Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Kgatlhegela Mmopi ka Ntlha ya Dithuto Tse Dintle Tsa Baebele

Ke ne Ka Kgatlhegela Mmopi ka Ntlha ya Dithuto Tse Dintle Tsa Baebele

Ke ne Ka Kgatlhegela Mmopi ka Ntlha ya Dithuto Tse Dintle Tsa Baebele

JAAKA GO BOLETSE TSUYOSHI FUJII

DINGWAGA di se kae tse di fetileng, ke ne ka fiwa tshono e e sa tlwaelegang. E re ka ke ne ke le mothusi wa ga Senei Ikenobo, yo e neng e le motsamaisimogolo wa sekolo sa Ikenobo se go ithutiwang tiro ya go kgabisa ka malomo mo go sone, ke ne ka tshwanelwa ke go kgabisa phaposi nngwe e ntle thata ya ntlo ya segosi kwa Tokyo, kwa Japane. Re ne re bereka kafa tlase ga maemo a a gagametseng thata a tshireletsego. Mo maemong a a ntseng jalo a a gagametseng, ke ne ka nna kelotlhoko gore ke se ka ka tsholola le fa e le lerothodinyana la metsi. Eo e ne e le nngwe ya ditiro tse di botlhokwa thata e nkileng ka e dira ya go kgabisa ka malomo. Mma ke go tlhalosetse gore go tlile jang gore ke dire tiro eno.

Ke ne ka tsholwa ka 1948 kwa Nishiwaki City, e e kwa bokone botlhaba jwa Kobe kwa Japane. Go tloga fela ke sa le ngwana, ke ne ke kgatlhwa thata ke bontle jwa fa ditlha tse nnè tsa ngwaga di ntse di fetofetoga, le fa malomo a ntse a thunya go tsamaisana le ditlha tseo. Le fa go ntse jalo, ke godisitswe ke mmemogolo yo e neng e le Mo-Budda yo o tlhoafetseng, ka jalo ke ne ke se nke ke akanya ka Mmopi.

Mmè o ne a ruta batho tiro ya ikebana kgotsa ya go kgabisa ka malomo mo toropong ya gaetsho, mme o sa ntse a dira tiro eo. Kwa Japane, ikebana, e gape e itsegeng e le kado (tsela ya go kgabisa ka malomo) ke thuto e e tseelwang kwa godimo thata. Le mororo Mmè a ise a ko a nthute tiro eno ka boene, go e dira ga gagwe go ne ga ntlhotlheletsa thata gore le nna ke e dire. Fa e ne e setse e le nako ya gore ke dire tshwetso ya gore ke batla go dira eng mo isagweng, ke ne ka swetsa ka gore ke batla go ithutela tiro ya ikebana. Mmè le morutabana wa me ba ne ba akantsha gore ke ye go ithutela sengwe kwa yunibesithing mme kwantle ga go etsaetsega, ke ne ka tlhopha go ya kwa Kholetšheng ya Ikenobo. Ikenobo ke sekolo sa bogologolo mo Japane se se rutang batho tiro ya ikebana. Fa ke amogelwa kwa sekolong seo, ke ne ka ithuta ka tlhoafalo tiro ya go kgabisa ka malomo.

Ke Simolola go Ithuta Tiro ya Ikebana

Lefoko la Sejapane la ikebana le raya malomo a a tshelang. Mma ke tlhalose. Fa o bona malomo a le mo kgamelong kwa lebenkeleng le le rekisang malomo, a ka nna a bo a lebega a le mantle. Mme bontle joo bo ntse jang fa o bo bapisa le dimela tse dinnye tse di thunyang mo nageng kgotsa ditlhare tse di thunyang kwa dithabeng? Fa o bona malomo ano mo seemong sa one sa tlholego, a dira gore o akanye ka botshelo le ditlha tse nnè tsa ngwaga. Ke yone nako e ka yone o kgatlhwang ke bontle jo o bo bonang. Tiro ya Ikebana ke tsela e o ka kgonang go ntsha bontle joo jwa tlholego ka go dirisa malomo le dimela, o dira sengwe se se go kgatlhang thata.

Ka sekai, a re re gongwe o batla go supa nako ya letlhabula. O ka dira seo ka go dirisa malomo a setlha seo, a a jaaka gentian le patrinia le matlhare a letlhabula. A o batla gore go bonale e kete go na le pheswana e e monate e e fokang mo malomong ano? Fa o ka tsenya matlhokwanyana a sekae a setlhare sa eulalia o bo o dira gore a lepelele go se kae, o ka kgona go dira gore babogedi ba bone e kete go na le pheswana e e monate e e fokang ya letlhabula. Tiro ya ikebana e ne ya nkgatlha thata, ka gonne e ne e dira gore ke kgone go supa gore ke ikutlwa jang ka go kopanya malomo le dimela tse di farologaneng ke bo ke di tsenya mo teng ga nkgwana ya malomo.

Setlhopha se Segolo sa Baithuti

Tiro ya go kgabisa ya ikebana e simolotse dingwaga di le 500 tse di fetileng. Mo dikolong tsa ikebana go dirisiwa thata molawana o go ka tweng ke molawana wa motsamaisimogolo wa sekolo. Boemo jwa motsamaisimogolo wa sekolo ke boemo jo motho a ka bo newang boswa. E re ka a na le boswa jono jwa setso sa bone sa go kgabisa ka malomo, o na le boemo jo bo tlotlegang jwa go ruta setlhopha se segolo sa “baithuti” tiro eno. Mo godimo ga ditsela tsa go kgabisa ka malomo tse a di ithutileng, o tshwanetse go ruta kokomana e e tlang morago ga gagwe mekgwa e mesha ya go kgabisa e a ithutileng yone mo motlheng wa gagwe.

Fa ke sena go aloga kwa Kholetšheng ya Ikenobo morago ga go fetsa khoso ya botegeniki ya kado e e tsayang dingwaga tse pedi, ke ne ka simolola go bereka kwa Setheong sa Ikenobo ka January 1971. Ke ne ke rulaganya “Dipontsho Tsa Ikebana Tsa Setheo sa Ikenobo” go ralala Japane yotlhe. Mme gape ke ne ke tsamaya le motsamaisimogolo go ralala naga ke mo thusa ka tiro ya gagwe ya go bontsha batho botswerere jwa gagwe jwa go kgabisa ka malomo.

Ke sa ntse ke gakologelwa lekgetlho la ntlha la fa ke ne ke le mo seraleng kwa Fukuoka Sports Center ke thusa motsamaisimogolo fa a ne a bontsha batho ditsela tsa go kgabisa ka malomo. E re ka ke ne ke le fa pele ga batho ba bantsintsi, ke ne ke tshogile tota. Ke ne ka dira diphoso ka go oba dithito tsa dimela le go kgaola dikalana, e leng dilo tse ke neng ke sa tshwanela go di dira. Le fa go ntse jalo, motsamaisimogolo o ne a dira metlae fela ka gone mme a tlhalosetsa babogedi se a se dirang. Seo se ile sa nthusa gore ke ritibale.

Fa go ne go nna le meletlo ya bosetšhaba ya batho ba ba tumileng ba ba tswang kwa moseja, ke ne ke tsamaya le motsamaisimogolo go ya go kgabisa ka malomo kwa mafelong a meletlo e neng e tlile go tshwarelwa mo go one. Jaaka ke umakile kwa tshimologong, eno ke yone nako e ke neng ka ya go dira tiro eno mo phaposing ya maemo a a kwa godimo ya Ntlo ya Segosi.

Moragonyana, fa go ne ga tlhomiwa Ikenobo Central Training School gore batlhatlheledi ba tiro eno ya go kgabisa ka malomo mo nageng yotlhe ba boe ba katisiwe gape, ke ne ka abelwa tiro ya go ruta, go rulaganya dithuto tse di tla ithutiwang, le go okamela tiro ya go gatisa dibuka le difilimi tse di tla dirisiwang fa go rutwa baithuti ba ka nna 200 000 kwa makaleng a le 300 go ralala Japane. Ke ne ke tsamaya go ralala naga yotlhe gore ke okamele thuto eno. Go na le makala a dikolo tsa Ikenobo le kwa moseja mme ke ne ke ya kwa Taiwan ka makgetlho a se kae mo ngwageng. Ka ntlha ya seo, motsamaisimogolo o ne a simolola go ntshepa mme ka fiwa boikarabelo jo bogolo.

Ke ne ke rata tiro ya me mme ke ne ke sa kgotsofalele tsela e ke neng ke tshela ka yone. Le fa tiro ya me e ne e amana thata le go dira dilo tse dintle, go ne go na le dilo tse di neng di nkgoba marapo. Gantsi batho ba ba neng ba thapisiwa ba ne ba fufegelana mme seo se ne se felela ka gore ba bangwe ba senye ba bangwe maina, mo e leng gore batlhatlheledi ba mafelo ao ba ne ba tla go batla kgakololo mo go nna. Mme mo setšhabeng se mo go sone mekgwa e batho ba neng ba sa bolo go nna le yone mmogo le taolo e ba neng ba na le yone e neng e le tsone tse di nang le tlhotlheletso e kgolo, go ne go na le dilo tse dintsi tse ke neng ke sa kgone go dira sepe ka tsone. E re ka go ne go na le ba le bantsi ba ba neng ba rata tiro ya ikebana mme ba tsaya thuto eno masisi, ke ne ka dira sotlhe se ke neng ke ka se kgona go dira gore ba itumelele se ba se ithutang.

Fa ke Simolola go Ithuta ka Bontle Jwa Boammaaruri

Ke ne ke sa rate bodumedi ka gonne ke ne ke akanya gore bo tla dira gore ke foufale mogopolo. Mo godimo ga moo, ke ne ke setse ke bone boitimokanyi jwa batho ba ba buang ka kagiso le boitumelo. Le fa go ntse jalo, mosadi wa me e bong Keiko, o ne a sa bolo go batla boammaaruri go tloga fela mo bongwaneng jwa gagwe. O ne a kile a kgatlhegela madumedi a le mantsi a bo a reetsa dilo tse di rutwang mo go one, mme go ne go se na bope jwa one jo bo ileng jwa mo thusa semoyeng.

Ka jalo, fa Mosupi mongwe wa ga Jehofa a ne a etela lelapa la rona, Keiko o ne a dumela go ithuta Baebele le ene. O ne a mpolelela sengwe le sengwe se a se ithutileng le sengwe le sengwe se se mo kgatlhileng. Dilo tse Keiko a neng a mpolelela tsone di ne tsa nkgatlha mme ke ne ke sa tlhoafala jaaka ene.

Le fa go ntse jalo, Keiko o ne a tswelela a mpolelela ka dilo tse a di ithutileng mo Baebeleng a tlhatswegile pelo. Ka metlha, o ne a tsenya dimakasine tse di buang ka Baebele mo bekeng ya me fa ke tsaya loeto. Mme ke ne ke sa batle go di bala. Ke ne ke amegile thata ka tiro ya me le kafa ke ileng ka atlega ka teng go ralala dingwaga. Re ne re sa tswa go reka ntlo, mme ke ne ke akanya gore fa nka amogela dithuto tsa Baebele, di ne di tlile go dira gore ke se ka ka nna teng ka dinako tsotlhe mo gae. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Keiko ene o ne a gatela pele ka bonako semoyeng mme a dirisa dilo tse a di dumelang. Ke ne ke ikutlwa ke kgapetswe kwa thoko e bile ke jewa ke bodutu. Le fa gone ke ne ke itse gore dilo tse a neng a mpolelela tsone di ne di le boammaaruri, ke ne ka simolola go mo ganetsa.

Ke ne Ke mo Ganetsa Mme Gone ke Ntse ke Kgatlhegela Boammaaruri

Ke ne ke na le go boa bosigo kwa tirong, mme ka masigo a Keiko a neng a ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa ka one, ke ne ke boa bosigo thata go feta ka dinako tse dingwe mme ke dira jalo ka boomo. Mme le fa nka fitlha kwa gae ka ura ya bobedi kgotsa ya boraro mo mosong, ke ne ke fitlhela Keiko a nkemetse gore a mpolelele ka se se diragetseng motshegare, a bontsha gore o amega ka nna. Mme ke ne ke sa kgone go amogela kgang ya gore lelapa la me le ne le tswa mo gae diura di se kae go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ke ne ka mo ganetsa le go feta ka bo ka mmolelela gore ke tlile go mo tlhala. Le fa go ntse jalo, Keiko o ne a nna a nitame.

Ke ne ke sa kgone go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Keiko a ne a itshwere ka tsela e a neng a itshwere ka yone. Le fa re ne re na le mathata mo lenyalong la rona e bile Keiko a tshwenngwa ke bolwetse jwa asema, o ne a itumelela sengwe le sengwe se a se dirang. Dingwe tsa dilo tse di neng tsa dira gore ke simolole go kgatlhegela Keiko e ne e le ka go bo e le motho yo o nang le pelo e ntle e bile a le bonolo. Mme fa a ne a simolola go ithuta Baebele, ke ne ka boifa gore a ka nna a tsiediwa ka ntlha ya bonolo jono jwa gagwe.

Le fa go ntse jalo, Keiko o ne a tswelela a dirisa dilo tse a di ithutileng mme a leka go nna mosadi le mmè yo o molemo. Le mororo ke ne ke mo ganetsa, fa a ne a nkopa gore ke ye kwa dipokanong le kwa dikopanong tsa Bokeresete, ke ne ke tle ke ye, gongwe e le ka go bo ke ne ke ipela ka ene.

Mme gape ke ne ke fufegela Jehofa. Fa ke ne ke bona Keiko a leka go fetoga, ke ne ka ipotsa gore ke eng se se dirang gore dithuto tsa Baebele di kgone go ama batho thata jalo. Ke ne ka ipotsa ka re: ‘Ke eng fa mosadi wa me a ikemiseditse go itshokela mathata otlhe ka ntlha ya ga Jehofa?’

Go ise go ye kae, bakaulengwe bangwe ba Bakeresete ba phuthego e Keiko a neng a le mo go yone ba ne ba batla go nketela kwa gae. Ke ne ke sa ikaelela go kopana le bone. Le fa go ntse jalo, ke ne ke batla go itse gore ke ka ntlha yang fa Keiko a ne a ritibetse jaana. Kgabagare, e re ka ke ne ke eletsa go itse, ke ne ka dumela go ithuta Baebele. Fa ke ne ke simolola go tlwaelana le batho ba ba neng ba nketela, ke ne ke ikutlwa ke lapologetswe fa ke na le bone. Fa ke ntse ke ithuta beke le beke, boammaaruri jwa Baebele bo ne jwa nwelelela mo pelong ya me ka bonya mme tsela e ke lebang dilo ka yone e ne ya fetoga.

Bontle Jwa Tlhago le Jwa Boammaaruri

Gantsi fa ke ne ke leka go bontsha bontle jwa tlhago le maatla a yone ka tiro ya ikebana, ke ne ke tshwenngwa ke go sa itse gore ke tla tlhagisa jang bontle joo jo bo gakgamatsang. Mme fa ke ithuta gore Jehofa ke ene a dirileng dilo tse di gakgamatsang tsa tlhago, ke ne ka kgona go tlhaloganya. Nna mothonyana yo o sa reng sepe nka kgona jang go etsa botswerere jwa Mmopi? Jehofa ke Modiri yo Mogolo! Mme fa ke ntse ke leka go etsa tiro ya gagwe, ke ne ka simolola go kgabisa malomo ka tsela e e botoka thata. Tota e bile, fa ke sena go simolola go ithuta Baebele, batho ba ne ba simolola go mpolelela gore tiro ya me e fetogile, ba tlhalosa gore e supa gore mo godimo ga gore ke e dira ka botswerere ke ne ke tsenya le boikutlo jwa go nna bonolo mo go yone.

Boammaaruri jwa Baebele bo ile jwa nthusa gore ke simolole go tlhaloganya dilo di le dintsi lekgetlho la ntlha mo botshelong jwa me. Fa ke ne ke ithuta gore Satane Diabolo ke ene mmusi wa lefatshe leno, le gore ke ene a bakang go boga ga batho le gore dipelo tsa rona di boferefere ka gonne re ruile boleo mo go Adame, ke ne ka tlhaloganya gore ke ka ntlha yang go direga dilo tse di diregang mo lefatsheng. (Jeremia 17:9; 1 Johane 5:19) Ke ne ka ithuta gore Jehofa ke Modimo wa kagiso, yo o nang le lorato lo logolo, o na le tshiamiso, maatla le botlhale (Duteronome 32:4; Baroma 11:33; 1 Johane 4:8; Tshenolo 11:17); gore Modimo o ne a romela Jesu go re swela ka gonne a re rata (Johane 3:16; 2 Bakorintha 5:14); le gore go tla tla nako e ka yone go tla bong go sa tlhole go na le go boga le loso (Tshenolo 21:4). Bontle jwa boammaaruri jono bo ile jwa nkgatlha. Mo godimo ga moo, Basupi ba ga Jehofa ba dira se Jesu a neng a se ruta, e leng go “[rata] moagelani wa gago jaaka o ithata.” E re ka ke ne ka iponela seo ka matlho, ke ne ka tlhomamisega gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri.—Mathaio 22:39.

Bothata jo ke Neng ka Tshwanelwa Ke go Bo Fenya

Fa boammaaruri bo ne bo simolola go nwelelela mo pelong ya me, ke ne ka lebana le kgwetlho. E ne e re fa motsamaisimogolo a ne a sa kgone go ya diphitlhong dingwe, gantsi go ne go tshwanetse ga ya nna gore ke ye go mo emela mo meetlong ya Bobuda. Kgang eno e ne ya nna kgwetlho mo go nna fa ke ne ke akanya ka go ineela mo go Jehofa. Ke ne ka dira tshwetso ya gore nka se nne le seabe mo meetlong ya Bobuda. (1 Bakorintha 10:21) Ka jalo, ka maitseo, ke ne ka tlhalosetsa motsamaisimogolo gore go ise go ye kae ke ikemiseditse go kolobediwa le gore ke ititeile sehuba gore nka se tlhole ke nna le seabe mo kobamelong epe e sele, le fa go ka tswa go amana le tiro ya me. O ne a mpolelela gore ene ga a kgatlhanong le gore ke nne Mokeresete, mme nka nna ka dira se ke batlang go se dira malebana le dikgang tsa bodumedi. Karabo ya gagwe e ne ya nkgakgamatsa ya bo ya nkgatlha ka gore ke ne ke akanya gore o tla nkomanya a bo a nteleka mo tirong.

Fa ke sena go fenya bothata joo, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo go Jehofa ka go kolobediwa kwa kopanong ya Bokeresete ka June 1983, ngwaga morago ga gore ke simolole go ithuta Baebele. Fa ke tswa mo metsing a ke neng ke kolobelediwa mo go one, ke ne ka amogelwa ke Keiko ka monyenyo e bile a sekile dikeledi mo matlhong. Ke ne ka leboga Jehofa ke sekile dikeledi mo matlhong ke na le Keiko, ke mo lebogela boitumelo jo re neng re na le jone.

Ke Dira Tshwetso ya go Tlogela Tiro E ke E Dirang

Motsamaisimogolo o ne a tlhaloganya seemo sa me sa go nna Mokeresete yo o ineetseng. Ke ne ke leka go dira tiro ya me ka kelotlhoko thata go feta pele. Le fa go ntse jalo, ke ne ke leka go lekalekanya nako e ke e dirisang mo tirong le mo dilong tsa Bokeresete. Mo dingwageng di le supa, ke ne ke ntse ke oketsa tirelo ya me mo bodireding jwa Bokeresete, ke dira jalo dikgwedi di se kae ngwaga le ngwaga.

Le fa go ntse jalo, ke ne ka tshwanelwa ke gore ke akanyetse thata bomoya jwa morwaake le botsogo jwa ga Keiko jo bo neng bo ntse bo koafala. Ke ne ka ipolelela jaana: ‘Ke tshwanetse go ipha nako e e oketsegileng le ba lelapa la me.’ Mme gape ke ne ke batla go dira gore dilo tse di direlwang Bogosi e nne tsone tse di tlang pele mo botshelong jwa me. Dilo tseno tse ke neng ke tlhoka go di dira le tse ke neng ke di eletsa di ile tsa ntlhotlheletsa gore ke rapele Jehofa gore a nthuse gore ke tlogele tiro ya me ya ikebana. Motsamaisimogolo o ne a lemoga gore ruri ke ne ke ikemiseditse go tlogela tiro, mme ke ne ka kgona go tlogela tiro kwantle ga mathata ape ka July 1990 ke na le dingwaga di le 42.

Go Thusa ba Bangwe go Bona Bontle Jwa Boammaaruri

Ka bonako fela fa ke sena go tlogela tiro, ke ne ka simolola tiro ya bodiredi jwa nako e e tletseng ya go thusa batho ba bangwe go bona boammaaruri. Gone jaanong, ke dirisa letsatsi le le lengwe mo bekeng go ruta batho go kgabisa ka malomo mme ga ke patelesege go dira jalo go ya ka mokgwa wa Ikenobo. Ke itumelela tshiamelo ya go bo ke le mogolwane mo phuthegong mme Keiko ke mmulatsela wa ka metlha mme e bile ga a tlhole a tlhaselwa thata ke asema jaaka pele. Morwaarona yo gone jaanong a nyetseng, ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong e nngwe e e gaufi le ya rona. A bo e le tshiamelo jang ne go bo lelapa la rona lotlhe le direla Jehofa!

Mo pusong ya Bogosi jwa ga Jesu Keresete, ke lebeletse pele go dirisa dimela tse ke di jadileng mo tshingwaneng ya me go dira mekgabiso e mentle ya malomo. Ke eletsa thata gore nna le ba lelapa la me ba ba rategang, re bake leina le legolo la ga Jehofa, Mmopi wa dilo tsotlhe tse dintle go ya go ile.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Nna le mosadi wa me, morwaarona le ba lelapa la gagwe

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Ka tiro ya “ikebana,” o ka kgona go bontsha gore wena o bona jang bontle jwa tlhago