Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tepodinaledi e ka Bolelela Pele Isagwe ya Gago?

A Tepodinaledi e ka Bolelela Pele Isagwe ya Gago?

 Kgopolo E e Mo Baebeleng

A Tepodinaledi e ka Bolelela Pele Isagwe ya Gago?

O KA tokafatsa jang botshelo jwa gago o bo o atlege fa o ntse o gagamalela go ratiwa le go nna le madi? Batho ba le bantsi ba batla thuso ka go dirisa tepodinaledi. Go na le dimilione di le dintsi tsa batho ba letsatsi le letsatsi ba lebelelang dihorosekoupo mo teng ga makwalodikgang, ba solofetse gore ba ka kgona go tokafatsa isagwe ya bone. Tota le baeteledipele ba lefatshe ba itsege e le batho ba ba ratang go ikaega ka tepodinaledi gore e ba kaele fa ba dira ditshwetso.

A tepodinaledi e ka ikanngwa? Balepadinaledi ba bolelela pele jang isagwe? A Bakeresete ba tshwanetse go dira gore dinaledi le dipolanete e nne tsone tse di ba kaelang mo botshelong?

Tepodinaledi ke Eng?

Go ya ka The World Book Encyclopedia, tepodinaledi “e theilwe mo tumelong ya gore dipopo dingwe tsa magodimo di ema ka mokgwa o o tla senolang gore botho jwa motho bo tlile go nna jang kgotsa gore isagwe ya gagwe e tlile go nna jang.” Balepadinaledi ba bolela gore mokgwa o dipolanete di emeng ka one fa motho a tsalwa o ka ama tsela e motho yoo a tlileng go tshela ka yone. * Tsela e dipopo tseno tsa kwa magodimong di emeng ka yone ka nako epe fela e e rileng e bidiwa horosekoupo.

Batho ga ba bolo go dumela mo thutong ya tepodinaledi. Dingwaga di ka nna dikete tse nnè tse di fetileng, Bababelona ba ne ba simolola go bolelela pele isagwe ka go leba gore letsatsi le ngwedi le di polanete tse dingwe tse tlhano tse re kgonang go di bona di eme jang. Ba ne ba bolela gore dipopo tseno tsa kwa magodimong di na le maatla mangwe a a tlhotlheletsang tsela e batho ba itshwarang ka yone. Moragonyana ba ne ba simolola go dirisa le tsela e masagaripa a mangwe a dinaledi a emeng ka yone.

Bosupi Jwa Gore Tepodinaledi e a Palelwa

Baebele e bontsha gore go na le kamano nngwe fa gare ga Babelona le tepodinaledi mme e nna e ntse e bua gangwe le gape ka balepadinaledi ba kwa Babelona. (Daniele 4:7; 5:7, 11) Mo metlheng ya ga moporofeti Daniele, tepodinaledi e ne e aname thata kwa Kaladia (Babelona) mo e leng gore fa go buiwa ka “Bakaladia,” go ne go tshwana fela le gore motho o ne a bua ka balepadinaledi.

Daniele ga a ka a bona fela kafa tepodinaledi e neng e na le tlhotlheletso e kgolo ka teng kwa Babelona mme gape o ne a bona kafa balepadinaledi ba teng ba neng ba palelwa ka teng go bolelela pele go wa ga motse oo. (Daniele 2:27) Ela tlhoko  sengwe se moporofeti Isaia a neng a se bolelela pele ka tlhomamo makgolo a le mabedi a dingwaga pele ga motse oo o wa. Isaia o ne a kwala jaana ka tsela ya go sotla: “A balepadinaledi ba gago ba tle go go boloka—batho ba ba ithutang ka dinaledi, ba ba sekasekang magodimo ka kelotlhoko mme kgwedi nngwe le nngwe ba go bolelela gore go tla diragala eng ka wena. Ba ka se ka ba kgona go ipoloka le bone ka bobone.”—Isaiah 47:13, 14, Today’s English Version.

Go bonala balepadinaledi ba kwa Babelona ba ne ba sa kgone go bolelela pele go wa ga motse wa bone tota le e leng diura di se kae fela pele ga o wa. Mme fa katlholo e e botlhoko ya Modimo e ne e bonala mo leboteng la ntlo ya segosi ya ga Beleshasare, balepadinaledi ba ne ba sa kgone go tlhalosa mokwalo oo o o sa tlhaloganyesegeng.—Daniele 5:7, 8.

Gompieno, balepadinaledi ba sa ntse ba palelwa ke go bolelela pele ditiragalo tse di botlhokwa. Fa R. Culver le Philip Ianna, ba ba sekasekang dilo tsa saense ba sena go sekaseka dipolelelopele dingwe tsa balepadinaledi tse di fetang 3 000, ba ne ba swetsa ka gore ke diperesente di le 10 fela tsa dipolelelopele tseo tse di ileng tsa nna boammaaruri. Mosekaseki le fa e le ofe fela yo o nang le kitso ka tsone a ka kgona go di tlhalosa botoka thata go na le bone.

Tepodinaledi e Kgatlhanong le Dithuto Tsa Baebele

Le fa go ntse jalo, baporofeti ba Bahebera ba ne ba sa gane tepodinaledi fela ka go bo go bonala sentle gore go bolelela pele dilo ga yone ga go boammaaruri. Molao o Modimo a neng a o file Moshe o ne o tlhagisa Baiseraele ka tlhamalalo gore ba se ka ba batla ditshupo. Molao oo o ne o bolela jaana: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena . . . ope yo o dirisang boitseanape . . . kgotsa ope yo o batlang ditshupo dipe. . . . Mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.”—Duteronome 18:10, 12.

Le fa gone tepodinaledi e sa umakiwe ka tlhamalalo mo temaneng eo, ga go pelaelo gore tepodinaledi e ne e le sengwe sa dilo tse ba neng ba sa tshwanela go di dira. Encyclopædia Britannica e bolela gore tepodinaledi ke “mofuta wa boitseanape jo bo dirisiwang go bolelela pele dilo tse di diragalang mo lefatsheng le tse di diragalelang batho ka go lepa mokgwa o dinaledi, Letsatsi, Ngwedi le dipolanete tse dingwe di emeng ka one le go o tlhalosa.” Mefuta yotlhe ya boitseanape—e ka tswa e le jo mo go jone go dirisiwang dinaledi kgotsa dilo tse dingwe—e thulana le kaelo ya Modimo. Ka ntlha yang? Go na le lebaka le le utlwalang la go dumela seo.

Go na le gore Baebele e akantshe gore go atlega le go palelwa ga rona go ikaegile ka dinaledi, e bolela sentle gore “le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Modimo o lebeletse gore mongwe le mongwe wa rona a sikare boikarabelo jwa se a se dirang ka gonne re batho ba ba kgonang go itlhophela se re batlang go se dira. (Duteronome 30:19, 20; Baroma 14:12) Gone ke boammaaruri gore re ka nna ra tlhagelwa ke kotsi kgotsa ra lwala ka ntlha ya dilo tse re sa kgoneng go di laola. Mme Dikwalo di tlhalosa gore masetlapelo a a ntseng jalo, a nna teng ka ntlha ya “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele,” e seng ka ntlha ya horosekoupo ya rona.—Moreri 9:11.

Fa Baebele e bua ka tsela e re tshwanetseng go dirisana le batho ba bangwe ka yone, e re kgothaletsa gore re lwele go nna le dinonofo tse di jaaka bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, bopelotelele le lorato. (Bakolosa 3:12-14) Dinonofo tseno ke tsone tse di ka re thusang go nna le botsalano jo bo nnelang ruri le tse di ka thusang go nonotsha manyalo a rona. “Go batla molekane yo o tshwanelang o dirisa tepodinaledi” ga se tsela e e molemo ya go tlhopha molekane wa lenyalo. Moithutatlhaloganyo e bong Bernard Silverman o ne a sekaseka dihorosekoupo tsa matsalo a banyalani ba ka nna 3 500, mme diperesente di le 17 tsa bone ba ile ba tlhalana. Ga a bona palo e e kwa tlase ya go tlhalana ga banyalani ba ba ileng ba nyalana le motho “yo ba ileng ba mmatla ba dirisa tepodinaledi.”

Ga go pelaelo gore tepodinaledi ga e ka ke ya ikanngwa e bile e a tsietsa. E tla dira gore re pege dinaledi molato go na le gore re ipone molato fa re dira diphoso. Mo godimo ga moo, Lefoko la Modimo le e kgala ka tlhamalalo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Go na le mefuta e le lesome le bobedi ya masagaripa a dinaledi a balepadinaledi ba lebang mokgwa o masagaripa ao a emeng ka one go tlhalosa gore a kaya eng.