Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgatelopele e e Dirilweng go Lwantsha AIDS

Kgatelopele e e Dirilweng go Lwantsha AIDS

 Kgatelopele e e Dirilweng go Lwantsha AIDS

Dr. Gerald J. Stine mo bukeng ya gagwe ya AIDS Update 2003, o kwadile jaana: “Ga go ise go ke go direge mo hisitoring ya batho gore go dirwe dipatlisiso tse dintsi jaana ka bolwetse jo bo raraaneng thata mo lobakeng lo lo khutshwane jaana.” O bolela gape gore “dipatlisiso tse di dirilweng ka HIV/AIDS ke selo se segolo se saense e se fitlheletseng.” Ke eng se se fitlheletsweng?

KITSO ya gompieno ya tsa kalafi le botswerere jwa teng di thusitse babatlisisi gore ba dire diokobatsi tse di thusang batho ba ba nang le HIV go nna le tsholofelo. Mo godimo ga moo, dithulaganyo tsa go ruta batho ka AIDS di ile tsa nna le matswela mo dinageng di le mmalwa. A mme go atlega ga maiteko ano go bontsha gore bolwetse jono jo bo bolayang bo tla fedisiwa? A maiteko a a dirwang gone jaanong mo go tsa saense le mo thutong a ka emisa go anama ga AIDS? Akanya ka se se latelang.

Kalafi ya Diokobatsi

Setlhogo se segolo sa makasine wa Time wa September 29, 1986, se ne se re: “Tsholofelonyana Malebana le go Lwantshiwa ga Aids.” “Tsholofelonyana” eno e ile ya nna gone ka ntlha ya ditekeletso tsa kalafi tse di neng tsa dirwa mo balwetseng go dirisiwa azidothymidine (AZT), seokobatsi sa antiretroviral (seokobatsi se se thibelang baerase eno go ata ka bonako) se se alafang HIV. Se se gakgamatsang ke gore balwetse ba HIV ba ba neng ba nwa AZT ba ne ba tshela lobaka lo loleelenyana. Fa e sa le go tloga ka nako eo, diokobatsi tsa antiretroviral (ARVs) di ile tsa lelefatsa botshelo jwa batho ba le dikete di le makgolokgolo. (Bona lebokoso le le reng “Di-antiretroviral ke Eng?” mo go tsebe 7.) Ba atlegile go le kana kang mo go alafeng HIV?

Le fa gone go ne go itumetswe thata fa go ne go ribololwa AZT, makasine wa Time o ne wa bega gore babatlisisi ba AIDS “ba ne ba dumela gore AZT e ne e se yone kalafi ya konokono ya AIDS.” Ba ne ba nepile. Batho bangwe ba ne ba tsenwa ke malwetse a mangwe a a bakwang ke go dirisa diokobatsi tsa AZT, mme ka ntlha ya seo go ne ga dirwa diokobatsi tse dingwe tsa ARV. Moragonyana, mokgatlho wa Food and Drug Administration wa United States o ne wa dumela gore go kopanngwe diokobatsi di le mmalwa tsa ARV go thusa balwetse ba ba setseng ba na le lobaka lo loleele ba na le HIV. Kalafi e mo go yone go dirisiwang diokobatsi di le mmalwa di kopane, e molwetse a nwang dipilisi tsa antiretroviral di le tharo kgotsa go feta, e ne ya amogelwa ka boitumelo ke badiri ba tsa kalafi ya AIDS. Tota e bile, kwa kokoanong nngwe ya ditšhabatšhaba e e neng ya tshwarwa ka 1996 malebana le AIDS, ngaka nngwe e ne ya bolela gore diokobatsi tseno di ka nna tsa kgona go fedisa HIV gotlhelele mo mmeleng!

Se se utlwisang botlhoko ke gore mo lobakeng lwa ngwaga fela ke fa go setse go itshupa gore tota le fa motho a nwa diokobatsi tseno tse tharo ka tsela e e tshwanetseng seo ga se kitla se fedisa HIV. Le fa go ntse jalo, pego e e neng ya ntshiwa ke UNAIDS e  bolela gore “go nwa diokobatsi tse di kopantsweng tsa ARV go thusitse batho ba ba nang le HIV go tshela lobaka lo loleelenyana, ba itekanetse e bile ba tshela fela jaaka batho ba bangwe.” Ka sekai, kwa United States le Yuropa, go dirisiwa ga ARV go fokoditse dintsho tse di bakwang ke AIDS ka mo e ka nnang diperesente di feta 70. Mo godimo ga moo, dipatlisiso di le mmalwa di ile tsa bontsha gore go dirisa dipilisi tse di rileng tsa ARV go ka thusa thata go fokotsa go fetela ga HIV ya mosadi yo o imileng mo ngwaneng wa gagwe.

Le fa go ntse jalo, dimilionemilione tsa balwetse ba ba nang le HIV ga di newe dipilisi tsa ARV. Ka ntlha yang?

“Bolwetse jo Gantsi bo Tlhaselang Bahumanegi”

Kalafi ya ARV e dirisiwa thata mo dinageng tse di humileng. Le fa go ntse jalo, World Health Organization (WHO) e fopholetsa gore mo dinageng dingwe tse di sa ntseng di tlhabologa, ke diperesente di le 5 fela tsa batho ba ba tlhokang kalafi ya ARV ba go kgonegang gore ba e bone. Baemedi ba United Nations ba ile ba bo ba tlhalosa tsela eno ya go se alafe batho ka tsela e e lekalekanang ba re ke “tshiamololo e e maswe thata” le “tlolomolao e e maswe thata e e dirwang mo lefatsheng gompieno.”

Bothata jwa go se newe kalafi ka go lekalekana bo teng le mo baaging ba ba nnang mo nageng e le nngwe. The Globe and Mail e bega gore mo bathong ba le 3 kwa Canada ba ba bolawang ke AIDS, a le 1 mo go bone o swa a ise a ko a newe kalafi ya ARV. Le fa gone diokobatsi tseno di newa batho mahala kwa Canada, go na le batho bangwe ba ba sa di neweng. Globe e bolela gore “batho ba ba sa neweng kalafi e e tshwanetseng ke ba ba tlhokang thata: batho ba ba tlholegang mo Canada, basadi le batho ba ba humanegileng.” The Guardian e ne ya nopola mmè mongwe wa Moafrika yo o nang le HIV a bolela jaana: “Ga ke tlhaloganye. Ke ka ntlha yang fa banna bano ba makgoa ba ba robalang le banna ba bangwe ba tshwanetse go fiwa kalafi gore ba tshele lobakanyana mme nna ke tshwanetse go swa?” Karabo ya potso ya gagwe e akaretsa madi a a dirisiwang go dira diokobatsi tseno le go di anamisa.

Gantsi madi a a tlhokegang mo kalafing eno ya go dirisa diokobatsi di le tharo tsa ARV kwa United States le Yuropa ke diranta tse di fa gare ga 63 000 le 94 000 ka ngwaga. Le mororo dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa di tle di newe diokobatsi tsa maemo a a kwa tlase ka madi a a kana ka diranta di le 1 400 kgotsa kwa tlase ga moo ka ngwaga, go sa ntse go na le batho ba le bantsi ba ba nang le HIV ba ba palelwang ke go di reka mme ba nna mo mafelong a diokobatsi tseno tsa ARV di tlhokegang thata mo go one. Dr. Stine o sobokanya kgang eno ka go bolela jaana: “AIDS ke bolwetse jo gantsi bo tlhaselang bahumanegi.”

Kgwebo ya go Dira Diokobatsi

Go dira diokobatsi tseno tsa maemo a a kwa tlase le go di rekisa ka tlhwatlhwa e e kwa tlase ga go motlhofo. Melao e e gagametseng e e laolang go dirwa ga diokobatsi mo dinageng di le dintsi e thibela go dirwa go go seng kafa molaong ga diokobatsi tsa mmatota. Mookamedi mongwe wa khampani e kgolo ya diokobatsi o ne a re: “Selo se segolo se go lowang ka sone fano ke madi.” Go dira diokobatsi tsa maemo a a kwa tlase le go di rekisetsa dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa o di rekisetsa go bona poelo, “ke go tsietsa batho ba ba ribolotseng diokobatsi tseno.” Dikhampani tse di dirang diokobatsi tsa mmatota le tsone di bolela gore go fokotsa dipoelo go dira gore go se ka ga nna le madi a a lekaneng go dira dipatlisiso le go dira diokobatsi tse dingwe. Ba bangwe ba tshwenyegile ka gore diokobatsi tsa ARV tse di jang madi a mannye tse di diretsweng dinaga tse di sa ntseng di tlhabologa di ka nna tsa feleletsa di rekisiwa ka bokhukhuntshwane kwa dinageng tse di tlhabologileng.

Batho ba ba buelelang gore diokobatsi tsa ARV di rekisiwe ka madi a a kwa tlase bone ba re go a kgonega go dira diokobatsi tse disha ka madi a a kwa tlase ka diperesente di le 5 go ya go 10 go na le a madirelo a  a dirang diokobatsi a bolelang gore a a dirisiwa. Gape ba bolela gore go bonala dikhampani tse di ikemetseng ka nosi tsa diokobatsi di sa batlisise ka malwetse a a tlhasetseng dinaga tse di humanegileng le go dira diokobatsi tsa go a alafa. Ka gone, Daniel Berman, yo e leng motsamaisi wa letsholo la go Thusa Batho go Bona Melemo E ba E Tlhokang o bolela jaana: “Gore go dirwe diokobatsi tse disha go tshwanetse ga nna le thulaganyo e e tla tshegediwang mo dinageng tse di farologaneng e e tla fokotsang ditlhwatlhwa tsa diokobatsi tseno gore batho ba ba mo dinageng tse di tlhabologang ba kgone go di reka.”

Fa WHO e ne e tsibogela go tlhokega ga kalafi ya ARV mo lefatsheng lotlhe, e ile ya ipeela mokgele wa gore fa ngwaga wa 2005 o ya bokhutlong e bo e setse e abetse dimilione tse tharo tsa batho ba ba nang le HIV/AIDS diokobatsi tsa ARV. Nathan Ford wa Médecins Sans Frontières o tlhagisa ka gore seno “ga ya tshwanela go nna selo se sengwe se UN e tla palelwang ke go se diragatsa. Ke halofo fela ya palo eno ya batho ba ba nang le HIV/AIDS e go fopholediwang gore e tlhoka kalafi gompieno mme palo eno e tla oketsega thata [fa ngwaga wa 2005 o goroga].”

Mathata a Mangwe

Tota le fa go ne go kgonega go naya dinaga tse di tlhabologang diokobatsi tse di lekaneng tsa ARV, go na le mathata a mangwe a a tla tshwanelwang ke go rarabololwa. Diokobatsi dingwe di tlhoka gore motho a bo a na le dijo le metsi a a phepa gore a di nwe, mme batho ba le dikete di le makgolokgolo mo dinageng dingwe ba kgona go bona dijo morago ga malatsi a le mabedi. Diokobatsi tsa ARV (gantsi go nowa dipilisi di le 20 kgotsa go feta ka letsatsi) di tshwanetse tsa nowa ka nako e e rileng letsatsi le letsatsi, mme balwetse ba le bantsi ga ba na tshupanako. Diokobatsi tse o di nwang di le mmalwa ka nako e le nngwe di tshwanetse tsa nna di fetofetolwa go ya ka boemo jwa molwetse. Mme mo dinageng di le dintsi dingaka di tlhaela fela thata. Go bonala sentle gore go dirisiwa ga kalafi ya ARV mo dinageng tse di tlhabologang e tlile go nna bothata jo go seng motlhofo go bo rarabolola.

Tota le balwetse ba dinaga tse di tlhabologileng le bone ba amiwa ke mathata a a bakwang ke kalafi e mo go yone ba nwang dipilisi di le mmalwa ka nako e le nngwe. Dipatlisiso di bontsha gore go tlwaelegile gore batho ba se ka ba nwa dipilisi tsotlhe tse ba di neilweng ke ngaka ka nako e ba boleletsweng gore ba di nwe ka yone. Seno se ka dira gore diokobatsi di palelwe ke baerase ya HIV. Dibaerase tse di ntseng jalo tse di palelang diokobatsi di kgona go fetela mo bathong ba bangwe.

 Dr. Stine o bolela gape ka bothata jo bongwe jo balwetse ba HIV ba lebaneng le jone. A re: “Selo se se gakgamatsang fa o alafa HIV ke gore ka dinako tse dingwe mekgwa ya go e alafa ke yone e utlwisang botlhoko go feta bolwetse ka bojone, segolo jang fa o simolola go e alafa pele ga matshwao a yone a itshupa.” Balwetse ba ba alafiwang HIV go dirisiwa diokobatsi tsa ARV gantsi ba nna le mathata a mangwe a a bakwang ke diokobatsi tseno a a akaretsang sukiri, go anama ga mafura mo mmeleng, kholeseterole e ntsi le go koafala ga marapo. Mangwe a mathata ano a a bakwang ke diokobatsi a ka nna a bolaya motho.

Maiteko A go E Thibela

Go ile ga nna le katlego e e kana kang mo maitekong a go dira gore AIDS e se ka ya anama ka bonako le mo go fokotseng mekgwa e e dirang gore batho ba tshwaediwe ke HIV? Letsholo le legolo la go ruta batho ka AIDS kwa Uganda ka dingwaga tsa bo1990 le ile la fokotsa go ata ga HIV mo nageng eo go tswa go diperesente di le 14 go ya go di le 8 ka 2000. Ka tsela e e tshwanang, maiteko a Senegal e neng ya a dira go itsise baagi ba yone ka dilo tse di dirang gore batho ba tshwaediwe ke HIV a ile a thusa naga eo gore e nne e ntse e na le peresente e le nngwe ya go anama ga HIV mo bathong ba ba godileng. Matswela a a ntseng jalo a kgothatsa tota.

Kafa letlhakoreng le lengwe, go rutiwa ga batho ka AIDS ga go a ka ga atlega go le kalo mo dinageng tse dingwe. Patlisiso e e neng ya dirwa ka 2002 mo basheng ba kwa Canada ba le 11 000 e ne ya bontsha gore diperesente di le 50 tsa baithuti ba ba mo ngwageng wa bone wa ntlha mo sekolong se segolo ba ne ba dumela gore AIDS e ka fodisiwa. Go ya ka patlisiso ya kwa Boritane e e neng ya dirwa gone mo ngwageng oo, diperesente di le 42 tsa basimane ba dingwaga tse di fa gare ga 10 le 11 ba ne ba ise ba utlwele ka HIV kgotsa AIDS. Le fa go ntse jalo, tota le basha ba ba itseng kaga HIV le AIDS le gore ga e kgone go alafega ga ba tlhole ba itshwenya ka gone. Ngaka nngwe e ne ya re: “Basha ba le bantsi ba setse ba tsaya HIV e le nngwe ya mathata a le mantsi a ba nang le one mo botshelong, a a jaaka gore a ba tla kgona go bona sengwe sa go ja, ba tlile go nna le mang le gore a ba tla ya sekolong.”

Ka gone ga go gakgamatse go bo WHO e bolela gore “go tlhoma mogopolo mo basheng go bonala e le yone tsela e e ka nnang le matswela go gaisa mo go lwantsheng bolwetse jono, segolobogolo mo dinageng tse bo anameng thata mo go tsone.” Basha ba ka thusiwa jang gore ba dirise ditlhagiso tse ba di newang malebana le AIDS? A mme go a utlwala go lebelela gore e tla alafiwa?

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Mo ngwageng o o fetileng, diperesente di le 2 tsa batho ba ba mo Afrika ba ba tlhokang kalafi ya ARV ba ile ba e newa, fa go bapisiwa le diperesente di le 84 tsa kwa dinageng tsa Amerika

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Di-antiretroviral ke Eng? *

Mo mothong yo o itekanetseng, disele tsa helper T ke tsone di tsibosang thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse gore e a lwantshe. HIV e tlhasela thata tsone disele tseno tsa helper T. E dirisa disele gore e kgone go ata, e bo e koafatsa le go senya disele tsa helper T go fitlhelela thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse e nna bokoa fela thata. Diokobatsi tsa antiretroviral di kgoreletsana le go ata ga HIV.

Go tla go fitlha jaanong, go dirisiwa mefuta ya konokono e le menè ya di-antiretroviral. Diokobatsi tsa nucleoside analogues le non-nucleoside analogues di thibela HIV gore e se ka ya tsenelela mo teng ga DNA ya motho. Protease inhibitors tsone di thibela di-enzyme tse di rileng tsa protease tse di mo diseleng tse di nang le HIV gore di se ka tsa atisa baerase ya HIV. Fusion inhibitors tsone di thibela HIV gore e se ka ya tsena mo teng ga disele. Fa di-antiretroviral di emelana le go ata ga HIV, di kgona go dira gore HIV e se ka ya ata ka bonako e bo e nna AIDS, e leng kgato ya bofelo ya bolwetse jwa HIV e e bolayang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 28 Ga se batho botlhe ba ba nang le HIV ba ba fiwang diokobatsi tsa antiretroviral. Batho ba ba nang le HIV kgotsa ba ba akanyang gore ba ka tswa ba na le yone ba tshwanetse go bona ngaka pele ga ba ka simolola kalafi epe fela ya HIV. Tsogang! ga e buelele mofuta ope wa kalafi.

 [Setshwantsho]

KENYA—Ngaka e ruta molwetse wa AIDS ka kalafi ya ARV

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Sven Torfinn/Panos Pictures

[Setshwantsho]

KENYA—Molwetse wa AIDS o newa melemo ya gagwe ya ARV kwa bookelong

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Sven Torfinn/Panos Pictures

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 8]

Basadi le AIDS

Gone jaanong diperesente di le 50 tsa batho ba ba godileng ba ba nang le HIV/AIDS ke basadi

Ka 1982, e ne e re fa basadi ba tlhatlhobiwa go bo go fitlhelwa ba na le AIDS, go ne go akanngwa gore ba tshwanetse ba bo ba nnile le yone ka ntlha ya go tsenngwa diokobatsi mo mmeleng ka go tlhabiwa lomao. Moragonyana go ne ga lemogiwa gore basadi ba ka kgona go nna le yone ka tlhakanelodikobo le gore ke bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing ya go nna le HIV. Gone jaanong mo lefatsheng lotlhe diperesente di le 50 tsa batho ba ba godileng ba ba nang le HIV/AIDS ke basadi. UNAIDS e bega gore “bothata jono gantsi bo ama thata basadi le basetsana ba ba mo dingwageng tsa bolesome ba ba sa tshwarweng sentle mo setšhabeng, ba sa tshwarwe sentle ke batho ba gabone, ba ba sa kgoneng go iphemela, ba ba tlhokang madi le ba ba nang le boikarabelo jwa go tlhokomela mongwe yo o lwalang kgotsa yo o tlogang a swa.”

Ke ka ntlha yang fa go anama ga bolwetse jono mo basading e le selo se segolo se se tshwenyang badiri ba tsa kalafi ya AIDS? Basadi ba ba nang le HIV gantsi ke bone ba kgethololwang thata go gaisa banna, segolobogolo mo dinageng dingwe tse di tlhabologang. Fa mosadi a le moimana, ngwana wa gagwe le ene o tlile go lwala; fa e le gore o setse a na le bana, a ka nna le mathata a go ba tlhokomela, segolobogolo fa e le mmè yo o sa nyalwang. Mo godimo ga moo, ga go ise go itsiwe go le kalo ka dilo tse di amang basadi ba ba nang le HIV le tsela ya go ba tlhokomela.

Dilo dingwe tse di amanang le setso le tsone di ka dira gore basadi e nne bone ba segolobogolo ba leng mo kotsing. Mo dinageng di le dintsi ga go a lebelelwa gore basadi ba bue ka tlhakanelodikobo, mme ba ka nna ba sotliwa fa ba gana go tlhakanela dikobo. Go tlwaelegile gore banna ba nne le basadi ba le bantsi mme ba fetisetse HIV mo go bone go sa itsege. Banna bangwe ba Ba-Afrika ba tlhakanela dikobo le basetsana ba ba iseng ba robale le banna gore ba se ka ba nna le HIV kgotsa ka ntlha ya tumelo e e phoso ya gore go tlhakanela dikobo le mosetsana yo o iseng a robale le monna go fodisa AIDS. Ga go gakgamatse go bo WHO e bolela jaana: “Banna ba tshwanetse go thusiwa (mmogo le basadi) gore go sirelediwe basadi.”

[Setshwantsho]

PERU—Mmè yo o nang le HIV le morwadie yo ene a se nang HIV

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Annie Bungeroth/Panos Pictures

[Setshwantsho]

THAILAND—Baithuti ba etela molwetse yo o nang le AIDS e le karolo ya go rutiwa ga bone ka bolwetse jono

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Ian Teh/Panos Pictures

[Setshwantsho]

KENYA—Pokano ya maloko a mokgatlho wa Women Living With AIDS

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Sven Torfinn/Panos Pictures

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 9]

Dikgopolo Tse di Phoso Malebana le AIDS

Motho yo o nang le HIV o a bonala gore o a lwala. Dr. Gerald J. Stine a re: “Gantsi go tsaya mo e ka nnang dingwaga di le 10 go ya go 12 gore motho yo o nang le HIV a feleletse a na le AIDS. Mo nakong eno, batho ba ba nang le HIV ga ba na go bonala motlhofo jalo gore ba na le yone, mme gone ba kgona go e fetisetsa mo bathong ba bangwe.”

AIDS ke bolwetse jo bo tshwarang batho ba ba robalanang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Mo masimologong a dingwaga tsa bo1980, AIDS e ne e tsewa e le bolwetse jwa batho ba ba robalang le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa bone. Le fa go ntse jalo, gompieno go tlhakanela dikobo le motho wa bong bo sele ke gone selo sa konokono se se anamisang HIV mo dinageng di le dintsi.

Go tlhakanela dikobo ka molomo “ga go kotsi.” Go ya ka Centers for Disease Control and Prevention, “dipatlisiso di le dintsi di ile tsa bontsha gore go tlhakanela dikobo ka molomo go ka fetisetsa HIV le malwetse a mangwe a fetisiwang ka tlhakanelodikobo mo mothong yo mongwe.” Ga go direge thata jalo gore HIV e fetele mo mothong yo mongwe ka ntlha ya go tlhakanela dikobo ka molomo jaaka fa go ntse ka ditsela tse dingwe tse go tlhakanelwang dikobo ka tsone. Le fa go ntse jalo, mokgwa ono o atile thata mo e leng gore dingaka di lebeletse gore e tla nna one tsela ya konokono ya go anamisa HIV.

AIDS e ka kgona go alafiwa. Le fa gone kalafi ya antiretroviral e ka dira gore HIV e se ka ya gola ka bonako go nna AIDS mo balwetseng bangwe, gone jaanong ga e na moento ope kgotsa kalafi.

[Setshwantsho]

CZECH REPUBLIC—Go tlhatlhobiwa ga madi go bona gore a a na le AIDS, e gone jaanong e kgonang go okobadiwa mme go sa kgonege go e fodisa

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Liba Taylor/Panos Pictures

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

ZAMBIA—Basetsana ba babedi ba ba nang le HIV ba emetse melemo ya bone

[Motswedi wa Setshwantsho]

© Pep Bonet/Panos Pictures