e bile a sa kgone go itshwara sentle—e leng matshwao a gantsi motho a nnang le one fa a tlhapetswe.

 Fa motho a na le lobaka lo loleele a nwa, boboko jwa gagwe bo tlwaela go lwantshana le botlhole jo a bo tsentsweng ke ethanol mme bo tswelela bo bereka sentle. Seno se feleletsa se dirile gore mmele wa gagwe o amogele selekanyo seo sa bojalwa mo e leng gore selekanyo sa bojalwa se pele se neng se mo taga ga se tlhole se mo taga. Motho o fetoga lekgoba la bojalwa fa boboko bo setse go tlwaetse gore go bo go ntse go na le bojalwa mo mading a gagwe mo e leng gore ga bo kgone go bereka sentle fa bojalwa bo seyo. Mmele wa gagwe o eletsa bojalwa go dira gore dikhemikale mo mmeleng wa gagwe di kgone go bereka sentle. Fa motho yo o ntseng jalo a ka thibelwa go nwa bojalwa, boboko jwa gagwe ga bo bereke sentle gotlhelele mme o simolola go nna le matshwao a a bontshang gore ga a ise a nwe, a a jaaka go tlhobaela, go roroma tota le go idibala.

Mo godimo ga gore go nwa bojalwa go feta selekanyo go fetola tsela e boboko bo dirang ka yone, gape go ka senya disele kgotsa ga di bolaya, ga senya tsela e boboko bo bopegileng ka yone. Le fa gone motho a ka nna a fola go sekae fa a ithiba mo bojalweng, go bonala dikgobalo dingwe tse di ntseng jalo tsa boboko e le tse di ka se kang tsa baakanngwa, mme seno se ama tlhaloganyo le ditiro tse dingwe tsa boboko. Go fetsa lobaka lo loleele motho a nwa bojalwa ga se gone fela go senyang boboko. Go bonala dipatlisiso dingwe di bontsha gore go nwa bojalwa go feta selekanyo ka sewelo fela le gone go ka nna kotsi.

Bolwetse Jwa Sebete le Kankere

Sebete se dira tiro e e botlhokwa tota ya go sila dijo, go thusa mmele gore o se ka wa tshwaediwa ke malwetse, go laola kelelo ya madi mo mmeleng le go ntshetsa dikhemikale tse di botlhole kwa ntle ga mmele, tse di akaretsang le jone bojalwa. Go fetsa lobaka lo loleele motho a nwa bojalwa go senya sebete ka dikgato di le tharo. Mo go ya ntlha, go tlhaologa ga ethanol go dira gore mmele o diege go monya mafura, mme mafura ao a tlala mo sebeteng. Seno se baka bolwetse jwa steatohepatitis, e leng bolwetse jwa go tlala ga mafura mo sebeteng. Fa nako e ntse e tsamaya, motho wa teng o tla bo a simolola go ruruga sebete, a tshwarwa ke hepatitis. Le fa bojalwa ka bojone bo ka dira gore motho a tshwarwe ke hepatitis, go bonala gape bo dira gore mmele o se ka wa kgona go lwantsha megare ya hepatitis B le hepatitis C. * Fa bothata jono bo sa elwe tlhoko, go ruruga gono ga sebete go ka dira gore disele di thubege di bo di swe. Go bonala bojalwa bo  raraanya bothata jono ka go baka bolwetse jwa apoptosis, e leng go itshwela fela ga disele ka botsone.

Kgato ya bofelo ke go baboga sebete. Fa sebete se nnetse go ruruga ka tsela eno, le disele di senngwa jalo, di feleletsa di senyegetse ruri. Fa nako e ntse e tsamaya, sebete se nna thata mo boemong jwa gore se nne boruma. Kgabagare, disele tse di omeletseng di kgoreletsa madi gore a se ka a elela sentle, mme seno se dira gore sebete se se ka sa tlhola se bereka sentle e bile motho wa teng o feleletsa a sule.

Go na le bothata jo bongwe gape jo bo kotsi jwa sebete jo bo bakwang ke bojalwa—sebete ga se sa tlhole se kgona go lwantsha disele tse di bakang kankere. Mo godimo ga gore bojalwa bo dire gore motho a tshwarwe ke kankere ya sebete, gape bo baya motho mo kotsing e kgolo ya gore a tshwarwe ke kankere ya molomo, ya mometso, ya magalapa le ya kgokgotso. Gape, bojalwa bo dira gore dikarolo tse di nang le letha tse di mo teng ga molomo di tsenwe motlhofo fela ke dilo ke di bakang kankere tse di tswang mo motsokong, mme seno se dira gore batho ba ba gogang motsoko ba nne mo kotsing le go feta. Basadi ba ba nwang letsatsi le letsatsi ba mo kotsing e kgolo ya go tshwarwa ke kankere ya mabele. Go ya ka patlisiso nngwe, kotsi ya go tshwarwa ke kankere eno mo basading ba ba nwang gabedi kgotsa gararo ka letsatsi e kwa godimo ka diperesente di le 69 go feta ba ba sa nweng.

Bana ba ba Tsenweng ke Botlhole ka Ntlha ya Bojalwa

Ditlamorago tse di maswe le go feta tsa go nwa bojalwa go feta selekanyo ke tsa kafa bo amang bana ba ba iseng ba tsholwe ka gone. International Herald Tribune e bega jaana: “Bojalwa bo kotsi thata mo ngwaneng yo o sa ntseng a gola mo popelong go gaisa seokobatsi sepe se sengwe se se dirisiwang ka tsela e e sa tshwanelang.” Fa mosadi yo o imileng a nwa, ngwana wa gagwe yo o sa ntseng a gola mo teng ga gagwe le ene o a nwa, mme botlhole jo bo tswang mo bojalweng bo kotsi thata segolo jang mo leseanyaneng le le sa ntseng le bopega. Bojalwa bo senya ditshika tse dikgolo tsa boboko jwa leseanyana leo ka tsela e go ka se kang ga dirwa sepe ka yone. Methapo ya lone ya mmele ga e bopege sentle. Disele di a swa. Disele tse dingwe tsone di feleletsa di tlhoga mo di sa tshwanelang go tlhoga gone.

Ditlamorago tsa teng, e leng fetal alcohol syndrome (FAS), di dira gore masea a le mantsi a tsholwe a na le bolwetse jwa tlhaloganyo. Mathata a bana ba ba tsholwang ba na le bolwetse jono ba nnang le one ke a go sa gole sentle mo tlhaloganyong, go nna le bothata jwa go bua sentle, go sa gole ka selekanyo se se lekanang le sa bankana ba bone, go gola ka iketlo mo mmeleng, go nna matlhagatlhaga go feta selekanyo le bothata jwa go sa utlwe sentle le jwa go sa bone sentle. Masea a le mantsi a a nang le bothata jono jwa FAS gape a ka tsholwa a bopologile difatlhego.

Mo godimo ga moo, bana ba bommaabone ba neng ba nwa bojalwa ka tsela e e lekaneng sentle fa ba ne ba sa ntse ba imile le bone ba ka nna ba nna le makoa mangwe a a akaretsang tsela  e bana ba bone ba itshwarang ka yone le go sa kgone go ithuta. Porofesa Ann Streissguth, wa setheo sa bana ba ba amilweng ke bojalwa le diokobatsi ba ise ba tsholwe wa kwa Unibesithing ya Washington a re: “Ga o tlhoke go nna lekgoba la bojalwa gore o gobatse lesea la gago, o ka le utlwisa botlhoko le e leng ka go nwa sentle fela fa o sa ntse o imile.” Pego ya Setheo sa Bosetšhaba sa Fora sa Boitekanelo le Patlisiso ka Tsa Kalafi, Alcool—Effets sur la santé e bolela jaana: “Go kotsi tota go nwa bojalwa fa motho a sa ntse a imile, e bile ga go na selekanyo sepe se go ka tweng sone ga se kotsi.” Ka ntlha ya moo, go botlhale gore basadi ba ba imileng kgotsa ba ba rulaganyetsang go ima ba se ka ba nwa bojalwa gotlhelele. *

Go Nwa ka Tsela e e Seng Kotsi

Dikotsi tse di umakilweng fa godimo ga se tsone tsotlhe. Ka 2004, setlhogo sengwe sa makasine wa Nature se ne sa tlhalosa gore “tota le go nwa bojalwa go le gonnye fela go ka gobatsa motho le go mmaya mo kotsing ya go ka tshwarwa ke malwetse a ka nna 60.” Ka ntlha ya seno, go ka twe motho o nwa jang fa a nwa ka tsela e e seng kotsi? Gompieno, batho ba le dimilionemilione mo lefatsheng lotlhe ba nwa ka selekanyo se se itshiametseng fela ka dinako tse di rileng. Tsela ya konokono e e tla go thusang gore o nne le botsogo jo bo itekanetseng ke go nwa ka tekano. Mme go nwa ka tekano ke go nwa go le kana kang? Batho ba le bantsi ba tsaya selekanyo sa bone e le go nwa ka tekano, gongwe e bile ba akanya gore fa fela ba sa tlhapelwe kgotsa ba sa laolwe ke bojalwa, seo ga se bothata. Le fa go ntse jalo, kwa Yuropa, motho a le 1 mo go ba le 4 o nwa bojalwa ka selekanyo se se tsewang se le kotsi.

Dibuka tse di farologaneng di tlhalosa gore go nwa ka tekano ke go nwa digerama di le 20 tsa bojalwa jo bo sa tswakanngwang le sepe ka letsatsi, kgotsa ke fa motho wa monna a nwa digalase di le pedi ka letsatsi, mme mosadi ene a nwa digerama di le 10 kgotsa galase e le nngwe fela ka letsatsi. Batho ba tsa kalafi ba kwa Fora le Boritane ba akantsha gore “selekanyo se se siameng” ke sa digalase di le tharo ka letsatsi mo banneng le tse pedi mo basading. Setheo sa Bosetšhaba sa United States sa Go Nwa go Feta Selekanyo le go Nna Lekgoba la Bojalwa se akantsha gape gore “batho ba ba nang le dingwaga di le 65 le go feta ba se ka ba nwa go feta galase e le nngwe ka letsatsi.” * Le fa go ntse jalo, bojalwa ga bo re ame ka tsela e e tshwanang rotlhe. Ka dinako tse dingwe, tota le tsone dilekanyo tseno tse go tweng ke tse di kwa tlase, e ka tswa e le tse di kwa godimo mo go ba bangwe. Ka sekai, 10th Special Report to the U.S. Congress on Alcohol and Health ya re “go nwa bojalwa ka selekanyo se se siameng fela go ka nna kotsi mo bathong ba ba nang le bothata jwa go fetofetoga ga maikutlo le jwa go tlhobaela.” Motho o tshwanetse go akanyetsa dingwaga tsa gagwe, mathata a a nang le one a botsogo le gore mmele wa gagwe o kana kang.—Bona lebokoso le le reng “Go Fokotsa Dikotsi Tsa go Nwa.”

Batho ba ba nwang bojalwa go feta selekanyo ba ka thusiwa jang? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eno.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 Go ya ka patlisiso nngwe kwa Fora, kotsi ya go baboga sebete e menagane gabedi mo bathong ba ba nwang bojalwa go feta selekanyo ba ba tshwaeditsweng ke mogare wa hepatitis C (HCV) fela jaaka go ntse le ka ba ba tshwaeditsweng ke HCV eno mme bone ba sa nwe go feta selekanyo. Go akantshiwa gore batho ba ba tshwaeditsweng ke mogare ono ba nwe go le gonnye fela kgotsa ba se ka ba nwa gotlhelele.

^ ser. 17 Basadi ba ba anyisang bana ba tshwanetse go lemoga gore fa ba sena go nwa, bojalwa bo tswakana le mashi a lebele. Tota e bile, bojalwa jo bo tsenang mo mashing a lebele gantsi bo nna bontsi go gaisa jo bo mo mading, ka gonne mashi a na le metsi a mantsi mme ka gone a monya bojalwa jo bontsi.

^ ser. 20 E re ka se go tweng ke “galase” se ka nna sa bo se sa tshwane mo mafelong a a farologaneng, go tla ya ka gore mo galaseng eo go na le bojalwa jo bo kana kang mme motho o tshwanetse go akanyetsa seo pele a nwa.

 [Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 5]

A GO SIAME GO NWA PELE O KGWEETSA?

Batho ga ba bolo go ilediwa go kgweetsa ba nole. Naga ya ntlha go tlhoma molao o o ntseng jalo e ne e le Denmark, ka 1903.

Fa o nwa bojalwa o tshwerwe ke tlala, bojalwa jo bo tsenang mo mading a gago bo tlile go go taga morago ga mo e ka nnang halofo ya ura o sena go bo nwa. Go nwa kofi, go tswela kwa ntle gore o fokwe ke phefo le go itshidila mmele ga go kitla go dira gore o tlhapogelwe jaaka fa batho ba le bantsi ba akanya gore go ka dira jalo. Bojalwa bo tla fokotsega mo mmeleng wa gago fa fela go sena go feta nako e e rileng. Gape, gakologelwa gore fa o nwa beine, kgotsa biri kgotsa bojalwa bongwe jo bo bogale, majalwa ano otlhe a tla go taga ka tsela e e tshwanang fela. *

Tota le bojalwa jo bonnye fela bo ka dira gore o se ka wa kgona go kgweetsa sentle. Bojalwa bo ama matlho a gago. Matshwao a tsela a simolola go lebega e kete a mannye. Ga o tlhole o kgona go bona dilo tse di kafa thoko o ntse o lebile kwa pele e bile ga o tlhole o kgona go bona sentle gore dilo di bokgakala jo bo kana kang go tswa fa go wena. Boboko bo simolola go nna bonya.

Fa o ka tlhagelwa ke kotsi o sena go nwa, go ka direga gore o gobale thata go feta fa o ka bo o ne o sa nwa. Mo godimo ga moo, karo epe fela e o ka nnang wa tlhoka go e dirwa ya tshoganyetso e ka nna ya se ka ya atlega ka ntlha ya tsela e bojalwa bo tla bong bo amile pelo ya gago le go elela ga madi mo mmeleng wa gago ka yone. “Ka jalo, go na le go dumela se batho ba le bantsi ba se buang, dintsho di le dintsi tse di amanang le bojalwa ke tsa batho ba ba neng ba kgweetsa ba nole,” go bega jalo Setheo sa Bosetšhaba sa Fora sa Boitekanelo le Patlisiso ka Tsa Kalafi. Ka ntlha ya dikotsi tseno, pego eno e ntsha dikakantsho tse di latelang:

▪ O se ka wa kgweetsa o nole.

▪ O se ka wa tsena mo koloing le mokgweetsi yo o ntseng a nwa.

▪ O se ka wa letla ditsala tsa gago kgotsa batsadi ba kgweetsa ba nole.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 29 Gantsi se se diregang ke gore ka ura, go tswa digerama di ka nna supa tsa setagisi mo mmeleng wa gago. Selekanyo sa galase ga se tshwane mo dinageng ka go farologana ga tsone. World Health Organization e tlhalosa gore selekanyo se go tweng ke sa galase ke sa bojalwa jo bo bogale jwa digerama di le 10 (dionse di le 0.35). Seno ke selekanyo sa mo e ka nnang dimililitara di le 250 tsa biri (dionse di le 8), dimililitara di le 100 tsa beine (dionse di le 3,4) kgotsa dimililitara di le 30 tsa bojalwa jo bo bogale (onse e le 1).

[Ditshwantsho]

Majalwa Ano A na Le Setagisi Se se Batlang se Lekana

Botlolo ya biri e e tlwaelegileng (dimililitara di le 330 tsa yone di na le setagisi sa 5%)

Galase e nnye ya bojalwa jo bo bogale (whiskey, gin, vodka) (dimililitara di le 40 tsa jone di na le setagisi sa 40%)

Galase ya beine (dimililitara di le 140 tsa yone di na le setagisi sa 12%)

Galase e nnye ya bojalwa jo bo tlwaelegileng fela (dimililitara di le 70 tsa jone di na le setagisi sa 25%)

[Lebokoso mo go tsebe 6]

GO NNA LEKGOBA LA BOJALWA—A GO BAKWA KE DIJINI?

Fa baitsesaense ba ntse ba leka go batla tsela ya go alafa batho ba ba fetogileng makgoba a bojalwa, ba lekile go bona gore dijini di amega jang mo go direng gore motho a fetoge lekgoba la jone. Fa ba ntse ba leka go dira jalo, ba ile ba bona dijini di le mmalwa tse go bonalang e kete di laola tsela e motho a itshwarang ka yone fa a nole bojalwa. Le fa go ntse jalo, dijini ga se tsone fela di dirang gore motho a nne lekgoba la bojalwa. Tota le fa motho a ka tswa a na le dijini dingwe tse di dirang gore a sekamele mo go direng sengwe, seo ga se reye gore ga a ka ke a kgona go ithiba mo go sone. Selo se sengwe se se mo amang ke batho ba a tshelang le bone le maemo a a iphitlhelang a le mo go one. Dilo dingwe tse di bayang motho mo kotsing ya go ka nna lekgoba la bojalwa e ka tswa e le go bo batsadi ba gagwe ba sa mo godisa sentle, go bo go nowa bojalwa go feta selekanyo mo lelapeng la gaabo kgotsa bo nowa jalo ke dithaka tsa gagwe, go nna le dikgotlhang le batho ba bangwe, go nna le mathata mangwe a maikutlo, go tshwenyega thata mo maikutlong, go rata ntwa, go batla go tlhapelwa, go sa tagwe motlhofo ke bojalwa, kgotsa go tshwakgolwa ke diokobatsi tse dingwe. Dilo tseno tsotlhe le tse dingwe, di ka dira gore motho a feleletse e le lekgoba la bojalwa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

FORA:

Dipatlisiso di bontsha gore palo ya batho ba ba nwang bojalwa go feta selekanyo e ka nna dimilione di le tlhano, mme ba ba ka nnang dimilione di le pedi go ya go di le tharo mo go bone ba fetogile makgoba a bojalwa

NIGERIA:

Go ya ka lekwalodikgang la kwa Lagos e leng Daily Champion, “dimilione tse di fetang 15 tsa batho ba kwa Nigeria di fetogile makgoba a bojalwa”—seo ke diperesente di ka nna 12 tsa baagi ba teng

PORTUGAL:

Eno ke nngwe ya dinaga tse di nang le selekanyo se se kwa godimo thata sa batho ba ba nwang bojalwa jo bo bogale. Lekwalodikgang la kwa Lisbon e leng Público, le bega gore diperesente di le 10 tsa baagi ba teng di na le “mathata a a masisi ka ntlha ya bojalwa”

UNITED STATES:

Go ya ka 10th Special Report to the U.S. Congress on Alcohol and Health, “mo e ka nnang dimilione di le 14 tsa Baamerika—diperesente di le 7,4 tsa baagi ba teng—ba na le matshwao a a bontshang gore ba nwa bojalwa go feta selekanyo kgotsa gore ba fetogile makgoba a jone”

[Lebokoso mo go tsebe 8]

GO FOKOTSA DIKOTSI TSA GO NWA

Lephata la Boitekanelo Jwa Tlhaloganyo le go Tshwakgolwa ke Diokobatsi la World tsa go nwa ka tsela e e seng kotsi. Go nwa ka tsela e e seng kotsi ga go reye gore fa o nwa ka tsela eo ga o ka ke wa tlhagelwa ke kotsi epe. Bojalwa bo ama batho ka ditsela tse di sa tshwaneng.

▪ O se ka wa nwa go feta digalase tse pedi ka letsatsi *

O se ka wa nwa bobotlana malatsi a le mabedi mo bekeng

Mo maemong a a latelang, tota le galase e le nngwe fela kgotsa di le pedi di ka nna kotsi:

▪ Fa o kgweetsa kgotsa o bereka ka motšhini

▪ Fa o le moimana kgotsa o na le lesea le le anyang

▪ Fa o nwa melemo mengwe

▪ Fa o na le mathata mangwe a botsogo

▪ Fa o sa kgone go laola tsela e o nwang ka yone

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 58 Galase e le nngwe e na le setagisi sa digerama di le 10.

[Motswedi wa Setshwantsho]

Motswedi: Brief Intervention for Hazardous and Harmful Drinking, WHO

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

BOJALWA—A BO SIAMETSE PELO?

Baitsesaense ba dumela gore dikhemikale tse di leng mo beineng e khibidu (polyphenols) di na le khemikale e e dirang gore ditshika tsa madi di nne di tshesane.

Mo godimo ga moo, go bolelwa gore bojalwa ka kakaretso bo tokafatsa kholeseterole. Gape bo fokotsa dilo tse di ka gwamisang madi.

Gore bojalwa bo solegele motho molemo, go bonala a tshwanetse go bo nwa bo le bonnye le gone e seng letsatsi le letsatsi mo bekeng, go na le gore a nwe bojalwa bo le bontsi ka nako e le nngwe fela jaaka ka nako ya fa a intshitse le ditsala. Go nwa go feta digalase tse pedi ka letsatsi go ka tlhatlosa kgatelelo ya madi mo mmeleng, e bile go nwa thata go ka dira gore motho a tshwarwe ke seterouku e bile go ka dira gore pelo ya gagwe e ruruge le gore e se ka ya pompa madi sentle. Go nwa go feta selekanyo go baka mathata ano a botsogo le a mangwe mme a nna maswe go feta melemo e bojalwa bo neng bo ka nna le yone mo thulaganyong ya go elela ga madi mo mmeleng wa motho. Le mororo bojalwa bo ka solegela botsogo jwa motho molemo ka tsela nngwe, go bo nwa thata go kotsi.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

KAFA BOJALWA BO KA GO GOBATSANG KA GONE

Boboko

Go swa ga disele tsa jone, bothata jwa go lebala, go tshwenyega thata mo maikutlong, go rata ntwa

Bothata jwa go sa bone sentle, go sa kgone go bua sentle le go sa berekeng sentle ga methapo ya mmele

Kankere ya mometso, ya molomo, ya mabele le ya sebete

Pelo

Go koafala ga mesifa ya pelo, kotsi ya go ema pelo

Sebete

Se tlala mafura, se a ruruga se bo se nna thata

Dikotsi tse dingwe

Go sa bereke sentle ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse, go tswa ditlhagala, go ruruga ga pankerise

Baimana

Kotsi ya go tshola bana ba ba golafetseng kgotsa ba ba lwalang tlhaloganyo

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

“Bojalwa bo kotsi thata mo ngwaneng yo o sa ntseng a gola mo popelong go gaisa seokobatsi sepe se sengwe se se dirisiwang ka tsela e e sa tshwanelang”