Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mekgwa Mengwe e Mesha e e Dirisiwang go Fetlha Maatla a Motlakase ke Efe?

Mekgwa Mengwe e Mesha e e Dirisiwang go Fetlha Maatla a Motlakase ke Efe?

 Mekgwa Mengwe e Mesha e e Dirisiwang go Fetlha Maatla a Motlakase ke Efe?

PHEFO:

Batho ga ba bolo go dirisa maatla a phefo go tsamaisa dikepe, go dirisa ditshilo le go pompa metsi. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng tsa bosheng go dirisa phefo go fetlha maatla a motlakase e ile ya nna selo se se kgatlhegelwang thata mo lefatsheng lotlhe. Gone jaanong mo lefatsheng lotlhe, go dirisiwa mafetlho a maemo a a kwa godimo go fetlha maatla a motlakase ka tsela e e sa bakeng kgotlelo e bile a sa fele go naya batho ba le dimilione di le 35 motlakase. Denmark e setse e fetlha diperesente di le 20 tsa motlakase wa yone e dirisa phefo. Jeremane, Spain le India le tsone di simolola go dirisa phefo go fetlha maatla a tsone a motlakase, mme India e bolela gore e mo maemong a botlhano mo dinageng tsotlhe tsa lefatshe tse di dirisang phefo go fetlha motlakase wa tsone. Gone jaanong United States e dirisa mafetlho a le 13 000 go fetlha motlakase wa yone. Mme babatlisisi bangwe ba bolela gore fa go ne go ka tlhomiwa mafetlho mo mafelong otlhe a a tshwanelang kwa United States, naga eo e ka bo e dirisa phefo go fetlha diperesente di feta 20 tsa motlakase o e o dirisang.

LETSATSI:

Batho ba tlhamile didirisiwa tse di kgonang go monya marang a letsatsi tse di bidiwang di-photovoltaic cell. Didirisiwa tseno di kopanya marang a letsatsi le diileketerone tse di mo go tsone go dira motlakase. Mo lefatsheng lotlhe, go dirisiwa mokgwa ono go fetlha mo e ka nnang maatla a motlakase a a dirang di-watts di le dimilione di le 500, mme ngwaga le ngwaga go tlhokega diperesente tse dingwe di le 30 tsa didirisiwa tseno. Le fa go ntse jalo, gone jaanong didiriswa tseno ga di na maatla a a kalo, mme motlakase o o fetlhiwang ka tsone o a tura fa o bapisiwa le o o fetlhiwang go dirisiwa ditukisi. Mo godimo ga moo, go dirisiwa dikhemikale tse di botlhole tse di jaaka cadmium sulfide le gallium arsenide go dira didiriswa tseno. E re ka dikhemikale tseno di tsaya lobaka lo loleele gore di fele mo tikologong, makasine wa Bioscience o bolela gore “go latlhiwa le go dirwa sesha ga didirisiwa tseno fa di se na go onala go ka nna ga baka mathata a magolo.”

 MAATLA A MOTLAKASE A A FETLHWANG KA MOGOTE O O TSWANG KAFA TLASE GA LEFATSHE:

Fa motho a ne a ka epa mosima go ya go fitlha fela kwa garegare ga lefatshe, koo go fopholediwang gore mogote wa teng o fitlha go dikirii tsa celsius di le 4 000, kilometara nngwe le nngwe fa o ntse o ya kwa tlase themperetšha ya teng e tla nna e oketsega ka dikirii tsa celsius di le 30. Le fa go ntse jalo, batho ba ba nnang gaufi le metswedi e e pumpunyegang ka metsi a a fisang kgotsa gaufi le maphanyego a lekgwamolelo ba na le mogote o montsi o o tswang kafa tlase ga lefatshe. Metsi a a fisang kgotsa mowa o o fisang o o tswang kwa tlasetlase ga lefatshe o dirisiwa mo dinageng di le 58 go thuthafatsa magae kgotsa go fetlha motlakase. Mo e ka nnang halofo ya motlakase wa kwa Iceland o fetlhwa go dirisiwa mogote ono o o tswang kafa tlase ga lefatshe. Dinaga tse dingwe tse di jaaka Australia, di akanyetsa go dirisa maatla a a mo mafelong a magolo a a nang le maje a a mogote a a fitlhelwang dikilometara di se kae fela kafa tlase ga lefatshe. Makasine wa Australian Geographic o bega jaana: “Babatlisisi bangwe ba dumela gore fa re ne re ka pompela metsi kwa mafelong ano a a mogote go tswa foo a tlhatlogele kwa godimo a fisa e bile a tla ka maatla a a kwa godimo thata, re bo re dirisa metsi ao go dikolosa metšhine, re ka kgona go fetlha motlakase ka masomesome a dingwaga—kgotsa le e leng ka makgolokgolo a dingwaga.”

METSI:

Mafelo a a dirisang metsi go fetlha maatla a motlakase gone jaanong a fetlha diperesente di feta 6 tsa motlakase o o dirisiwang mo lefatsheng. Go ya ka pego ya makasine wa International Energy Outlook 2003, mo masomeng a mabedi a dingwaga a a latelang, ‘bontsi jwa metswedi ya maatla a motlakase o o sa feleng e tla bo e tswa mo go se se dirilweng kwa dinageng tse di tlhabologang tsa lefatshe gore go fetlhwe maatla a motlakase ka metsi, bogolo jang kwa dinageng tse di tlhabologang tsa Asia. Motlakase ono ke o o tlileng go dirisiwa ke batho ba le bantsi.’ Le fa go ntse jalo, makasine wa Bioscience o tlhagisa jaana: “Mafelo a go bolokelwang metsi mo go one gantsi a agiwa mo mafelong a a nang le mmu o o nonneng thata, o o ka kgonang go dirisetswa temo. Mo godimo ga moo, matamo a fetola tsela e dimela, diphologolo le ditshedinyana tse dinnye tse di mo tikologong di tshelang ka yone.”

 HAETEROJENE:

Haeterojene ke gase e e se nang mmala, e e se nang monko le e e kgonang go tuka mme ke elemente e e fitlhelwang ka bontsi thata mo lobopong. Mo lefatsheng, haeterojene ke karolo ya botlhokwa mo ditogweng tsa dimela le diphologolo, e fitlhelwa mo ditukising e bile go dirisiwa diatomo tse pedi tsa yone go dira metsi. Mo godimo ga moo, haeterojene ga e tshwane le ditukisi tse dingwe ka gonne yone fa e dirisiwa go ntsha maatla a motlakase ga e ntshe leswe le lentsi go le kalo e bile ga go sale sepe fa e se na go dirisiwa.

Makasine wa Science News Online o bolela gore ‘motlakase o kgona go kgaoganya metsi go nna haeterojene le okosejene.’ Le fa gone mokgwa ono o ka dira gore go dirwe haeterojene e ntsi thata, lokwalopaka lono lo bolela gore “mokgwa ono o go lebegang o le motlhofo go o dirisa o sa ntse o ja madi a mantsi.” Madirelo a setse a dira mo e ka nnang ditone di le dimilione di le 45 tsa haeterojene mo lefatsheng lotlhe, e e dirisediwang fela go dira menontsha le dilo tse di phepafatsang. Mme haeterojene eno fa e ntshiwa go dirisiwa mokgwa o o tlhokang gore go dirisiwe ditukisi—mokgwa o le one o dirang gore go nne le gase e e botlhole ya khabonomonokosaete le gase e e bakang go gotela ga mowa o o mo loaping e leng khabonetaeokosaete.

Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba akanya gore haeterojene ke gase e e ka dirisiwang ka tsela e e nang le matswela go feta mekgwa e mengwe ya go fetlha motlakase e e sa bakeng kgotlelo, mme e bile ba akanya gore mo isagweng e ka kgona go tlamela batho ka motlakase o ba o tlhokang. Se se dirang gore ba dumele jalo ke ka gonne ba bone dilo tse di sa tswang go dirwa bosheng jaana go tokafatsa sediriswa se se bidiwang fuel cell.

MAATLA A A FETLHWANG KA FUEL-CELL:

Fuel cell ke sediriswa se se fetlhang motlakase se dirisa haeterojene. Mo tiragalong eno go kopanngwa khemikale ya haeterojene le ya okosejene. Fa go dirisiwa haeterojene ka boyone, e seng setukisi se se nang le haeterojene e ntsi, dilo fela tse di tlileng go tswa fa haeterojene le okosejene di kopana e tla nna mogote le metsi.

Ka 1839, Sir William Grove, e bong moatlhodi wa Mofora le mankge wa tsa saense, o ne a tlhama fuel cell ya ntlha. Le fa go ntse jalo, go dira di-fuel cell go ne go tura e bile go ne go le thata go bona setukisi le dilo tse dingwe tse di tlhokegang go e dira. Ka gone, go dirwa ga fuel cell go ne ga emisiwa go fitlha mo bogareng jwa lekgolo la bo20 la dingwaga, fa di-fuel cell di ne di dirwa gape gore di dirisediwe go tsamaisa disutlhalefaufau tsa Amerika. Go sa ntse go dirisiwa di-fuel cell go tsamaisa disutlhalefaufau le gompieno, mme gone jaanong go sa ntse go tlhabololwa dilo tsa boranyane go dira gore di-fuel cell di kgone go dirisiwa le mo dilong tse di sa fofeng mo loaping.

Gompieno go dirwa di-fuel cell tse di tla dirisiwang mo boemong jwa enjene ya koloi, tse di tla fetlhang motlakase o o dirisiwang mo dikagong tsa kgwebo le mo magaeng le tse di tla dirisiwang mo dilwaneng tsa eleketeroniki, tse di jaaka difouno tsa selula le dikhomputara. Le fa go ntse jalo, ka nako ya fa go ne go kwalwa setlhogo seno, motlakase o o fetlhiwang mo diteisheneng tse di dirisang di-fuel cell o tura go menagane ganè go feta o o fetlhiwang ka ditukisi. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go dirisiwa dimilione di le diketekete tsa diranta go dira didiriswa tseno tse disha tsa boranyane.

Ga go na ope yo o ka ganetsang gore go dirisa mekgwa ya go fetlha maatla a motlakase e e sa bakeng kgotlelo go tla nna mosola thata mo tikologong. Le fa go ntse jalo, go dirisa mekgwa eno gore batho ba le bantsi ba bone maatla a motlakase go tlile go tlhoka madi a mantsi thata. Pego ya makasine wa IEO2003 ya re: “Maatla a le mantsi a motlakase a a tla bong a dirisiwa mo nakong e e tlang . . . go lebeletswe gore a tla bo a fetlhwa go dirisiwa ditukisi (tse di tshwanang le oli, gase ya tlholego le magala) ka gonne go dumelwa gore ditlhwatlhwa tsa tsone di tlile go nna di le kwa tlase, mme madi a a tla dirisiwang go fetlha maatla a motlakase go dirisiwa mekgwa e mengwe a tlile go nna a ntse a le kwa godimo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Koloi e e dirisang “fuel cell,” 2004

[Motswedi wa Setshwantsho]

Mercedes-Benz USA

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

DOE Photo