Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fetola Magolegwa Kwa Dikgolegelong Tsa Mexico

Go Fetola Magolegwa Kwa Dikgolegelong Tsa Mexico

Go Fetola Magolegwa Kwa Dikgolegelong Tsa Mexico

Ka mokwadi wa Tsogang! kwa Mexico

GANTSI ga twe boikaelelo jwa go isa dikebekwa kwa kgolegelong ke go di thusa go fetola botshelo jwa tsone. Le fa go ntse jalo, go ya kgolegelong ka bogone fela go ka se dire gore motho a fetoge. Fa motho a batla go fetoga o tshwanetse a fetoga pele mo mogopolong le mo pelong mme a supe seo ka go ikwatlhaela ka pelo yotlhe dilo tse a di dirileng mo nakong e e fetileng, le go batla go tlogela tsela ya gagwe ya pele. Mo dikgolegelong tse dintsi mo lefatsheng lotlhe, go thusa magolegwa go fetoga go ile ga dirwa ka tiro ya go ruta Baebele e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang. Mma re sekaseke thulaganyo e ba e dirisang kwa Mexico.

Basupi ba ga Jehofa ba etela dikgolegelo di le 150 kwa Mexico, mme ba na le thulaganyo ya go thusa batho go bala Baebele le go ba ruta maitsholo a a siameng le se Baebele e se rutang. Ka sekai, kwa kgolegelong ya kwa Ciudad Juárez, kwa Chihuahua, badiredi ba Basupi ba ga Jehofa ba rerela magolegwa a ka nna 1 200 ka metlha. Magolegwa ano a ba tlotla thata e bile a ba sireletsa le mo maemong a a kotsi. Ka lekgetlho lengwe go ile ga nna le dikhuduego kwa kgolegelong eo, mme magolegwa mangwe a a boifiwang a ne a reba segopa bogale gore Basupi ba kgone go tswa ba sireletsegile.

Makasine wa May 8, 2001 wa Tsogang! o o nang le setlhogo se se reng “A Magolegwa a ka Fetolwa?” o ne wa kgatlha magolegwa a le mantsi mmogo le balaodi ba kgolegelo. Kwa kgolegelong ya kwa San Luis Río Colorado kwa Sonora, Basupi ba le 12 ba ile ba tsamaisa dikhopi di le 2 149 tsa makasine ono.

Fa go na le batho ba ba kgatlhegelang go ithuta Baebele, Basupi ba ga Jehofa ba boela kwa go bone beke le beke go ya go tshwara ditlelase tsa Baebele le dikokoano tsa bodumedi. Thulaganyo eno ya go ruta batho Baebele e ile ya thusa go fetola magolegwa go le kana kang?

Magolegwa a Fetoga Badiredi ba Bakeresete

Jorge o ne a setse a simolotse bokebekwa pele a nna dingwaga le di le 20. O ne a gololwa morago ga go fetsa dingwaga di le 13 mo kgolegelong ya Islas Marías. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, o ne a setse a boetse gape mo mekgweng ya gagwe e e sa siamang ya kgwebo ya go rekisa diokobatsi. E re ka e ne e le setswerere mo go bolayeng ka tlhobolo, o ne a tlhomamisa gore o latela ditaelo tse a di newang tsa go bolaya mme kgabagare a feleletsa a bolaile batho ba le 32. Fa a setse a boetse gape kwa kgolegelong, babueledi ba gagwe ba ne ba mmolelela gore batho ba a neng a ba berekela pele mo go tsa bokebekwa ba ikemiseditse go duela madi a mantsi gore a gololwe. Batho ba a neng a ba berekela bano ba ne ba batla gore a tswe mo kgolegelong gore a tle go ba bolaela motho yo mongwe gape. Mme ka nako eo, Jorge o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. O ne a gatetse pele semoyeng mo a neng a kolobediwa a le mo kgolegelong mme a nna modiredi wa nako e e tletseng, kgotsa mmulatsela, teng kwa kgolegelong. A o ne a tla dumela go gololwa gore a ye go berekela batho bano gape mo ditirong tsa bokebekwa kgotsa a o ne a tla nna mo kgolegelong mme a direle Jehofa? Jorge o ne a re: “Ke batla go nna mo kgolegelong gore ke duelele dilo tse di bosula tse ke di dirileng. Gone jaanong ke direla Jehofa Modimo, Morena Molaodimogolo.” Jorge o ne a nna a ikanyega mo Modimong mme a tlhokafala a na le tsholofelo ya go tsosiwa mo baswing. Batho ba ba neng ba ithuta Baebele le ene ba bolela jaana ka ene: “O ne a ‘itse boammaaruri mme boammaaruri bo ile jwa mo golola.’”—Johane 8:32.

David, yo gone jaanong a atlholetsweng dingwaga di le 110 mo kgolegelong ka ntlha ya go bolaya, go utswa batho ka dikgoka le bogodu, o tswaletswe mo karolong ya kgolegelo e tshireletso ya teng e gagametseng e go tsenngwang dikebekwa tse di kotsi mo go yone. Le fa go ntse jalo, e re ka a ile a dira diphetogo tse dikgolo mo boitshwarong jwa gagwe fa e sa le a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, o ile a fiwa tetla e e kgethegileng ya gore a ka nna teng mo pokanong e e tshwarelwang ka kwa ntle ga karolo eno ya kgolegelo mme a tlhokometswe ke modisa wa kgolegelo. Melao ya Baebele e fetotse botshelo jwa gagwe, mo e leng gore gone jaanong o na le seabe mo tirong ya go rera le go tshwara dithuto tse robedi tsa Baebele le magolegwa a mangwe a a leng mo karolong eno ya kgolegelo. Ba lelapa la gaabo ba ile ba kgatlhwa thata ke diphetogo tse a di dirileng mo e leng gore ba ya kwa go ene gore a ba rute Baebele. David a re: “Le ka motlha nka se lape go leboga Jehofa go bo a ile a nnaya kgololesego ya semoya.”

Ka ntlha ya tiro eno ya go ruta ka Baebele e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang, magolegwa a le 175 a a thusitsweng go fetoga kwa dikgolegelong di le 79 tsa kwa Mexico a tshwanelegela go dira tiro ya go rera mme a le 80 mo go one a kolobeditswe. A tshwara dithuto tsa Baebele di le 703 le magolegwa a mangwe. Mo godimo ga moo, magolegwa a a ka nnang 900 a nna teng mo dipokanong tse di tshwarelwang kwa dikgolegelong.

Go Akgolwa ke Balaodi ba Dikgolegelo

Balaodi ba dikgolegelo ba rata tiro e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang. Ka sekai, balaodi ba kgolegelo ya kwa Tekax kwa Yucatán, ba ne ba ba naya setifikeiti sa go ba lebogela “tiro e e botlhokwa ya bopelotshweu le ya go thusa” magolegwa mo ngwageng wa 2002.

Fa Basupi ba ne ba simolola thulaganyo eno ya go ruta batho Baebele la ntlha kwa kgolegelong eno, ba ne ba tshwara dipokano tsa bone di beilwe leitlho ke balebedi ba le mmalwa ba kgolegelo. Mme fa nako e ntse e ya le magolegwa a ntse a fetoga, balebedi ba ne ba simolola go tlotla setlhopha seno, go fitlha go nna le a le mongwe fela yo o ba disang.

Kgolegelo ya kwa Ciudad Juárez e na le Holo ya yone ya Bogosi. Bakaulengwe ba ne ba fiwa tetla ya go tla ka dilo tsa go aga gore ba fetole moago wa bogologolo o o agilweng ka ditshipi gore e nne lefelo la kobamelo. Magolegwa a le 13 a a kolobeditsweng le magolegwa a ba neng ba ithuta Baebele le one ke one a a neng a dira tiro eno ya go aga. Holo eno e na le dibuelagodimo, ntlwana ya boithomelo, ditulo tse di tshwanang le tsa lefelo la difilimi mme e tsaya batho ba le 100. Go nna le batho ba ka nna 50 ba ba nnang gone ka metlha mo dipokanong tse tlhano tsa beke le beke.

Ke boammaaruri gore, batho ba ka thusiwa go fetola matshelo a bone ka go ithuta Baebele. Fela jaaka Manase—yo go buiwang ka ene mo Baebeleng yo e neng e le kgosi ya Juda e e neng ya dira bosula jo bogolo mme ya nna legolegwa kwa Babelona—a ile a ikwatlhaya mme a rapela gore a itshwarelwe, magolegwa gompieno le one a ka kgona go fetola botho jwa one mme a nne batho ba ba boifang Modimo.—2 Ditirafalo 33:12, 13.

[Setshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Kolobetso mo kgolegelong

[Setshwantsho mo go tsebe 30, 31]

Badiredi ba nako e e tletseng le batlhatlheledi ba bone kwa Sekolong sa Tirelo ya Bobulatsela mo kgolegelong